Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gomodiwa ke Nonofo ya ga Jehofa

Gomodiwa ke Nonofo ya ga Jehofa

Gomodiwa ke Nonofo ya ga Jehofa

“Mo bontsing jwa megopolo ya me e e mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di tle di jese mowa wa me monate.”—PESALEMA 94:19.

BAEBELE e na le mafoko a kgomotso go gomotsa batho botlhe ba ba eletsang go namediwa. Ga go gakgamatse he go bo The World Book Encyclopedia e bolela gore “batho ba le bantsi ba ile ba batla kgomotso, tsholofelo le kaelo ya Baebele ka nako ya mathata le ka nako ya fa ba ikutlwa ba sa tlhomamisege.” Ka ntlha yang?

Ka gonne Baebele e tlhotlheleditswe ke Mmopi wa rona yo o lorato, “Modimo wa kgomotso yotlhe,” Yo o “re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Ke ‘Modimo o o fang kgomotso.’ (Baroma 15:5) Jehofa o ile a tlhoma sekao ka go rulaganyetsa gore rotlhe re gomotsege. O ile a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi e bong Keresete Jesu mo lefatsheng gore a tle go re naya tsholofelo le go re gomotsa. Jesu o ne a ruta jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Baebele e tlhalosa Jehofa e le “yo o rwalang merwalo ya rona ka malatsi, e bong Modimo o e leng poloka ya rona.” (Pesalema 68:19) Batho ba ba boifang Modimo ba ka bolela jaana ka kgololesego: “Ke ntse ke tlhomile Jehofa fa pele ga me ka gale; e re ka a le ka fa tsogong la me le legolo, ga nketla ke tshikinyega.”—Pesalema 16:8.

Ditemana tse di ntseng jalo tsa Baebele di bontsha kafa Jehofa Modimo a re ratang thata ka teng. Go bonala sentle gore o eletsa thata—e bile o a kgona—go gomotsa batho thata le go okobatsa botlhoko jwa rona ka nako ya tlalelo. “O naya baidibadi thata; le ene yo o se nang thata o mo totisetse nonofo.” (Isaia 40:29) Ka gone he, re ka gomodiwa jang ke nonofo ya ga Jehofa?

Kafa Tlhokomelo ya ga Jehofa e Ritibatsang ka Teng

Mopesalema o ne a kwala jaana: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.” (Pesalema 55:22) Ee, Jehofa Modimo o amega ka batho. Moaposetoloi Petere o ne a tlhomamisetsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “[Modimo] o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:7) Jesu Keresete o ne a gatelela tsela e Modimo a tsayang batho ba le botlhokwa ka teng ka go bolela jaana: “Dithaga di le tlhano di rekisiwa ka madi a tshipi a le mabedi a tlhotlhwa e e kwa tlase, ga ke re? Lefa go ntse jalo ga go e le nngwe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. Mme le eleng meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi.” (Luke 12:6, 7) Re botlhokwa thata jaana mo Modimong mo e leng gore o tlhokomela tota le eleng dilonyana tse dinnye ka rona. O itse dilo tse rona ka borona re sa di itseng ka gonne o amega thata ka mongwe le mongwe wa rona.

Svetlana, mosha wa seaka, yo go builweng ka ene mo setlhogong se se fetileng, o ne a gomodiwa thata fa a lemoga gore Jehofa o amega jalo ka mongwe le mongwe wa rona. O ne a setse a batla go ipolaya fa a kopana le Basupi ba ga Jehofa. O ne a dumela go ithuta Baebele, e leng selo se se ileng sa mo thusa gore a itse Jehofa jaaka motho wa mmatota yo o amegang ka boitekanelo jwa gagwe. Seno se ile sa ama pelo ya gagwe, sa mo tlhotlheletsa go fetola tsela e a tshelang ka yone le gore a ineele mo Modimong. Seo se ile sa dira gape gore Svetlana a nne le seritinyana se a neng a se tlhoka gore a tle a itshoke le fa a ne a na le mathata le gore a nne le pono e e siameng ka botshelo. Gone jaanong o bolela jaana: “Ke tlhatswegile pelo gore Jehofa a ka se ka a ntlogela le ka motlha. Ke lemogile gore se se kwadilweng mo lekwalong la ga 1 Petere 5:7 se boammaaruri. La re: ‘Latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo go [Jehofa] ka gonne o a go kgathalela.’”

Tsholofelo e e Theilweng mo Baebeleng e a Gomotsa

Tsela e e kgethegileng e Modimo a re gomotsang ka yone ke ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng, le le nang le tsholofelo e e itumedisang ka isagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Paulo o ne a bontsha sentle gore go na le kamano efe fa gare ga tsholofelo ya boammaaruri le kgomotso fa a ne a kwala jaana: “E kete . . . Modimo Rraarona, o o neng wa re rata wa ba wa naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, o ka gomotsa dipelo tsa lona wa ba wa lo nitamisa mo tirong nngwe le nngwe e e molemo le lefoko.” (2 Bathesalonika 2:16, 17) “Tsholofelo e e molemo” eno e akaretsa tebelelo ya go tshela botshelo jo bo itekanetseng, jo bo itumetseng le jo bo nnetseng ruri mo lefatsheng la paradaise.—2 Petere 3:13.

Tsholofelo e e tlhomameng le e e itumedisang eo e ile ya kgothatsa Laimonis yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, yo e neng e le lekgoba la bojalwa e bile a sule ditokololo. Fa a ne a bala dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa tse di theilweng mo Baebeleng, o ne a itumelela go utlwa ka lefatshe le lesha tlase ga Bogosi jwa Modimo, moo a tla kgonang go boa a itekanela ka botlalo. O ne a bala mo Baebeleng kaga tsholofelo e e itumedisang eno ya go fodisiwa ka tsela ya kgakgamatso: “E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.” (Isaia 35:5, 6) Gore Laimonis a tle a tshwanelegele go tshela mo Paradaiseng eo, o ne a dira diphetogo tse dikgolo. O ne a tlogela bojalwa mme diphetogo tse a di dirileng di ne tsa lemogiwa le ke baagelani ba gagwe le batho ba ba mo itseng. Gone jaanong o tshwara dithuto tsa Baebele di le mmalwa, a bolelela ba bangwe ka kgomotso e tsholofelo ya Baebele e e nayang motho.

Seabe sa Thapelo

Fa re utlwile botlhoko ka ntlha ya lebaka lengwe, re ka gomodiwa ke go rapela Jehofa. Seo se ka re imolola morwalo. Fa re ntse re dira mekokotlelo jalo, re ka gomotsega ka go gakologelwa dilo tse di bolelwang mo Lefokong la Modimo. Pesalema e telele go di gaisa tsotlhe mo Baebeleng e tshwana le thapelo e ntle. Mokwadi wa yone o ne a opela jaana: “Ke ntse ke gakologetswe dikatlholo tsa gago tsa bogologolo Jehofa, mme ke ikgomoditse.” (Pesalema 119:52) Mo maemong a a boima thata, segolobogolo a a amanang le bothata jwa botsogo, gantsi ga go nne le karabo e le nngwe, e e akaretsang sengwe le sengwe. Ka nonofo ya rona e le yosi fela, re ka nna ra bo re sa itse gore re ka dira eng tota. Batho ba le bantsi ba ile ba fitlhela gore fa ba dirile sotlhe se ba ka se kgonang, go rapela Modimo go ile ga ba gomotsa thata mme ka dinako tse dingwe, go ile ga nna le tharabololo e ba neng ba sa e lebelela.—1 Bakorintha 10:13.

Pat, yo o ileng a sianisediwa kwa kamoreng ya maemo a tshoganyetso, o ne a iponela ka moo thapelo e gomotsang ka teng. Fa a sena go tokafala, o ne a re: “Ke ne ka rapela Jehofa mme ka ithuta gore ke tshwanetse go tlogela botshelo jwa me mo diatleng tsa gagwe, ke mo ikanye gore a dire le fa e le eng se e leng go rata ga gagwe. Ka nako eno yotlhe; ke ne ke ritibetse; ke ne ke utlwa ke na le kagiso ya Modimo e go buiwang ka yone mo go Bafilipi 4:6, 7.” A bo ditemana tseno di ka re gomotsa rotlhe jang ne! Paulo o ile a kgothatsa jaana moo: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”

Moya o o Boitshepo o e Leng Mogomotsi

Mo bosigong jwa pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a tlhalosetsa baaposetoloi ba gagwe gore o tla tloga a ba tlogela. Se se ile sa ba tshwenya le go ba hutsafatsa. (Johane 13:33, 36; 14:27-31) E re ka Jesu a ne a lemoga gore ba tla nna ba tlhoka kgomotso, o ne a ba solofetsa jaana: “Ke tla lopa Rara mme o tla lo naya mothusi [kana mogomotsi] yo mongwe gore a nne le lona ka bosaengkae.” (Johane 14:16; ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Jesu fano o ne a bua ka moya o o boitshepo wa Modimo. Kwantle ga dilo tse dingwe tse moya wa Modimo o neng wa di dira, o ne wa gomotsa baaposetoloi ka nako ya fa ba lebane le diteko mme wa ba nonotsha gore ba tswelele pele ba dira go rata ga Modimo.—Ditiro 4:31.

Angie, yo monna wa gagwe a neng a batla a swa morago ga go nna le kotsi e e maswe thata, o ne a kgona go lebana ka katlego le tlalelo le botlhoko jwa boemo jo a neng a le mo go jone. O ne a thusiwa ke eng? O bolela jaana: “Fa e ne e se ka tshegetso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa, re ne re se kitla re kgona go lebana le se se ileng sa re diragalela mme ra nna re ntse re nonofile. Nonofo ya ga Jehofa e ile ya bonala tota mo bokoeng jwa rona, mme o nnile botshabelo jwa rona mo nakong ya tlalelo.”

Bokaulengwe jo bo Gomotsang

Le fa motho a ka tswa a le mo boemong bofe mo botshelong, go sa kgathalesege gore maemo a gagwe a utlwisa botlhoko go le kana kang, o tshwanetse a kgona go gomodiwa ke bokaulengwe jo bo leng mo phuthegong ya ga Jehofa. Bokaulengwe jono bo tshegetsa le go thusa ba ba leng mo go jone. Fa motho a le mo go jone, o ka kgona go bona setlhopha sa ditsala tse di lorato, tse di amegang le tse di gomotsang, tse di iketleeditseng go thusa le go nametsa ba bangwe ka dinako tsa tlalelo.—2 Bakorintha 7:5-7.

Maloko a phuthego ya Bokeresete a rutiwa go “di[ra] se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le [bone] mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Thuto e e theilweng mo Baebeleng e ba e fiwang e ba tlhotlheletsa go bontsha lorato lwa bokaulengwe le go amega ka ba bangwe. (Baroma 12:10; 1 Petere 3:8) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya mo phuthegong ba tlhotlheletsega go nna pelonomi, go gomotsa le go utlwela botlhoko.—Baefeso 4:32.

Joe le Rebecca, ba ba ileng ba swelwa ke morwabone ka tsela e e utlwisang botlhoko, ba ile ba newa tshegetso e e ntseng jalo e e gomotsang ke maloko a phuthego ya Bokeresete. Ba re: “Jehofa le phuthego ya gagwe e e lorato ba ile ba re thusa go itshoka mo nakong ya rona e e boima. Re ile ra amogela dikarata, makwalo le megala e mentsintsi. Se se dira gore re bone kafa bokaulengwe jwa rona bo leng botlhokwa ka teng. Fa re ne re sa ntse re tlhakane tlhogo ka ntlha ya kotsi e e re tlhagetseng, ba le bantsi go tswa mo diphuthegong tse di gaufi ba ne ba tla go re thusa, ba re apeela dijo le go phepafatsa ntlo.”

Gomotsegang!

Fa diphefo tsa kganetso di simolola go tsubutla le dipula tsa matlakadibe tsa ditlalelo di nnela go go ntaaka, Modimo o nna o siametse go re sireletsa ka tsela e e gomotsang. Nngwe ya dipesalema e mo tlhalosa jaana jaaka motho yo o re nayang tshireletso e e gomotsang: “O tlaa go bipa ka diala tsa gagwe tsa diphuka, mme o tlaa ya botshabelong fa tlase ga diphuka tsa gagwe.” (Pesalema 91:4) Setshwantsho seno e ka nna ya bo e le sa ntsu. Ke setshwantsho sa nonyane e e kgonang go lemoga kotsi mme e tšharolole diphuka tsa yone mo godimo ga mamphorwana a yone go a sireletsa. Ka tsela e kgolwane, Jehofa e nna Mosireletsi wa boammaaruri yo rotlhe re ka bonang botshabelo mo go ene.—Pesalema 7:1.

Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo, botho jwa gagwe, maikaelelo a gagwe le ka bokgoni jwa gagwe jwa go gomotsa, o lalediwa go ithuta Lefoko la gagwe. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa mo maitekong ao. Ee, le wena o ka gomodiwa ke nonofo ya ga Jehofa!

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng ka isagwe e ka go gomotsa