Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Malapa a Motsadi yo o Nosi a Oketsega

Malapa a Motsadi yo o Nosi a Oketsega

Malapa a Motsadi yo o Nosi a Oketsega

“Masigo a le mantsi ke ne ke tlhola ke rapela Modimo ke lela ke mo raya ke re: ‘Ga ke itse gore ke direng ka moso.’”—GLORIA, MMÈ YO E LENG MOTSADI YO O NOSI WA BANA BA BARARO.

GOMPIENO malapa a motsadi yo o nosi a setse a tlwaelegile thata mo mafelong a le mantsi. * Fa thulaganyo e e tlwaelegileng ya lelapa, e mo go yone go nang le monna, mosadi le bana, e ntse e tseelwa sebaka ke mefuta e mengwe ya malapa, baithutaloago mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe ba ipotsa gore ke eng se se dirang jalo.

Simon Duncan le Rosalind Edwards ba e leng boporofesa ba thutoloago ba bolela gore “go nna le diphetogo mo malapeng le mo tseleng e banna le basadi ba lebanang ka yone.” Ka ntlha yang? Batho bangwe ba ba etseng dilo tlhoko ba bolela gore seno se dirwa ke ditshwetso tse batho ba itirelang tsone malebana le botshelo jo ba batlang go bo tshela go ya ka maemo a ikonomi, a setso le go ya ka diphetogo mo setšhabeng.

A re sekaseke dingwe tsa diphetogo tseno le ditshwetso tse batho ba di tsayang. Mathata a botshelo ke selo se segolo se se amang botshelo jwa batho. Ba malapa ba amiwa thata ke dilo tse di kwantle ga lelapa go tloga fela fa ba tsoga mo mosong. Nako e pele ba neng ba e dirisetsa ditiro tsa lelapa jaanong e dirisediwa go leba Internet, thelebishene, go founa, go tsamaya ka koloi, go iwa kwa le kwa.

Mathata a tsa ikonomi le one a imetsa malapa. Dilo tsa segompieno di ja madi a mantsi, ka jalo batsadi ba le bantsi ba tshwanelwa ke go bereka. Go nna karolo ya setšhaba se se ratang go fuduga go dirile gore batho ba le bantsi ba bereke ba bo ba nne kwa mafelong a a kgakala le ba masika a bone mme ka dinako tse dingwe ba nna kgakala le balekane ba bone ba lenyalo. Mo dinageng di le dintsi, difilimi tse di ratiwang, mmino le mefuta e mengwe ya boitlosobodutu ga di thuse ka sepe ka gonne di dira gore go nyadiwe ditheo tse di dirang gore motho a ikutlwe a babalesegile tse di jaaka lenyalo le lelapa. *

Mofuta o Mosha wa Mmè yo o Nosi

Gompieno bommè ba ba se nang balekane ba farologana le ba nako e e fetileng ba e neng e le basha ba ba sa nyalwang ba ba neng ba ikaegile ka dithuso tsa puso. Go nna mmè yo o sa nyalwang ga e tlhole e le selo se se tlhabisang ditlhong e bile batho ba ba tumileng ba a go rotloetsa. Mo godimo ga moo, basadi ba bantsi ba rutegile e bile ba kgona go itlamela—ka gone lenyalo ga e tlhole e le selo se bommè ba se tlhokang gore ba nne le madi.

Bommè bangwe ba ba se nang balekane, segolobogolo ba e leng bana ba batsadi ba ba tlhalaneng, ba nna ba sa nyalwa ka gonne ba sa batle gore bana ba bone ba utlwisiwe botlhoko ke go bona motsadi yo mongwe a ba tlogela. Basadi ba bangwe e nna batsadi ba ba se nang balekane ka ntlha ya go bo ba tlogetswe, e seng ka go bo ba rata. Mokgatlho wa Boritane wa Joseph Rowntree o bolela jaana: “Ga se gantsi motho a nnang motsadi yo o nosi ka go bo a itlhophetse, e bile ga se gore bana ba malapa a motsadi yo o nosi ba a tlhokomologiwa le go tlogelwa fela ba sa otlhaiwe.”

Le fa go ntse jalo, go ata ga malapa a motsadi yo o nosi go a tlhobaetsa ka gonne batsadi ba ba se nang balekane le bana ba bone ba nna le mathata a go tshwenyega mo maikutlong, a go tlhoka madi le go se kgone go nna le dilo dingwe. Batho ba bangwe ba ipotsa gore a go a kgonega gore motsadi yo o nosi a godise bana ka katlego. Dingwe tsa dikgwetlho tsa malapa a motsadi yo o nosi ke dife? Mokeresete yo e leng motsadi yo o nosi a ka kgona jang go itshokela kgwetlho ya go godisa bana?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Baithutaloago ba bolela gore bommè ba ba se nang balekane ‘ba bantsi thata go feta borre ba ba se nang balekane.’ Ka gone, ditlhogo tseno di tla bua thata ka bommè ba ba se nang balekane. Le fa go ntse jalo, dintlha tse di tlhalosiwang mono di ama le borre ba ba se nang balekane.

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso kaga dikgwetlho tsa go nna mmè, bona setlhogo se se reng “Go Nna Mmè—A go Tlhoka Mosadi yo o Tlhomologileng?” mo makasineng wa Tsogang! wa April 8, 2002.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

Ditlhaloso Dingwe

Go dirisiwa mareo a a farologaneng mo lefatsheng lotlhe go tlhalosa bommè ba ba godisang bana ba le bosi. Mo dinageng dingwe go dirisiwa lereo “Mmè yo o se nang molekane” go tlhalosa bommè ba ba iseng ba ko ba nyalwe, fa mo dinageng tse dingwe go dirisiwa lereo “mmè yo o nosi” go tlhalosa bommè botlhe ba ba godisang bana ba se na molekane wa monna mo lapeng. Bommè bao ba ka tswa ba tlhadilwe, ba kgaogane le balekane ba bone kana e le batlholagadi, kana ba ise ba ko ba tsamaye ba nyalwe.

Mo ditlhogong tseno, re dirisa mareo, “motsadi yo o nosi” le “mmè yo o nosi” go tlhalosa batsadi ba ba godisang bana kwantle ga molekane wa lenyalo.

[Lebokoso/Mmapa mo go tsebe 4, 5]

Go Nna Motsadi Yo O Nosi—Selo Se Se Atang Mo Dinageng Di Le Dintsi

United States: “Go tloga ka 1970 go fitlha ka 2000 palo ya bommè ba ba se nang balekane e oketsegile go tloga go dimilione di le 3 go ya go dimilione di le 10; mo go yone nako eo, palo ya borre ba ba se nang balekane le yone e ile ya oketsega, go tloga go 393 000 go ya go dimilione di le 2.”—U.S. Census Bureau.

Mexico: Go ya ka lokwalodikgang lwa La Jornada, diperesente di le 27 tsa batho ba ba imang kwa nageng eo ke basetsana ba dingwaga tsa bolesome.

Ireland: Palo ya malapa a motsadi yo o nosi e oketsegile go tloga go diperesente di le 5,7 ka 1981 go ya go diperesente di le 7,9 ka 1991. “Go thubega ga malapa e sa ntse e le sone selo se segolo se se dirang gore go nne le bommè ba ba se nang balekane.”—Single Mothers in an International Context, 1997.

Boritane: “Ke la ntlha go direga gore palo ya malapa a a tlhokomelwang ke batsadi ba ba se nang balekane e fete diperesente di le 25, e leng se se bontshang gore palo ya bommè ba ba iseng ba ko ba nyalwe e oketsegile ka selekanyo se segolo le gore tlhalo le yone e oketsegile thata mo dingwageng tse 30 tse di fetileng.”—The Times, London, March 2, 2000.

Fora: “Fa e sale mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1970, palo ya malapa a motsadi yo o nosi e oketsegile ka selekanyo se se fetang diperesente tse 50.”—Single Mothers in an International Context, 1997.

Jeremane: “Palo ya batsadi ba ba se nang balekane e oketsegile go menagane gabedi mo dingwageng tse di masomeamabedi tse di fetileng. Mo e batlang e le malapa otlhe a motsadi yo o nosi . . . a tlhokometswe ke bommè.”—Single Mothers in an International Context, 1997.

Japane: ‘Malapa a motsadi yo o nosi a ntse a oketsega fa e sa le go tloga ka dingwaga tsa bo1970.’ Ka 1997, diperesente di le 17 tsa malapa otlhe di ne di tlhokometswe ke bommè ba ba se nang balekane.—Single Mothers in an International Context, 1997; The World’s Women 2000: Trends and Statistics.

Gerika: “Fa e sale ka 1980, palo ya bommè ba ba sa nyalwang mo nageng ya rona [ya Gerika] e oketsegile ka diperesente tse 29,8. Mme go ya ka tshedimosetso ya European Union, ka 1997 palo ya bana ba ba tshotsweng ke batsadi ba ba sa nyalwang e ne e le diperesente tse 3,3 fa ka 1980 e ne e le diperesente tse 1,1.”—Ta Nea, Athens, September 4, 1998.

Australia: Mo e batlang e le ngwana a le 1 mo go ba le 4 o godisiwa ke motsadi a le mongwe fela mo batsading ba gagwe ba ba mo tsetseng. Gantsi seno se bakwa ke go thubega ga manyalo. Go ile ga fopholediwa gore mo dingwageng tse di fetang 25, malapa a motsadi yo o nosi a tlile go oketsega ka diperesente tse di magareng ga tse 30 go ya go tse 66.—Australian Bureau of Statistics.