Tsholofelo ya Baswi—Tsogo
A o dumela mo tsholofetsong ya Baebele ya go tsosiwa ga baswi? * Tsholofelo ya go boa re kopana le baratiwa ba rona ba ba suleng e itumedisa tota. Mme a go a utlwala go nna le tsholofelo e e ntseng jalo? Go re thusa go bona karabo ya potso eo, go ka nna molemo fa re ka sekaseka sekai sa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete.
Baaposetoloi ba ne ba dumela thata mo tsogong ya baswi. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya mabaka a le mabedi. Sa ntlha, tsholofelo ya bone e ne e theilwe thata mo ntlheng eno: Jesu ka boene o ne a tsosiwa mo baswing. Baaposetoloi—le ‘bakaulengwe ba ba fetang 500 ka nako e le nngwe’—ba ne ba bona Jesu yo o tsositsweng. (1 Bakorintha 15:6) Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ne ba neela bosupi le go amogela tsogo ya ga Jesu, jaaka Diefangele tse nnè di bontsha.—Mathaio 27:62–28:20; Mareko 16:1-8; Luke 24:1-53; Johane 20:1–21:25.
Sa bobedi, baaposetoloi ba ne ba bona Jesu a tsosa batho ba le bararo—wa ntlha kwa Naina, yo mongwe kwa Kaperenama mme wa bofelo kwa Bethani. (Luke 7:11-17; 8:49-56; Johane 11:1-44) Motho wa bofelo yo o neng a tsosiwa, yo go tlhalositsweng ka ene mo makasineng ono, e ne e le mongwe wa lelapa le Jesu a neng a atamalane thata le lone. Mma re ele tlhoko gore go ne ga direga eng go tswa foo.
“KE NNA TSOGO”
“Kgaitsadio o tla tsoga.” Jesu o ne a bua mafoko ao le Maratha, yo kgaitsadie e bong Lasaro a neng a setse a sule malatsi a le manè. Kwa tshimologong Maratha o ne a sa tlhaloganye mafoko a ga Jesu. O ne a re: “Ke a itse gore o tla tsoga,” mme o ne a akanya gore o tla tsoga nako nngwe mo isagweng. Akanya fela kafa a ileng a gakgamala ka teng fa a sena go utlwa Jesu a re: “Ke nna tsogo le botshelo,” mme a bona Jesu a tsosa kgaitsadie mo baswing!—Johane 11:23-25.
Lasaro o ne a le kae ka malatsi a le manè ao fa a sena go swa? Lasaro ga a ka a bua sepe se se bontshang gore o ne a tshela gongwe ka malatsi ao a le manè. Nnyaa, Lasaro o ne a se na moya o o sa sweng o o neng o ile kwa legodimong. Ka go tsosa Lasaro, Jesu ga a ka a mmusetsa mo lefatsheng, a mo ntsha mo boitumelong jwa kwa legodimong mo lefelong le le gaufi le Modimo. Ka gone, Lasaro o ne a le kae ka malatsi a manè ao? Boammaaruri ke gore, o ne a robetse mo lebitleng.—Moreri 9:5, 10.
Gakologelwa, Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko jo motho a tsosiwang mo go jone ka tsogo. Pego ya re: “‘Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.’ Jalo barutwa ba mo raya ba re: ‘Morena, fa e le gore o ile go ikhutsa, o tla fola.’ Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe. Mme ba ne ba ithaya ba re o ne a bua ka ga go ikhutsa mo borokong. Jalo, ka nako eo Jesu a ba bolelela ka tlhamalalo a re: ‘Lasaro o sule.’” (Johane 11:11-14) Ka go tsosa Lasaro, Jesu o ne a dira gore a boe a tshele gape mme a dira gore a kopane gape le ba lelapa la gagwe. A bo Jesu a file ba lelapa leo mpho e e itumedisang jang ne!
Fa Jesu a ne a tsosa batho fa a ne a le mo lefatsheng, e ne e le go bontsha go sekaenyana gore o tla dira eng mo isagweng fa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. * Fa a busa lefatshe, Jesu yo o kwa legodimong o tla dira gore batho ba ba robetseng mo lebitleng le le tlwaelegileng ba boe ba tshele gape. Ke ka lebaka leo a ileng a re: “Ke nna tsogo.” Akanya fela gore o tla itumela jang fa o bona baratiwa ba gago ba ba suleng gape! Akanya gape ka boitumelo jo batho ba ba tsositsweng ba tla nnang le jone!—Luke 8:56.
Akanya ka kafa o tla itumelang ka teng fa o bona baratiwa ba gago gape!
GO NNA LE TUMELO GORE O BONE BOTSHELO JO BO SA KHUTLENG
Jesu o ne a raya Maratha a re: “Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela; mme mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope.” (Johane 11:25, 26) Batho ba Jesu a tla ba tsosang mo pusong ya gagwe ya dingwaga di le sekete ba tla kgona go tshelela ruri—fa fela ba ruri ba bontsha tumelo mo go ene.
“Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.”—Johane 11:25
Fa a sena go bua mafoko a a itumedisang ao ka tsogo, Jesu o ne a botsa Maratha potso eno e e batlang gore a akanye: “‘A o dumela seno?’ A mo raya a re: ‘Ee, Morena, ke dumetse gore o Keresete Morwa Modimo.’” (Johane 11:26, 27) Go tweng ka wena—a o ka rata go nna le tumelo e e ntseng jalo ka tsholofelo ya tsogo jaaka Maratha? Kgato ya ntlha e o tshwanetseng go e tsaya ke go nna le kitso ka boikaelelo jwa Modimo le ka batho. (Johane 17:3; 1 Timotheo 2:4) Go nna le kitso e e ntseng jalo go ka dira gore o nne le tumelo. Ke eng o sa kope Basupi ba ga Jehofa gore ba go bontshe gore Baebele e ruta eng ka kgang eno? Ba tla itumelela go tlotla le wena ka tsholofelo eno e e itumedisang ya tsogo.
^ ser. 2 Bona setlhogo se se reng “Loso ga se Bokhutlo!” se se mo makasineng ono mo tsebe 6.
^ ser. 9 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka tsholofelo ya go tsosiwa ga baswi mo isagweng, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.