Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Leba Batho ba ba Ratang Thubakanyo Jaaka Modimo a ba Leba?

A o Leba Batho ba ba Ratang Thubakanyo Jaaka Modimo a ba Leba?

 A o Leba Batho ba ba Ratang Thubakanyo Jaaka Modimo a ba Leba?

Batho ga ba a bolo go nna ba kgatlhiwa le go tlotla banna ba ba diganka, ba ba nonofileng thata mo mmeleng e bile e le digatlhamelamasisi. Mongwe wa bone e ne e le mogaka wa ditlhamane wa kwa gerika ya bogologolo, e bong Heracles, Kana Hercules, Jaaka Baroma ba ne ba mmitsa.

 HERACLES e ne e le mogaka yo o neng a tumile thata, yo o neng a nonofile go feta ba bangwe. Go ya ka tlhamane eno, e ne e le dimo, ngwana wa modimo wa Segerika e bong Zeus, le Alcmene, yo o neng e le mmaagwe wa motho. Bopelokgale jwa gagwe bo ne jwa simolola go bonala fa e ne e le losea mo serotwaneng. Fa modingwana mongwe yo o lefufa wa mosadi o ne o romela dinoga tse pedi tse dikgolo gore di mmolae, Heracles o ne a di kgama. Fa a setse a godile o ne a lwa mo dintweng, a fenya dilalome, o ne a itsenya mo kotsing ya go bolawa ka go leka go falotsha tsala ya gagwe. Gape o ile a senya metse, a betelela basadi, a digela mosimane mongwe kwa tlase a le kwa godimo ga tora, mme a ipolaela mosadi le bana.

Le mororo e ne e se motho wa mmatota, go tloga bogologolo tala go ne go buiwa ka Heracles yono wa ditlhamane mo dipolelong tsa dinaga tsa bogologolo tsa Bagerika. Baroma ba ne ba mo rapela e le modimo; bagwebi le batsamai ba ne ba mo rapela fa ba batla go segofadiwa le go sirelediwa mo dikotsing. Dipolelo ka ga bopelokgale jwa gagwe di ile tsa kgatlha batho ka diketekete tsa dingwaga.

Kwa Tlhamane Eno e Simologileng Gone

A dipolelo ka ga Heracles le bagaka ba bangwe ba ditlhamane di theilwe mo dilong tse di diragetseng? Ka tsela nngwe go ka tswa go le jalo. Baebele e bolela ka motlha mongwe, bogologolo tala mo hisitoring ya motho, o tota “medimo” le “bodimo” ba kileng ba nna gone mo lefatsheng.

Moshe o ne a kwala jaana a tlhalosa motlha oo: “Ga dirala, e rile batho ba simolola go ntsifala mo lefatsheng, ba tshola bana ba basetsana. Bomorwa Modimo ba bona bomorwadia batho fa ba le bantle, jalo ba tsaya basadi mo go bone, botlhe ba ba ba ratang.”—Genesise 6:1, 2.

“Bomorwa Modimo” bao e ne e se batho; e ne e le bomorwa Modimo ba baengele. (Bapisa Jobe 1:6; 2:1; 38:4, 7.) Mokwadi wa Baebele e bong Jude o bolela gore baengele bangwe “ba [ne ba se ka] ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone la bonno le le tshwanetseng.” (Jude 6) Ka mafoko a mangwe, ba ne ba tlogela lefelo le ba neng ba beilwe mo go lone mo phuthegong ya Modimo ya selegodimo ka gonne ba ne ba batla go nna le basadi ba bantle mo lefatsheng. Jude o oketsa ka gore baengele bano ba ditsuolodi ba ne ba tshwana le batho ba kwa Sodoma le Gomora, ba ba ‘neng ba dira kgokafalo mo go feteletseng, ba bo ba sala nama morago gore ba e dirise ka tsela e e seng ya tlholego.’—Jude 7.

Baebele ga e bolele ka botlalo ditiro tse baengele bano ba ba se nang kutlo ba neng ba di dira. Le fa go ntse jalo, ditlhamane tsa bogologolo tsa kwa Gerika le kwa dinageng tse dingwe di tlhalosa ka medimo e le mentsi le medimo ya basadi e e neng e tshela le batho, ba ka tswa ba ne ba e bona kana ba sa e bone. Fa e ne e itira batho, e ne e lebega e le mentle thata. E ne e ja, e nwa, e robala le go tlhakanela dikobo ka boyone le go tlhakanela dikobo le batho. Le mororo e ne e tsewa e le boitshepo e bile e sa swe, e ne e bua maaka le go tsietsa, e tsosa dikgotlhang le go rata ntwa, e fepisa le go betelela. Ditlhamane tse di ntseng jalo di ka nna tsa bo di senola maemo a a ka tswang a ne a le gone pele ga Morwalela a a umakilweng mo bukeng ya Baebele ya Genesise, le mororo di ka tswa di a tlhalosa ka tsela e e feteletseng le e e sokameng.

Diganka Tsa Metlha ya Bogologolo, Banna ba ba Tumileng

Baengele ba ditsuolodi ba ba neng ba ikapesa mebele ya batho ba ne ba robala le basadi, mme basadi bano ba tshola bana. E ne e se bana ba ba tlwaelegileng. E ne e le Banefilime, ba na le sebopego sa batho le sa baengele. Pego ya Baebele e bolela jaana: “Ga bo go le mekaloba mo lefatsheng mo malatsing ao. Le gone morago ga moo, fa bomorwa Modimo ba tsena mo go bomorwadia batho, ba tsala bana nabo, bao, e ne e le banna ba ba diganka tsa metlha ya bogologolo; banna ba ba itsegeng.”—Genesise 6:4.

Lefoko la Sehebera le le reng “banefilime” totatota le kaya “badigi,” batho ba ba neng ba diga ba bangwe, kana ba usa ba bangwe, ka thubakanyo. Ka gone, ga go gakgamatse go bo pego ya Baebele e oketsa jaana: “[Lefatshe] le ne le tletse thubakano.” (Genesise 6:11) Bodimo bao ba ditlhamane ba ba jaaka Heracles le mogaka wa kwa Babelona e bong Gilgamesh, ba ne ba tshwana thata le Banefilime.

 Ela tlhoko gore Banefilime ba ne ba bidiwa “diganka” le “banna ba ba itsegeng.” Banefilime ba ne ba sa tshwane le monna yo o neng a siame e bong Noa, yo o neng a tshela mo motlheng oo, ba ne ba sa kgatlhegele go dira gore Jehofa a tume. Ba ne ba kgatlhegela go tuma ga bone, go ikgalaletsa le go itirela leina. Ka ditiro tse dikgolo, tse kwantle ga pelaelo di neng di akaretsa thubakanyo le go bolaya, ba ne ba bona botumo jo ba neng ba bo rata mo lefatsheng le le boikepo le ba neng ba le mo go lone. E ne e le bagaka mo motlheng wa bone—ba ne ba tshabiwa, ba tlotlwa e bile ba lebega ba ka se fenngwe ke ope.

Le mororo Banefilime le borraabone ba baengele ba ba bosula ba ka tswa ba ne ba itumelela go tuma mo bathong ba ba neng ba tshela mo nakong ya bone, tota ba ne ba sa tuma mo matlhong a Modimo. Tsela ya bone ya go tshela e ne e le makgapha. Ka gone, Modimo o ne a tseela baengele bano ba ba neng ba sa itshwara sentle kgato. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Modimo [ga wa ka] wa ithiba go otlhaya baengele ba ba neng ba leofa, mme, ka go ba latlhela mo teng ga Tatarase, o ne wa ba tsenya mo dikhuting tsa lefifi le le kwenneng gore ba beelwe katlholo; e bile o ne wa se ka wa ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo tala, mme wa boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba supa fa o ne o tlisa morwalela mo lefatsheng la batho ba e seng ba bomodimo.”—2 Petere 2:4, 5.

Ka Morwalela wa lefatshe lotlhe, baengele ba ditsuolodi ba ne ba ikapola mebele ya batho mme ba boela kwa lefelong la meya ba swabile. Modimo o ne a ba otlhaya ka go ba thibela go tlhola ba ikapesa mebele ya batho gape. Banefilime, bana ba ba diganka ba baengele ba ditsuolodi, ba ne ba swa botlhe. Ke Noa fela le lelapa la gagwe le lennye ba ba neng ba falola Morwalela.

Banna ba ba Tumileng Gompieno

Gompieno, medimo le bodimo ga ba sa tlhole ba le teng mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, thubakanyo yone e aname. Banna ba ba tumileng ba gompieno ke ba ba galalediwang mo dibukeng, mo dibaesekopong, mo thelebisheneng le mo mminong. Le ka motlha ba ka se akanye ka go tlisa lerama le lengwe, go rata baba ba bone, go batla kagiso, go itshwarela, kana go fularela thubakanyo. (Mathaio 5:39, 44; Baroma 12:17; Baefeso 4:32; 1 Petere 3:11) Go na le moo, diganka tsa motlha wa gompieno di ratelwa nonofo ya tsone le go kgona go lwa, go ipusolosetsa le go leka go fedisa thubakanyo di dirisa thubakanyo e e feteletseng. *

Tsela e Modimo a lebang batho bano ka yone ga e ise e fetoge fa e sa le ka motlha wa ga Noa. Jehofa ga a rate batho ba ba ratang thubakanyo, le gone ga a kgatlhiwe ke bopelokgale jwa bone. Mopesalema o ne a opela jaana: “Jehofa o leka basiami; moikepi le yo o ratang go thubaka, mowa wa gagwe o a ba ila.”—Pesalema 11:5.

Mofuta o Mongwe wa Nonofo

Monna yo o tumileng thata yo o kileng a tshela, Jesu Keresete, e leng monna wa kagiso, o farologane thata le banna ba diganka ba ba ratang thubakanyo. Fa a ne a le mo lefatsheng o ne a “sa [dire] thubakanyo epe.” (Isaia 53:9NW) Fa baba ba gagwe ba ne ba tla go mo tshwara kwa tshimong ya Gethesemane, balatedi ba gagwe ba ne ba tshwere ditšhaka. (Luke 22:38, 47-51) Ba ka bo ba ne ba ipopa segongwana sa ntwa gore a se ka a neelwa Bajuda.—Johane 18:36.

Tota e bile, moaposetoloi Petere o ne a somola tšhaka ya gagwe gore a femele Jesu, mme Jesu o ne a mo raya a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:51, 52) Ee, thubakanyo e tsala thubakanyo, jaaka go ile ga diragala mo hisitoring ya batho. Mo godimo ga gore  Jesu a ka bo a ile a iphemela ka dibetsa, o ne a na le tsela e nngwe ya go iphemela. O ne a raya Petere gape a re: “O akanya gore ga ke ka ke ka ikuela kwa go Rre gore a nneye mo go yone nako eno mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele?”—Mathaio 26:53.

Go na le go dirisa thubakanyo kana go sirelediwa ke baengele, Jesu o ne a itlogelela gore a tshwarwe ke batho ba ba neng ba mmolaya. Ka ntlha yang? Lebaka lengwe ke gore o ne a itse gore nako ga e ise e fitlhe ya gore Rraagwe wa selegodimo a fedise boleo mo lefatsheng. Mo boemong jwa gore Jesu a itseele molao mo matsogong, o ne a ikanya Jehofa.

Seno se ne se sa supe gore o bokoa mme se ne se bontsha gore o pelokgale thata. Jesu o ne a supa fa a na le tumelo e e nonofileng ya gore Jehofa o tla baakanya dilo ka nako ya Gagwe le gone ka tsela ya gagwe. E re ka Jesu a ne a le kutlo, o ne a godisediwa mo moemong a mo go one a neng a fetwa ke Jehofa fela ka bogolo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le Jesu: “A ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha kwa losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso. Ka lone lebaka leno gape Modimo o ne wa mo godisetsa kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi wa mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, e le gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo tle lo bolele ka tshosologo fa lo dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara.”—Bafilipi 2:8-11.

Tsholofetso ya Modimo ya go Fedisa Thubakanyo

Bakeresete ba boammaaruri ba tshela matshelo a bone go dumalana le sekao sa ga Jesu le dithuto tsa gagwe. Ga ba rate kana go etsa banna ba ba tumileng le ba ba ratang thubakanyo ba lefatshe leno. Ba itse gore mo nakong e Modimo a e beileng, batho ba ba ntseng jalo ba tla senngwa ka bosakhutleng, fela jaaka go ne ga diragala ka baikepi ba mo metlheng ya ga Noa.

Modimo ke Mmopi wa lefatshe le wa batho. Gape ke Molaodi yo o tshwanetseng. (Tshenolo 4:11) Fa e le gore moatlhodi wa motho o na le taolo ya semolao ya gore a dire tshwetso ya boatlhodi, ya Modimo yone e kwa godimo le go feta. Go tlotla melaometheo ya gagwe e e siameng, le go rata ba ba mo ratang, go tla mo tlhotlheletsa go fedisa boikepo le batho ba ba bo dirang.—Mathaio 13:41, 42; Luke 17:26-30.

Seno se tla dira gore re nne le kagiso e e tla nnelang ruri mo lefatsheng, kagiso e e theilweng thata mo tshiamisong le mo tshiamong. Seno se ne sa porofetiwa mo boporofeting jo bo itsegeng thata jo bo malebana le Jesu Keresete: “Ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: ‘Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.’ Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo, a le mo setulong sa bogosi sa ga Dafite, le mo bogosing jwa gagwe go bo tlhomamisa, le go bo tshegetsa ka katlholo le ka tshiamo, go tloga gompieno go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tlaa dira[g]atsa selo se.”—Isaia 9:6, 7.

Go a utlwala he go bo Bakeresete ba tlhwaela tsebe kgakololo eno ya bogologolo e e tlhotlheleditsweng: “O se ka wa rata wa bo o ka nna jaaka motho wa sesenyi, o bo o se ka wa itshenkela ditsela dipe tsa gagwe. Gonne yo o logwadi ke mofedisa pelo mo go Jehofa; leoma la gagwe le na le yo o thokgameng.”—Diane 3:31, 32.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Batho ba ba ratang thubakanyo ba metshameko ya dibidio le dibaesekopo tsa ditlhamane tsa saense gantsi ba bontsha mekgwa eno ya thubakanyo, e e bosula fela thata.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

DIGANKA TSA MOTLHA WA GOMPIENO DI RATELWA BOPELOKGALE JWA TSONE LE BOKGONI JWA TSONE JWA GO LWANTSHA THUBAKANYO KA GO DIRISA THUBAKANYO E FETELETSENG

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Alinari/Art Resource, NY