Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Tlhaelang mo Ditshwantshong Tseno?

Bala Diane 18:10 le 26:17. Jaanong leba ditshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e ka fa tlase. Feleletsa ditshwantsho ka go tshwaraganya dikhutlo mme o bo o di tsenya mebala.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

[Diagrams]

(Leba kgatiso)

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

O ithuta eng mo ditemaneng tseno? A go itse fela leina la Modimo go lekane gore a go amogele?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Pesalema 91:2; Diane 3:5, 6.

Ke eng fa go le botlhale gore o se ka wa itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Bagalatia 6:5-7; 1 Bathesalonika 4:11; 1 Petere 4:15.

Go tswa foo, bala Diane 26:18, 19. A go dira metlae ka batho ba bangwe ke go itshamekela fela go go seng kotsi?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Diane 14:13; 15:21; Mathaio 7:12.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Balang Diane 31:10-31 mmogo. Dirang gore mongwe mo lelapeng, a sa bue sepe, a bontshe dingwe tsa ditiro tse mosadi yo o nang le bokgoni a di dirang tse di tlhalosiwang foo. Ba bangwe mo lelapeng ba tshwanetse go leka go fopholetsa gore ditiro tseo ke eng. Tlotlang ka gore ke ditiro dife tse lo ka ithutang go di dira gore lo nne le bokgoni le go feta.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 10 SOLOMONE

DIPOTSO

A. Solomone ga a ka a rapelela dikhumo kgotsa go tshela dingwaga di le dintsi mme o ne a rapelela eng?

B. Tlatsa diphatlha tseno. Solomone o ne a kgona go bua diane di le ․․․․․ mme dipina tsa gagwe di ne di le ․․․․․.

C. Solomone o ne a newa leina lefe le lengwe?

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 1000 B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

Kgosigadi ya Sheba e ne ya tsaya loeto lwa dikilometara tse di ka nnang 2 400 go ya go utlwa botlhale jwa ga Solomone

SHEBA

Jerusalema

SOLOMONE

DINTLHA KA GA GAGWE

Morwawe Dafide le Bathesheba wa bobedi. Solomone o ne a busa Iseraele ka dingwaga di le 40. O ne a agela Jehofa ntlo e kgolo ya kobamelo. (1 Dikgosi 5:2-5) Jehofa o ne a dirisa Solomone go kwala Diane, Moreri le Sefela sa Difela. Go itsalanya ka tsela e e sa siamang le basadi ba gagwe ba sele go ile ga mo faposetsa kgakala le Jehofa.—1 Dikgosi 11:1-6.

DIKARABO

A. Pelo e e utlwang.—1 Dikgosi 3:5-14.

B. 3 000, 1 005.—1 Dikgosi 4:29, 32.

C. Jedidia, mo go rayang “Moratwa wa ga Jehofa.”—2 Samuele 12:24, 25.

Batho le Dinaga

3. Leina la me ke Chloe. Ke na le dingwaga di le robongwe mme ke nna kwa Canada. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Canada? A ke ba le 55 000, 88 000 kgotsa 110 000?

4. Ke khutlo efe e e bontshang gore ke nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Canada.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa,” ya kwa go www.jw.org

● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 24

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Tora e e nonofileng.

2. Ntša.

3. 110 000.

4. A.