Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Go ne ga direga eng ka letlole la kgolagano?

Mo Baiseraeleng, letlole la kgolagano le ne le tshwantshetsa go nna gone ga Modimo. (Ekesodo 25:22) Letlole leno e ne e le lebokoso le le boitshepo la legong le le neng le manegilwe gouta mme Moshe o ne a beile matlapanakwalelo a mabedi a Molao mo go lone. Fa Baiseraele ba ne ba le kwa nageng, Letlole le ne le nna mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo mo mogopeng wa bokopanelo. (Ekesodo 26:33) Moragonyana Letlole leno le ne la bewa mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo kwa tempeleng e e neng e agilwe ke Solomone.—1 Dikgosi 6:19.

Letlole leno le umakiwa la bofelo mo go 2 Ditiragalo 35:3 fa Kgosi Josia a ne a le busetsa kwa tempeleng ka 642 B.C.E. Le ka tswa le ne la tlosiwa ke motlhatlhami wa motlhanogi wa ga Josia e bong Manase, yo o neng a baya setshwantsho kwa tempeleng. Kgotsa gongwe le ne la tlosiwa gore le bolokiwe sentle felo gongwe fa Josia a ne a tsosolosa tempele. (2 Ditiragalo 33:1, 2, 7; 34:1, 8-11) Baebele ga e re bolelele gore go ne ga direga eng ka Letlole morago ga moo, ka gonne ga le umakiwe fa go buiwa ka dilo tse di tserweng kwa tempeleng fa Bababelona ba ne ba thopa Jerusalema ka 607 B.C.E.—2 Dikgosi 25:13-17.

Dikwalo ga di re bolelele gore Letlole le ne la busediwa mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo kwa tempeleng e e neng ya agiwa gape ke Serubabele; e bile ga go lebege go ile ga dirwa le lengwe.—Esera 1:7-11.

Mo Baebeleng banna ba ba farologaneng ba ba neng ba bidiwa “Jakobe” e ne e le bomang?

Ba ne ba le banè mme seno se ka tlhakanya tlhogo. * Yo mongwe e ne e le rraagwe moaposetoloi Judase (e seng Isekariota) mme ga go sepe se sengwe se se itsiweng ka ene.—Luke 6:16; Ditiro 1:13.

Monna mongwe yo o neng a bidiwa Jakobe ke morwa Sebede. Jakobe yono e ne e le mogoloe Johane, mme ka bobedi jwa bone e ne e le baaposetoloi ba ga Jesu. (Mathaio 10:2) Go bonala mmaagwe e ne e le Salome, kgaitsadie mmaagwe Jesu. (Bapisa Mathaio 27:55, 56 le Mareko 15:40, 41 le Johane 19:25.) Go ka direga gore Jakobe e ne e le ntsalae Jesu. E ne e le motshwaraditlhapi mme ene le mogoloe ba ne ba dira mmogo le Petere le Anderea.—Mareko 1:16-19; Luke 5:7-10.

Yo mongwe ke Jakobe morwa Alefaeo, yo le ene e neng e le moaposetoloi wa ga Jesu. (Mareko 3:16-18) Mo go Mareko 15:40 o tlhalosiwa e le “Jakobe yo Mmotlana.” A ka tswa a ne a bidiwa “yo Mmotlana” ka ntlha ya mmele wa gagwe o monnye kgotsa ka go bo Jakobe morwa Sebede a ne a mo feta ka dingwaga.

Jakobe wa bofelo ke morwa Josefa le Marea, mogoloe Jude e bile e le morwarraagwe Jesu ka mmaagwe. (Mareko 6:3; Bagalatia 1:19) Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu, Jakobe e ne e se morutwa wa gagwe. (Mathaio 12:46-50; Johane 7:5) Le fa go ntse jalo, pele ga Pentekosete ya 33 C.E., Jakobe o ne a rapela le mmaagwe, bomonnawe le baaposetoloi kwa ntlwaneng e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Ditiro 1:13, 14) Moragonyana Jakobe e ne ya nna leloko le le itsegeng thata la phuthego ya kwa Jerusalema mme o ne a kwala buka ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe.—Ditiro 12:17; Jakobe 1:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Mo dipuong tsa ntlhantlha, banna bangwe ba ba umakilweng mo Baebeleng ba ne ba na le maina a a tshwanang. Mafoko a a reng “Aborahame, Isake le Jakobe” a tlhagelela makgetlo a le mantsi mo Baebeleng mme Mathaio 1:16 ya re Jakobe ke “rraagwe Josefa monna wa ga Marea.”