Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Nnang Morongwa yo o Atlegileng ka Gone

Kafa o ka Nnang Morongwa yo o Atlegileng ka Gone

Kalogo Ya Bo126 Ya Gileade

Kafa o ka Nnang Morongwa yo o Atlegileng ka Gone

BOIDIIDI jo bo itumetseng jwa batho bo ne jwa phuthegela kwa Lefelong la Thuto la Watchtower kwa Patterson, kwa New York kwa tiragalong e e kgethegileng. Ka Matlhatso, March 14, 2009 e ne e le kalogo ya setlhopha sa bo126 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Baalogi ba sone ba ne ba tloga ba romelwa kwa dinageng tse 22 go ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 24:14.

Baithuti ba ne ba sa tswa go fetsa khoso ya dikgwedi di le tlhano ya Baebele e e neng e diretswe go ba thusa go nna barongwa ba Bakeresete ba ba atlegileng. Letsatsi la kalogo le ne la ba naya tshono ya bofelo e le setlhopha gore ba reetse kgakololo e e botlhale ya kafa ba ka atlegang ka gone.

Anthony Morris yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e bile e ne e le modulasetulo mo thulaganyong o ne a re Sekolo sa Gileade se ne sa simolola go thapisa barongwa ka 1943. Fa e sa le ka nako eo, baalogi ba nnile le seabe se segolo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe mme ba nnile le matswela a a molemo.

Sebui se ne sa re le fa bakwadi le Bafarasai ba ne ba nyatsa baaposetoloi ba ga Jesu ba re “ga ba a rutega e bile ga ba itse sepe,” baganetsi bao ba ne ba tshwanelwa ke go lemoga gore ba ne ba bua ka bopelokgale jalo ka gonne ba ne ba na le Jesu. (Ditiro 4:13, King James Version) Thapiso e baithuti ba e neilweng e dira gore ba kgone go bua ka bopelokgale le batho ba bangwe.

Robert Ciranko, mothusi wa Komiti ya Bakwadi ya Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya setlhogo se se reng “O se Ka wa Tlhaola Batho.” O ne a tlhalosa gore mo bogautshwaneng baithuti ba tla kopana le batho ba ditso le dingwao tse di sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, baithuti ba ka se ka ba nna le bothata jwa go ba rerela fa ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa. Fa Ditiro 10:34 e ranolwa lefoko ka lefoko e balega jaana, “Modimo ga a lebe batho go ya ka difatlhego,” ke gore ga a lebe batho bangwe ba le botoka go gaisa ba bangwe. “Modimo ga a na tlhaolele.” (Ditiro 10:35) Mokaulengwe Ciranko o ne a re: “Fa lo na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa Modimo lo leba mongwe le mongwe kwa dinageng tse lo yang kwa go tsone a tshwanelwa ke go amogelwa ke Modimo, lo tla atlega jaaka barongwa ba gagwe.”

“Lo na Le se Lo se Tlhokang Gore lo Atlege”

Leloko la Setlhopha se se Laolang e bong Samuel Herd o ne a simolola ka go re, “Batho bangwe ba re kamela e maswe, le fa go ntse jalo, e siametse go tshela kwa sekakeng.” Ka tsela e e tshwanang barongwa ba basha ba na le sotlhe se ba se tlhokang gore ba atlege mo ditshimong tse ba di abetsweng. Ba tla thusiwa ke dilo di le tlhano.

1. Go rata Jehofa. (Mathaio 22:37, 38) Baithuti ba setse ba bontshitse gore ba iketleeleditse go direla Jehofa.

2. Kitso e ba nang le yone ya Lefoko la Modimo. Kamela e ipolokela dijo mo seroteng sa yone. Le fa go ntse jalo, fa dijo di le teng ga e kgaotse go ja mme e ikaega ka dijo tse e di bolokileng fa go le tlala. Ka tsela e e tshwanang barongwa ga ba a tshwanela go ikaega fela ka dilo tse ba ithutileng tsone kwa Sekolong sa Gileade mme ba tshwanetse go tswelela ba ikotla semoyeng.

3. Go rata batho. (Mathaio 22:39) Baithuti ba utlwela batho botlhoko.

4. Go ithaopa ka go rata. (Pesalema 110:3) Fa morongwa a felelwa ke maatla, Jehofa o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng.—Isaia 40:29.

5. Matlhagatlhaga a bosha. Fela jaaka kamela e rwala mopalami wa yone mo sekakeng, barongwa le bone ba “rwala” Bakeresete ka bone ba ba lebanang le mathata fa ba ntse ba direla Jehofa. Seo se tlhoka maatla a mantsi, le fa go ntse jalo barongwa ba na le matlhagatlhaga a bosha.

Dintlha Tse Dingwe Tsa Thulaganyo

Morutisi wa Sekolo sa Gileade e bong Michael Burnett, o ne a re dithamane e ne e le dingwe tsa dikungo tse di molemolemo tse Jakobe a neng a di romelela kgosi ya kwa Egepeto e le dimpho. (Genesise 43:11) Dithamane di na le dikotla di le dintsi le fa di le potlana fela. Baithuti ba ne ba ja dithamane di le dintsi ka nako ya khoso ya bone. Sengwe sa dilo tse ba tshwanetseng go di gakologelwa ke botlhokwa jwa go kgotsofalela se Jehofa a ba neileng sone le go ithuta go rata mafelo a masha a ba tla bong ba nna kwa go one.

Mark Noumair yo le ene e leng morutisi wa Sekolo sa Gileade, o ne a tlhalosa gore Lefoko la Modimo le tshwana le “kgetsi e e tletseng botlhale.” (Jobe 28:18) Re tshwanetse go bula kgetsi eno le go dirisa se se mo teng ga yone. Fa tirelo ya borongwa e sa nne jaaka baithuti ba ne ba lebeletse, ba ka akanya ka moaposetoloi Paulo. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo romela gore a ye go direla kwa a tsholetsweng teng dingwaga di le robongwe. Go na le gore Paulo a re ke “sejana se se tlhophilweng,” mme o tshwanetse go direla gongwe go sele, o ne a dira ka natla gongwe le gongwe kwa a neng a le gone. (Ditiro 9:15, 28-30) E ka nna kgwetlho go dira se Jehofa a se lo tlhophelang. Mongwe yo o neng a dira jalo ke Jonathane. E re ka Jonathane a ne a itse gore Dafide ke kgosi e Jehofa a e tlhophileng, o ne a itumelela go mo ema nokeng.

Mo puong ya setlhogo se se reng “Batlhanka ba Modimo ba Bua ka Bopelokgale,” baithuti ba ne ba dira dipontsho tsa maitemogelo a ba ileng ba nna le one mo tirong ya go rera fa ba ne ba le mo khosong ya bone. Bontsi jwa bone ba ne ba simolola dithuto tsa Baebele. Mo puong e e neng ya latela ya setlhogo se se reng, “Go Thapisiwa ke Phuthego ya ga Jehofa” go ne ga botsolodiwa batho ba le bararo ba e leng barongwa ka lobaka lo loleele. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tlhalosa kafa a neng a thapisitswe ka gone go dirisana le phuthego ya Modimo.

“Nna Morongwa yo o Itumetseng”

Gerrit Lösch yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo e e reng, “Nna Morongwa yo o Itumetseng.” O ne a re ditiro tse dintsi tse di tsewang di “itumedisa” ga di lere boitumelo jwa mmatota. (Diane 14:13; Moreri 2:10, 11) Boitumelo jwa mmatota bo bonwa ka go dira thato ya Modimo tota le fa go se motlhofo ka metlha go e dira. Go ithutiwa ka natla mo Sekolong sa Gileade, le fa go ntse jalo, tiro eno e a kgotsofatsa.

Go na le dilo di le mmalwa tse di dirang gore Bakeresete ba boammaaruri ba itumele. Ba obamela Modimo yo o itumetseng. (Pesalema 33:12; 1 Timotheo 1:11) Ba mo paradaiseng ya semoya mme Baebele e solofetsa gore gautshwane lefatshe le re nnang mo go lone e tla nna paradaise. Ba na le bokao jwa se ba se tshelelang—go direla Jehofa le go mmaka. Mo godimo ga moo, ba ratiwa ke Jehofa le Jesu.

Sebui se ne sa oketsa jaana, “Lo tla nna barongwa ba ba itumetseng fa lo ithuta go kgotsofala.” Sengwe sa dilo tse di dirang gore o itumele ke fa o rata batho ba bangwe mme le bone ba go rata. Ka jalo bipa ditlolo tsa batho ba bangwe go na le go tlhoma mogopolo mo go tsone. Direla ba bangwe molemo, thusa ba ba bokoa mme o ba tlotlele maitemogelo a a molemo. (Pesalema 41:1, 2; Ditiro 20:35) O ka itumela fa o nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera.—Luke 11:28.

Mokaulengwe Lösch o ne a konela ka go re, “Tswelelang pele lo le barongwa ba ba itumetseng, lo itlosa bodutu ka tsela e e lekaneng mme lo tlhomile mogopolo mo go bakeng Modimo wa rona yo o itumetseng e bong Jehofa le go dira gore ba bangwe le bone ba itumele.”

Fa Anthony Morris a sena go bala ditumediso tse di tswang kwa dinageng di le mmalwa, o ne a naya moithuti mongwe le mongwe dipoloma. Morago ga moo, moemedi wa setlhopha sa bo126 o ne a bala lekwalo le le neng le kwaletswe Setlhopha se se Laolang. Mo go lone baithuti ba ne ba tlhalosa kafa ba anaanelang ka gone go bo ba nnile gone kwa Sekolong sa Gileade.

Kwa bofelong, modulasetulo o ne a re ‘malokololo le mesifa’ tse di kopanyang mmele di tshwantshetsa mokgwa le thulaganyo e “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a e dirisang go tlamela batho ba ga Jehofa ka dijo tsa semoya le go ba kaela. (Bakolosa 2:18, 19; Mathaio 24:45) Fa baalogi ba Sekolo sa Gileade ba dirisana sentle le baemedi ba ba tlhomilweng ke Modimo, ba tla atlega mo go wetseng bodiredi jwa bone ka botlalo.—2 Timotheo 4:5.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

DIPALOPALO TSA SETLHOPHA

Palo ya dinaga tse ba tswang kwa go tsone: 6

Palo ya dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 22

Palo ya baithuti: 56

Palo ya banyalani: 28

Palogare ya dingwaga tsa bone: 32.8

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 17.9

Palogare ya bone ba le mo tirelong ya nako e e tletseng: 13.5

MAFELO A BA ABETSWENG KWA GO ONE

Baalogi ba abetswe kwa Afrika Borwa, Benin, Bolivia, Bulgaria, Burkina Faso, Cameroon, Costa Rica, Ghana, Guatemala, Honduras, Kenya, Liberia, Madagascar, Mozambique, Nicaragua, Panama, Paraguay, Peru, Romania, Sierra Leone, Togo le Uganda.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha sa bo126 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Kirchhoff, K.; Nichols, C.; Guzmán, Y.; Coil, H.; Becker, O.; De Simone, A. (2) Manzanares, A.; Bouvier, E.; Peddle, J.; Mason, H.; Braz, J. (3) Lee, J.; Forte, A.; Boucher, T.; Marsh, A.; Leighton, S.; Glover, M. (4) Kambach, H.; Jones, T.; Ferreira, A.; Morales, J.; Chicas, S.; Davis, B.; Dormanen, E. (5) Dormanen, B.; Nichols, J.; Pacho, T.; Titmas, L.; Bouvier, E.; Kirchhoff, A. (6) Leighton, G.; Pacho, A.; Van Campen, B.; Manzanares, A.; Rivard, A.; Lee, Y.; Titmas, L. (7) Boucher, M.; Coil, K.; Marsh, C.; Guzmán, J.; Jones, W.; Kambach, J. (8) Glover, A.; Ferreira, G.; Mason, E.; Forte, D.; Davis, N.; Chicas, O.; Rivard, Y. (9) Braz, D.; Van Campen, D.; Morales, A.; De Simone, M.; Becker, M.; Peddle, D.