Fetela kwa tshedimosetsong

Modimo o Batla Gore ke Direng?

Modimo o Batla Gore ke Direng?

Karabo ya Baebele

Modimo o batla gore o mo itse botoka, o nne tsala ya gagwe go tswa foo o mo rate o bo o mo direle ka pelo ya gago yotlhe. (Mathaio 22:37, 38; Jakobe 4:8) O ka ithuta se Modimo a se batlang ka go ela tlhoko tsela e Jesu a neng a tshela ka yone le e a neng a ruta ka yone. (Johane 7:16, 17) Jesu o ne a sa bue fela ka se Modimo a batlang gore a se dire—o ne a tshela go dumalana le sone. Tota e bile, Jesu o ne a re selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe e ne e le “go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.”—Johane 6:38.

A ke tlhoka sesupo sengwe se se kgethegileng kgotsa kgakgamatso e e tswang kwa Modimong gore ke itse gore o batla gore ke direng?

Nnyaa, ka gonne Baebele e re tshwaretse molaetsa o o tswang kwa Modimong. E na le sotlhe se o se tlhokang gore o ‘tlhomelelwe ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ (2 Timotheo 3:16, 17) Modimo o batla gore o dirise Baebele le ‘maatla a gago a go akanya’ gore o itse gore o batla gore o direng.—Baroma 12:1, 2; Baefeso 5:17.

A tota nka kgona go dira se Modimo a se batlang?

Ee, o ka kgona ka gonne Baebele ya re: “Melao ya Modimo ga e ka ke ya re ketefalela.” (1 Johane 5:3, Easy-to-Read Version) Seno ga se reye gore ka metlha go motlhofo go ikobela melao ya Modimo. Mme melemo e o tla e bonang e feta kgakala matsapa a o tshwanelwang ke go a tsaya gore o dire thato ya Modimo. Jesu ka boene o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo ba bo ba le ikobela!”—Luke 11:28, Good News Translation.