Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KAFA NTLE | PUSO E E SE NANG BONWEENWEE

Bogosi Jwa Modimo—Puso E e Se Nang Bonweenwee

Bogosi Jwa Modimo—Puso E e Se Nang Bonweenwee

“Boammaaruri ke gore, badiredibagolo ba puso le bone ke batho jaaka rona.” Mafoko ano a builwe ke motshwaramatlotlo wa kwa Nicaragua fa a ne a tlhalosa kafa go leng thata ka gone go fedisa bonweenwee mo pusong.

A ga o dumalane gore fa setšhaba se dira bonweenwee, puso le yone e tla dira bonweenwee? Fa go le jalo, go raya gore go tlhokega puso e nngwe e e seng ya batho e e se nang bonweenwee. Baebele e bua ka puso e e ntseng jalo—Bogosi Jwa Modimo e leng puso e Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe go e rapelela.—Mathaio 6:9, 10.

Bogosi Jwa Modimo ke puso ya mmatota e e busang kwa legodimong. E tla emisetsa dipuso tsotlhe tsa batho. (Pesalema 2:8, 9; Tshenolo 16:14; 19:19-21) Sengwe sa dilo tse Bogosi bo tla se direlang batho ke go fedisa bonweenwee mo pusong. Bona dilo tse thataro tse di re tlhomamisetsang gore Bogosi bo tla kgona go dira seo.

1. TAOLO

BOTHATA: Dipuso tsa batho di bona madi mo baaging, gantsi ka makgetho. Madi ano a mantsi a raela badiredibagolo bangwe gore ba a utswe, mme ba bangwe ba amogela pipamolomo mo bathong ba ba batlang go fokolediwa lekgetho kgotsa madi a ba tshwanetseng go a duela puso. Seno se nna le diphelelo tse di botlhoko—puso e oketsa makgetho go duela ditshenyegelo tseo, mme seno se dira gore bonweenwee bo tswelele. Ka jalo, seno se ka ama thata batho ba ba ikanyegang.

THARABOLOLO: Bogosi Jwa Modimo bo bona taolo mo Modimo Mothatayotlhe, Jehofa. * (Tshenolo 11: 15) Gore bo tswelele, ga bo tlhoke makgetho. Go na le moo, “nonofo e kgolo” ya Modimo le bopelotshweu jwa gagwe jo bo se nang bogagapa bo re tlhomamisetsa gore Bogosi bo tla naya babusiwa ba jone dilo tse ba di tlhokang.—Isaia 40:26; Pesalema 145:16.

2. MMUSI

BOTHATA: Susan Rose-Ackerman yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng o ne a lemoga gore maiteko a go fedisa bonweenwee “a tshwanetse go simologa kwa badiredibagolong.” Batho ga ba kgone go ikanya dipuso ka gonne di leka go fedisa bonweenwee mo mapodiseng kgotsa mo badireding ba maemo a a kwa tlase mme di bo letlelela mo badiredibagolong. Tota mmusi yo o molemo le ene o dira diphoso. Fela jaaka Baebele e bolela, “ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.”—Moreri 7:20.

Jesu o ne a gana pipamolomo e a neng a e solofediwa

THARABOLOLO: Go farologana le batho ba ba nang le boleo, Jesu Keresete, yo Modimo a mo tlhomileng go nna Mmusi wa Bogosi, a ka se raelesege go dira se se sa siamang. Jesu o ne a bontsha seo ka go gana pipamolomo e e seng kana ka sepe e a neng a e solofediwa—“magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” Jesu o ne a tla newa seno fa a ne a ka dira tiro e le nngwe fela ya go obamela mmusi wa lefatshe e bong Diabolo. (Mathaio 4:8-10; Johane 14:30) Tota le fa Jesu a ne a tlhokofadiwa gore a swe, o ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo a neng a gana seokobatsi se se neng se tla fokotsa botlhoko mme se ne se ka dira gore a se ka a kgona go nna a thantse. (Mathaio 27:34) E re ka jaanong Modimo a tsositse Jesu gore a tshele kwa legodimong, Jesu o itshupile a tshwanelega go nna mmusi mo Bogosing.—Bafilipi 2:8-11.

3. GO TLHOMAMA

BOTHATA: Mo dinageng tse dintsi ditlhopho di tshwarwa gangwe le gape ka boikaelelo jwa go tlosa badiredibagolo ba ba dirang bonweenwee. Boammaaruri ke gore, le mo dinageng tse di tlhabologileng go dirwa bonweenwee ka nako ya matsholo le ya ditlhopho. Bahumi ba ka dirisa madi a a bonweng mo matsholong le mo dilong tse dingwe go tshegetsa badiredibagolo ba ba busang ka nako eo kgotsa ba mo isagweng.

Justice John Paul Stevens wa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya mo United States o ne a kwala gore tlhotlheletso eo e ka dira gore “go tlolwe melao le gore batho ba se tlhole ba ikanya Puso.” Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi mo lefatsheng lotlhe ba re mekgatlho ya dipolotiki ke sengwe sa ditheo tse di dirang bonweenwee go gaisa tsotlhe.

THARABOLOLO: Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa bonweenwee jo bo dirwang mo matsholong kgotsa mo ditlhophong ka gonne e le puso e e tlhomameng le e e nnelang ruri. (Daniele 7:13, 14) E re ka Mmusi wa Bogosi a tlhophiwa ke Modimo, Bogosi ga bo a ikaega ka ditlhopho tsa batho e bile bo ka se ka jwa  tlosiwa ke batho. Tsela e bo tlhomameng ka yone e tlhomamisa gore se bo se dirang ka metlha se tla solegela babusiwa ba jone molemo ka lobaka lo loleele.

4. MELAO

Bogosi Jwa Modimo ke puso ya mmatota e e busang kwa legodimong

BOTHATA: Kwa tshimologong o ka akanya gore go tlhoma melao e mesha go ka tokafatsa maemo. Le fa go ntse jalo, baitse ba lemogile gore mo maemong a le mantsi, go oketsega ga melao go oketsa bonweenwee. Mo godimo ga moo, gantsi melao e e dirwang ka boikaelelo jwa go fokotsa bonweenwee ga e thuse ka sepe.

THARABOLOLO: Melao ya Bogosi Jwa Modimo e gaisa ya dipuso tsa batho kgakala. Ka sekai, go na le gore Jesu a dire lenaane le leleele la melao, o ne a naya batho molao wa kafa ba ka dirisanang ka gone. O ne a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) E bile selo sa botlhokwa se melao ya Bogosi e se gatelelang ke maitlhomo a batho le se ba se dirang. Jesu o ne a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Ke boammaaruri gore, Modimo yo o kgonang go bona dipelo a ka tlhoma melao e e ntseng jalo.—1 Samuele 16:7.

5. TLHOTLHELETSO

BOTHATA: Bonweenwee bo bakwa ke bogagapa le go batla go itsholegela molemo. Gantsi mekgwa eno e bonala mo badiredibagolong le mo baaging. Mo kgannyeng ya lebenkele le le gosomaneng kwa Seoul le le umakilweng mo setlhogong se se fetileng, balaodi ba ne ba tsaya pipamolomo ya boradikonteraka le fa ba ne ba itse gore e ne e tla dira gore go dirisiwe dilwana tsa go aga tse di sa siamang le mekgwa e e sa babalesegang ya kago.

Ka jalo, gore bonweenwee bo fele, batho ba tshwanetse go rutiwa go fenya tlhotlheletso e e bosula e e jaaka bogagapa le bopelotshetlha. Le fa go ntse jalo, dipuso tsa batho ga di eletse e bile ga di kgone go tlhoma thulaganyo e e ntseng jalo ya go ruta batho.

 THARABOLOLO: Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa bonweenwee gotlhelele ka go ruta batho kafa ba ka fenyang tlhotlheletso e e sa siamang e e bo bakang. * Thuto eno e ba thusa gore ba “dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo [wa bone].” (Baefeso 4:23) Ba ithuta go kgotsofala le go kgatlhegela batho ba bangwe go na le go nna bogagapa le go batla go itsholegela molemo.—Bafilipi 2:4; 1 Timotheo 6:6.

6. BABUSIWA

BOTHATA: Le fa go na le puso e e molemo le thuto ka boitsholo, batho bangwe ba tlhopha go sa ikanyege le go dira bonweenwee. Baitse ba re seno ke sone se se dirang gore dipuso tsa batho di palelwe ke go fedisa bonweenwee. Dipuso di na le tsholofelo ya gore di ka fokotsa bonweenwee le tshenyo e bo e bakang.

THARABOLOLO: Mokgatlho wa United Nations Convention Against Corruption wa re dipuso di ka fedisa bonweenwee ka go rotloetsa “boikanyegi le go dira dilo ka maikarabelo.” Le fa seo e le selo se se molemo, Bogosi Jwa Modimo ga bo rotloetse batho go nna le dinonofo tseno fela—bo lebeletse gore babusiwa ba jone ba nne le tsone. Baebele ya re “batho ba ba bogagaru” le “baaki” ba ka se rue Bogosi.—1 Bakorintha 6:9-11; Tshenolo 21:8.

Batho ba ka kgona go tshela ka melao eno ya boitsholo ya maemo a a kwa godimo jaaka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira. Ka sekai, fa morutwa mongwe yo o bidiwang Simone a ne a leka go reka moya o o boitshepo mo baaposetoloing, ba ne ba gana pipamolomo eo mme ba mo raya ba re: “Ikwatlhaele bosula jono jwa gago.” Fa Simone a sena go lemoga kotsi ya keletso ya gagwe e e sa siamang, o ne a kopa baaposetoloi gore ba mo rapelele gore a fenye mokgwa oo.—Ditiro 8:18-24.

KAFA O KA BUSIWANG KE BOGOSI KA GONE

Le fa o ka tswa o le wa lotso lofe, o na le tshono ya go busiwa ke Bogosi Jwa Modimo. (Ditiro 10:34, 35) Thulaganyo ya go ithuta ka Bogosi—e e leng teng mo lefatsheng lotlhe—e tla go bontsha gore seo se ka kgonega jang. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go bontsha kafa thuto ya legae ya Baebele e e tsayang metsotso e ka nna lesome beke le beke e tshwarwang ka gone. Mo godimo ga moo, o ka ithuta mo go oketsegileng ka “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo,” le kafa bo tla fedisang bonweenwee jwa puso ka gone. (Luke 4:43) Re go laletsa gore o ikgolaganye le Basupi ba mo lefelong la lona kgotsa o tsene mo Web site ya rona ya jw.org/tn.

A o ka rata go tshwarelwa thuto ya legae ya Baebele?

^ ser. 8 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.

^ ser. 22 Ka sekai, bona setlhogo se se reng “A go A Kgonega go Ikanyega mo Lefatsheng le le Tletseng Bonweenwee?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 1, 2012.