Basha Ba Botsa Jaana
Ke Nna Mang?
Michael o bona Brad a tla mme o tshosiwa ke se se tla tlogang se direga. Brad a re: “Heela, Mikey, a ko o leke seno!” Brad o bula seatla sa gagwe mme Michael o bona sone se a neng a lebeletse go se bona—sephuthelwana sa matekwane se se sa tswang go dirwa. Ga a batle go se tsaya mme e bile ga a batle go tseelwa kwa tlase. Michael o bolela jaana ka lentswe le le kwa tlase, “O a itse ke eng, gongwe ka nako e nngwe. . . . A go siame?”
Jessica o bona Brad a tla mme o ipaakanyeditse se se tla tlogang se direga. Brad a re: “Heela, Jess, a ko o leke seno!” Brad o bula seatla sa gagwe mme Jessica o bona sone se a neng a lebeletse go se bona—sephuthelwana sa matekwane se se sa tswang go dirwa. Jessica o bolela jaana a ititeile sehuba: “Nnyaa, ke a leboga. Ke na le dilo tse ke batlang go di dira mo isagweng tse di akaretsang go hema. Mo godimo ga moo, Brad, . . . ke ne ke akanya gore o botlhale, o ka se ka wa goga!”
MO MAEMONG a a tlhalosiwang fa godimo fano, ke eng fa Jessica a ile a kgona go emelana le kgatelelo ka tsela e e botoka? Ke ka go bo a farologane le Michael ka sengwe. A o itse gore selo seo ke eng? Ene o a itlhaloganya. Go itlhaloganya ke go itse gore wena o mang le gore o batla eng mo botshelong. Fa o itlhaloganya, o kgona go gana dithaelo tsa go dira se se sa siamang—o kgona go laola botshelo jwa gago go na le gore o dire gore batho ba bangwe ba bo laole. Ke eng se o ka se dirang gore o kgone go itshepa jalo? Go araba dipotso tse di latelang ke tsela e e molemo ya go dira jalo.
1 DINONOFO TSA ME KE DIFE?
Lebaka la go bo go le botlhokwa: Go itse gore o na le bokgoni le dinonofo dife tse di siameng go tla dira gore o itshepe le go feta.
Ela tlhoko: Mongwe le mongwe o na le bokgoni jo bo farologaneng. Ka sekai, batho bangwe ba na le botswerere jwa tiro nngwe ya diatla kgotsa mmino mme ba bangwe bone ba na le bokgoni mo go tsa metshameko. Raquel o na le bokgoni jwa go baakanya dikoloi. * A re: “Fa ke ne ke le dingwaga tse di ka nnang 15, ke ne ka lemoga gore ke batla go nna makheneke.”
Sekao sa Baebele: Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Le fa ke se setswerere mo puong, eleruri ga ke a nna jalo mo kitsong.” (2 Bakorintha 11:6) E re ka Paulo a ne a tlhaloganya Dikwalo sentle, o ne a kgona go nna a nitame fa ba bangwe ba mo ganetsa. Ga a ka a letla gore boikutlo jwa bone jo bo sa siamang bo mo koafatse.—2 Bakorintha 10:10; 11:5.
Itshekatsheke. Fa tlase fano, kwala talenta kgotsa bokgoni bongwe jo o nang le jone.
․․․․․
Jaanong tlhalosa nonofo e o nang le yone. (Ka
sekai, a o amega ka batho ba bangwe? a o pelotshweu? a o a ikanyega? a o boloka nako?)․․․․․
“Ke leka go thusa batho ba bangwe. Fa mongwe a batla go bua le nna mme a mphitlhela ke tshwaregile, ke tla emisa se ke se dirang ke bo ke mo reetsa.”—Brianne.
Fa e le gore ga o kgone go tlhalosa nonofo nngwe e o nang le yone, akanya ka tsela nngwe e o fetogileng ka yone fa e sale o le ngwana e e bontshang gore o godile mme o bo o e kwala fa tlase fano.—Ka sekai, bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “Se Balekane ba Gago ba se Bolelang.”
․․․․․
2 MAKOA A ME KE AFE?
Lebaka la go bo go le botlhokwa: Fela jaaka go nonofa ga keetane go ikaegile ka gore e bokoa fa kae, fa o letla makoa a gago a laola botshelo jwa gago, seo se ka dira gore o se ka wa itlhaloganya.
Ela tlhoko: Ga go na ope yo o itekanetseng. (Baroma 3:23) Mongwe le mongwe o na le mokgwa mongwe o a ka ratang go o fetola. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Seija o botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa ke letla dilo tse di sa reng sepe di nkgalefisa? Ke galefisiwa ke dilo tse dinnye mme ka bonako fela ke palelwa ke go laola maikutlo a me!”
Sekao sa Baebele: Paulo o ne a itse makoa a gagwe. O ne a kwala jaana: “Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo.”—Baroma 7:22, 23.
Itshekatsheke. Ke bokoa bofe jo o tlhokang go bo ela tlhoko?
․․․․․
“Ke lemogile gore fa ke sena go lebelela filimi ya marato, ke hutsafala go sekae mme ke batla motho yo nka ratanang le ene. Ka jalo, gone jaanong ke a itse gore ke tshwanetse go nna kelotlhoko ka mofuta oo wa boitlosobodutu.”—Bridget.
3 MEKGELE YA ME KE EFE?
Lebaka la go bo go le botlhokwa: Fa o na le mekgele, botshelo jwa gago bo nna le bokao le boikaelelo. Gape go ka direga thata gore o tile batho le maemo a a ka go kgoreletsang go fitlhelela se o ikaeletseng go se dira.
Ela tlhoko: A o ne o ka palama thekisi o bo o bolelela mokgweetsi gore a dikologe lefelo le le lengwe go fitlha koloi ya gagwe e felelwa ke leokwane? Seo e tla bo e le boeleele—e bile go tla go jela madi a mantsi! Mekgele e go thusa gore o fitlhelele dilo tse o tshwanetseng go di dira mo botshelong. Go na le kwa o batlang go ya teng e bile o a itse gore o tla fitlha jang koo.
Sekao sa Baebele: Paulo o ne a kwala jaana: “Tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege.” (1 Bakorintha 9:26) Go na le gore Paulo a dikologe fela mo botshelong a dira gore dilo dingwe di mo diragalele, o ne a ipeela mekgele mme a bo a tshela tumalanong le yone.—Bafilipi 3:12-14.
Itshekatsheke. Fa tlase fano, kwala mekgele e
meraro e o ka ratang go e fitlhelela mo ngwageng o o tlang.-
․․․․․
-
․․․․․
-
․․․․․
Jaanong tlhopha mokgele o le mongwe fa godimo o o botlhokwa thata mo go wena mme o kwale fa tlase fano se o ka se dirang gone jaanong gore o o fitlhelele.
․․․․․
“Fa ke sa nne ke tshwaregile, ke feleletsa ke dikologa fela. Go botlhokwa go nna le mekgele le go berekela go e fitlhelela.”—José.
4 KE ENG SE KE SE DUMELANG?
Lebaka la go bo go le botlhokwa: Fa o sa itse se o se dumelang, o ka se kgone go dira ditshwetso tse di tlhomameng. Fela jaaka lobodu, o tla nna o fetofetola mebala gore o tshwane le balekane ba gago—selo se se bontshang sentle gore ga o itlhaloganye.
Ela tlhoko: Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ‘ba iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.’ (Baroma 12:2) Fa se o se dirang se theilwe mo dilong tse o di dumelang, o tla tshela go ya ka se o leng sone—go sa kgathalesege gore batho ba bangwe ba dira eng.
Sekao sa Baebele: Fa moporofeti Daniele a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a ‘ikemiseditse mo pelong ya gagwe’ gore o tla ikobela melao ya Modimo, le fa a kgaogane le ba lelapa la gaabo le badumedi ka ene. (Daniele 1:8) Ka go dira jalo, ga a ka a fetola se a leng sone. Daniele o ne a tshela go ya ka dilo tse a di dumelang.
Itshekatsheke. O dumela eng? Ka sekai:
-
A o dumela mo Modimong? Fa e le gore go ntse jalo, ka ntlha yang? Ke bosupi bofe jo bo go tlhatswang pelo gore Modimo o teng?
-
A o dumela gore melao ya Modimo ya boitsholo e go solegela molemo? Fa e le gore go ntse jalo, ka ntlha yang? Ka sekai, ke eng se se dirang gore o dumele gore go ikobela melao ya Modimo malebana le go tlhakanela dikobo go tla dira gore o itumele le go feta go na le gore o tshele mofuta wa botshelo jwa go “itaola” jo balekane ba gago ba bo tshelang?
Dipotso tseno ga se tse o ka di arabang fela ka bonako. Iphe nako ya go sekaseka mabaka a go bo o dumela dilo tse o di dumelang. Ka go dira jalo, o tla kgona go di femela le go feta.—Diane 14:15; 1 Petere 3:15.
“Kwa sekolong, bana ba bangwe ba a go gatelela fa o sa itshepe mme ke ne ke sa batle gore ke se ka ka tlhomamisega ka tumelo ya me. Ka jalo, ke ne ka dira gore ke nne le mabaka a a utlwalang le a a nonofileng a go bo ke dumela dilo tse ke di dumelang. Go na le gore ke bolelele batho ke re, ‘Nnyaa, nka se kgone go dira seo ka gonne se kgatlhanong le bodumedi jwa me,’ gantsi ke ne ke ba bolelela gore, ‘Ga ke akanye gore go siame.’ Ke se nna ke neng ke se dumela.”—Danielle.
Kgabagare, wena o ka rata go nna jang—letlhare le le oleng le le fokelwang gongwe le gongwe ke phefonyana nngwe le nngwe kgotsa setlhare se se kgonang go emelana le difefo tse di maatla? Dira gore o itlhaloganye sentle mme o tla tshwana le setlhare seo. Mme seo se tla go thusa gore o kgone go araba potso e e reng, Ke nna mang?
Fa o itlhaloganya sentle, o tla tshwana le setlhare se se nang le medi e e nonofileng se se kgonang go emelana le difefo tse di maatla
^ ser. 8 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.