Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

Ba ne Ba Bidiwa “Bomorwa Tumo ya Maru”

Ba ne Ba Bidiwa “Bomorwa Tumo ya Maru”

FA GO le matsubutsubu, o ka nna wa utlwa tumo e kgolo ya maru. A seo se kile sa go tshosa? * Jesu o ne a bitsa balatedi ba gagwe ba babedi a re ke “Bomorwa Tumo ya Maru.” Mma re bone gore ke ka ntlha yang fa a ne a ba bitsa jalo.

Balatedi bano ba babedi ba ga Jesu e ne e le Jakobe le Johane. E ne e le bana ba motho, bomorwa Sebede le mosadi wa gagwe e bong Salome. Salome e ka tswa e ne e le monnawe Marea mmaagwe Jesu. Ka jalo Jesu, Jakobe le Johane e ka tswa e ne e le bontsala e bile e le ditsala tse dikgolo fa ba ntse ba gola.

Sebede e ne e le motshwaraditlhapi mme Jakobe le Johane le bone e ne e le batshwaraditlhapi. Ba babedi bano e ne e le bangwe ba batho ba ntlha ba Jesu a neng a ba tlhopha go nna balatedi ba gagwe. Fa a ne a re ba mo sale morago, ka yone nako eo fela ba ne ba tlogela kgwebo ya bone ya go tshwara ditlhapi mme ba mo sala morago. Moragonyana Jesu o ne a tlhopha balatedi ba gagwe ba le 12 gore e nne baaposetoloi ba gagwe. Jakobe le Johane e ne e le bangwe ba bone.

Dikgwedi di se kae pele Jesu a bolawa, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tsamaya mo kgaolong e e dithaba ya Samarea. Letsatsi le ne le phirima mme botlhe ba ne ba lapile thata. Mme Basamarea ba ne ba re ga ba batle gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba lale mo motseng wa bone. A o itse gore ke ka ntlha yang?— Mma re bone.

Jesu le baaposetoloi ba gagwe e ne e le Bajuda mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba bifela Basamarea. Jesu ene o ne a se ke a dira jalo. O ne a ba tshwara ka bopelontle, e leng se Jakobe le Johane le bone ba neng ba tshwanetse go se dira. Mme barutwa bano ba babedi ba ne ba galefela Basamarea ba ba neng ba sa ba amogele mme ba botsa Jesu ba re: ‘A o batla gore re bolelele molelo gore o fologe kwa legodimong mme o ba nyeletse?’ O akanya gore Jesu o ne a reng?— O ne a ba bolelela gore ba ne ba sa tshwanela go bua selo se se bosula jalo! Jakobe le Johane ba ne ba tshwanetse go ithuta mo go oketsegileng ka kutlwelobotlhoko.

Bothata jo bongwe jo bogolo jo Jakobe le Johane ba neng ba na le jone ke gore ba ne ba rata go nna ba ntlha le gore ba tsewe ba le botlhokwa go feta ba bangwe. Nakwana fela pele ga loso lwa ga Jesu, ba ne ba roma mmaabone kwa go ene gore a mo reye a re: “Ntsha taelo gore bomorwaake ba babedi bano ba nne, yo mongwe kafa seatleng sa gago sa moja mme yo mongwe kafa go sa molema, mo bogosing jwa gago.” Mme fa baaposetoloi ba bangwe ba ba lesome ba utlwa gore Jakobe le Johane ba dirile eng, ba ne ba galefa. A le wena o ne o tla galefa?

Ee gongwe. Ga re rate fa batho ba bangwe ba batla gore e nne bone ba ntlha le gore ba tsewe ba le botlhokwa go feta ba bangwe. Moragonyana Jakobe le Johane ba ne ba lemoga gore ba ne ba le phoso le gore ba ne ba se pelontle mme ba ne ba fetoga. E ne ya nna baaposetoloi ba ba lorato le ba ba pelontle. Re ka ithuta eng mo go seno?

Sengwe se re tshwanetseng go se ithuta mo go Jesu ke gore le rona re tshwanetse go nna pelonomi mo bathong ba bangwe. Jesu o ne a tshwara batho sentle go akaretsa banna, basadi le bana. A ka metlha o tla leka ka natla go gopola sekao sa gagwe o bo o se latela?

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.