Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Nthate?

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Nthate?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Nthate?

“Pele ga rre a tlhala mmè, re ne re tle re ye kwa losing lwa lewatle, re tle re je kwa diresetšhurenteng le go ya kwa mafelong a a farologaneng ka koloi ya gagwe. Seno se ne sa fetoga gotlhelele. Rre o ne a fetoga. Go ntse jaaka e kete le nna o ntlhadile.”—Karen. *

BASHA ba le bantsi ba ikutlwa jalo. Fela jaaka Karen, ba na le boikutlo jwa gore motsadi ga a tlhole a ba rata—kana gore ga a ise a tsamaye a ba rate. Fano ga re bue ka maikutlo a go se itumele ka nakwana a a bakwang ke kgotlhang ya nakwana e e nnang teng fa gare ga basha le batsadi ba bone; e bile ga re bue ka go kgotswa ga bana fa batsadi ba sena go ba otlhaya. Ka dinako tse dingwe batsadi ba tlhokomologa bana ba bone, ba palelwa ke go ba tlhokomela le go ba otlhaya. Fa gongwe batsadi ba tshwara bana ba bone setlhogo, ba ba tlhaba ka mafoko kana ba ba setlaka.

Ga go na selo se se utlwisang botlhoko go feta fa motsadi a sa go rate. Karen a re: “Seo se ne se dira gore ke ikutlwe ke sa batliwe e bile ke tlhokomologilwe.” Fa e le gore o kile wa nna mo maemong a a ntseng jalo a a botlhoko, sekaseka dikakantsho dingwe tse di ka go thusang go itshokela tsela e o ikutlwang ka yone. Le fa batsadi ba gago ba sa go eme nokeng, tlhomamisega gore o ka atlega mo botshelong!

Go Tlhaloganya Batsadi ba Gago

Sa ntlha, go a utlwala gore o lebelele gore batsadi ba gago ba go rate. Lorato lwa motsadi le tshwanetse go nna la tlholego le le le ka ikanngwang fela jaaka go tlhaba ga letsatsi. Modimo o lebeletse gore batsadi ba bontshe lorato lo lo ntseng jalo. (Bakolosa 3:21; Tito 2:4) Mme gone ke ka ntlha yang fa ka dinako dingwe batsadi ba itlhokomolosa bana ba bone e bile ba ba latlha kana ba sa ba tshware sentle?

Lengwe la mabaka a a ka tswang a baka seno e ka nna dilo tse di ba diragaletseng mo botshelong. Ipotse, ‘Batsadi ba me ba ithutile kae go godisa bana?’ Gantsi batsadi ba ka ithuta fela mo tseleng e bone ba godisitsweng ka yone ke batsadi ba bone. Mme mo lefatsheng la gompieno le le makgwakgwa, le le nang le batho ba bantsi “ba ba se nang lorato lwa tlholego” gantsi bana ba godisiwa ka tsela e e sa siamang. (2 Timotheo 3:1-5) Ka dinako tse dingwe go felela ka gore batsadi ba se ka ba tshwara bana ba bone sentle fela jaaka le bone ba ne ba sa tshwarwe sentle.

Mo godimo ga moo, batsadi ba ka tswa ba na le mabaka a a farologaneng a go bo ba sa itumela. Bangwe ba bone ba leka go itebatsa mahutsana a bone le mathata ka go bereka thata, le go nwa bojalwa kana go dirisa diokobatsi. Ka sekai, William le Joan ba ne ba godisiwa ke rre yo o lemaletseng bojalwa. Joan a re: “Rre o ne a se ke a re akgola. Se se botlhoko le go feta, ke gore o ne a galefa fa a sena go nwa. O ne a omanya mmè bosigo jotlhe. Gantsi ke ne ke boifa.” Le fa go sa bonale gore batsadi ba sotla bana ba bone, tsela e ba itshwarang ka yone e ka dira gore ba palelwe ke go bontsha bana ba bone lorato le go ba tlhokomela.

William o akanya gore o itse se se dirang gore rraagwe a itshware ka tsela e e sa tlwaelegang. O tlhalosa jaana: “Rre o goletse kwa Berlin, kwa Jeremane, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Fa a ne a sa ntse a le mosimane o ne a bona dilo tse dintsi tse di tshosang le batho ba bantsi ba swa. Letsatsi le letsatsi o ne a kgaratlhela go bona dijo gore a tswelele a tshela. Ke akanya gore rre o ne a amiwa thata ke dilo tse di mo diragaletseng.” Ee, Baebele e a dumela gore batho ba ba gateletsweng thata ba ka itshwara ka tsela e e sa siamang.—Moreri 7:7.

A William le Joan ba akanya gore tsela e rraabone a godileng ka yone e ne e mo naya seipato sa gore a ba tshware ka tsela e a neng a ba tshwara ka yone? William a re: “Nnyaa. Tsela eno e a godileng ka yone e ne e sa mo neye seipato sa gore a nwe bojalwa ka tsela e e feteletseng le gore a se ka a itshwara sentle. Le fa go ntse jalo, go itse tsela e a godileng ka yone go nthusitse go tlhaloganya tsela e rre a itshwarang ka yone botoka.”

Fa o sa lebale kgang ya gore batsadi ba gago ga ba a itekanela mme o bo o ithuta sengwe mo tseleng e ba godileng ka yone, seo se ka go thusa thata gore o ba tlhaloganye. Diane 19:11 ya re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.”

Go Lepalepana le Maikutlo a Gago

Go na le maikutlo a mangwe a a kgobang marapo a a ka go tshwenyang ka ntlha ya maemo mo lelapeng. Ka sekai, Patricia o ne a ikutlwa “a se botlhokwa e bile a sa ratiwe” ka gonne batsadi ba gagwe ba ne ba mo tlhokomologa. LaNeisha o ne a sa kgone go tshepa banna botlhe morago ga gore rraagwe a ba tlogele ka nako ya fa a le dingwaga di le robedi fela. Mme Shayla ene o ne a iphitlhela a nyorelwa go ratiwa ke mongwe le mongwe fela, e le gore a kabe phatlha ya ga mmaagwe yo o neng a “lemaletse diokobatsi.”

Kgalefo le lefufa le tsone di ka baka mathata. Fa Karen a ne a bona rraagwe yo o nyetseng mosadi yo mongwe a ne a bontsha lelapa la gagwe le lesha lorato, seo se ne sa dira gore a “fufege thata.” Nako nngwe, Leilani o ne a ba a ikutlwa a ila batsadi ba gagwe. A re: “Ke ne ke tlhola ke lole le bone.”

Go a utlwala go bo o ka nna le maikutlo ano otlhe ka ntlha ya maemo a o leng mo go one. Le fa go ntse jalo, o ka lepalepana jang le maikutlo a a ntseng jalo a a kgobang marapo? Akanyetsa dikakantsho tse di latelang.

Atamalana le Jehofa Modimo. (Jakobe 4:8) O ka dira seo ka go itirela thulaganyo ya go bala Baebele le go kopana ka metlha le batho ba gagwe. Fa o ntse o bona tsela e Jehofa a dirisanang le batho ba bangwe ka yone, o tla simolola go lemoga gore o a ikanyega. O ka mo ikanya. “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo?” Jehofa o ne a botsa Baiseraele jalo. O solofetsa jaana: “Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.” (Isaia 49:15) Ka jalo rapela Modimo ka metlha. O se ka wa amega thata ka go batla go dirisa mafoko a a siameng. O a go tlhaloganya. (Baroma 8:26) Itse gore Jehofa o a go rata tota le fa go bonala e kete ga go ope yo o go ratang.—Pesalema 27:10.

Bua le mogolo mongwe yo o mo ikanyang. Itsalanye le batho ba ba godileng sentle semoyeng. Ba tlhalosetse maikutlo a gago le dilo tse di go tshwenyang o sa lobe sepe. Mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa o ka kgona go nna le borre le bommè ba semoya. (Mareko 10:29, 30) Le fa go ntse jalo, go ka nna ga tlhokega gore e nne wena yo o tsayang kgato pele go ba tlhalosetsa kafa o ikutlwang ka teng. Batho ba bangwe ga ba na ba itse kafa o ikutlwang ka teng fa o sa ba bolelele. O ka gomodiwa thata ke go ba tshololela pelo ya gago.—1 Samuele 1:12-18.

Nna o tshwaregile ka go thusa batho ba bangwe. Gore o kgone go fenya bothata jwa go ikutlwela botlhoko, leka thata gore o se ka wa nna wa akanya ka maemo a o leng mo go one. Go na le moo, itumelele se o nang le sone. Itirele ditshono di le dintsi ka go ‘tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang wena fela, mme go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.’ (Bafilipi 2:4) Ipeele mekgele ya semoya, mme o dire ka natla gore o e fitlhelele o na le maikutlo a a siameng. Go thusa batho ba bangwe mo bodireding jwa Bokeresete ke tsela e e molemo ya go tlhoma mogopolo mo bathong ba bangwe e seng fela mo go wena.

Tswelela pele o tlotla batsadi ba gago. Nna o ntse o latela melaometheo ya Baebele ka metlha. Seo se akaretsa go tlotla batsadi ba gago. (Baefeso 6:1, 2) Go ba tlotla go tla dira gore o se ka wa nna le maikutlo a go ipusolosetsa le go lwa le bone. Se lebale gore le fa batsadi ba gago ba ka tswa ba go diretse diphoso tse di kana kang seo ga se bolele gore le wena o dire jalo. Ka gone, tlogela kgang mo diatleng tsa ga Jehofa. (Baroma 12:17-21) Ke “morati wa tshiamiso” e bile o amega fela thata ka tshireletsego ya bana. (Pesalema 37:28; Ekesodo 22:22-24) Fa o ntse o tsweletse pele ka go bontsha batsadi ba gago tlotlo e e tshwanetseng, lwela go nna le maungo a moya wa Modimo—segolobogolo lorato.—Bagalatia 5:22, 23.

O ka Atlega

Ga go pelaelo gore go se ratiwe ke batsadi go utlwisa botlhoko. Mme gone go palelwa ga batsadi ga go a tshwanela ga tlhotlheletsa botho jwa gago. O ka tlhopha go nna motho yo o itumetseng, yo o atlegileng ka go dirisa melaometheo ya Baebele e e umakilweng fa godimo mo botshelong jwa gago.

William, yo o nopotsweng pelenyana, ke moithaopi wa nako e e tletseng kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. O bolela jaana: “Jehofa o re rulaganyeditse dilo tse dintsi tse di re thusang go lepalepana le maemo ano a a boima. A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go nna le Rre yo o kwa legodimong yo o lorato le yo o amegang!” Kgaitsadie e bong Joan, ke modiredi wa nako e e tletseng kwa lefelong le go tlhokegang bareri ba le bantsi kwa go lone. O bolela jaana: “Fa re ntse re gola, re ne ra bona pharologano ‘fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direleng.’” (Malaki 3:18) “Se se re diragaletseng se re thusa go ititaya sehuba go lwela boammaaruri le go bo tshelela.”

Le wena o ka atlega ka tsela e e tshwanang. Baebele e bolela jaana: “Ba ba jalang peo ka dikeledi ba tla roba ba goa ka boipelo.” (Pesalema 126:5) Temana eno e amana jang le kgang eno? Ee, fa o dira ka natla go dirisa melaometheo e e siameng mo maemong a a boima, dikeledi tsa gago kgabagare di tla fetoga boipelo fa Modimo a ntse a go segofatsa.

Ka gone, lwela go nna o atamalana le Jehofa Modimo. (Bahebera 6:10; 11:6) Tota le fa o feditse dingwaga di le dintsi o tlhobaela, o betwa ke pelo e bile o ikutlwa o le molato, maikutlo ano a ka kokobala ka iketlo a bo a tseelwa sebaka ke “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—Bafilipi 4:6, 7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

A o Ikutlwa . . .

• O se motho wa sepe?

• O sa kgone go tshepa batho ba bangwe?

• O tlhoka go kgothadiwa nako le nako?

• O sa kgone go laola bogale le lefufa la gago?

Fa e le gore o araba nngwe le nngwe ya dipotso tseno ka ee, buisana le motsadi mongwe yo o mo ikanyang, mogolwane kana tsala ya gago e e godileng sentle semoyeng ka bonako jo bo ka kgonegang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Tsaya dikgato tse di siameng go lepalepana le maikutlo a gago