Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Etela Naga e e Apereng Kobo e Tshweu

Go Etela Naga e e Apereng Kobo e Tshweu

 Lekwalo le le Tswang Kwa Norway

Go Etela Naga e e Apereng Kobo e Tshweu

E NE e le mariga mme go ne go sa le phakela thata. Re ne ra okomela ka fensetere go bona gore maemo a bosa a ntse jang. Go ne go itumedisa tota go bona loapi lo apogile! Re ne re tlile go fetsa malatsi a le mararo re rera kwa Finnmarksvidda—setlhaba se segolo se se mo karolong e e kwa bokone ya Norway.

Mariga a kwa Norway a tsididi, ka jalo re ne re tlhobaela ka loeto lwa rona lwa go ya kwa karolong e e kwa bokone. Se se itumedisang ke gore, re ne re tsamaya le Basupi ba ga Jehofa ba bararo ba kwa lefelong leo. Ba ne ba itse gore go ntse jang koo mme ba re naya kgakololo e e molemo.

Lefelo leno ga le na ditsela tse dintsi. Tsela e e molemo ya go ya kwa bathong ba ba nnang kwa mafelong a a kgakala ke go tsamaya ka kolotsana e e tsamayang mo kapokong. Re ne ra paka diaparo, dijo le lookwane lo lo oketsegileng mo dikolotsaneng tsa rona le mo seleing. Kwa pele go ne go larile setlhaba se segolo se se mo thabeng, se aparetswe ke kapoko e e nyedimang jaaka diteemane di itewa ke marang a letsatsi. Go ne go le gontle tota!

Kwa Finnmarksvidda go na le diphologolo tse di farologaneng tsa naga tse di jaaka bommutla, bophokoje le dibera di se kae. Mme se se neng se re itumedisa thata ke gore re ne re tlile go kopana le batho ba ba nnang mo lefelong leno le le kgakala. Re ne re lebile pele go kopana le Ba-Sami ba ba itshedisang ka go rua diphologolo dingwe tsa naga kgotsa ka go bereka kwa mafelong a a mo dithabeng a go amogela baeng.

Fa re ne re le kafa ntle ga lefelo la ntlha la go amogela baeng la mo thabeng, re ne ra kopana le setlhopha sa basha ba ba tsenang sekolo mmogo ba tshameka motshameko wa go relela mo kapokong kwa nageng. Ba ne ba ema mme ba re botsa gore re tlile go dira eng. Re ne ra itumelela go ba tlhalosetsa. Fa re tsamaya, mongwe wa bone o ne a re eleletsa molemo mo tirong ya rona ya go rera. Go tswa foo re ne ra boela mo dikolotsaneng tsa rona tse di tsamayang mo kapokong, re bo re kgabaganya makadiba a magolo a a suleng dikgapetla le naga e e aparetsweng ke kapoko. A re ne re tla bona motlhape wa diphologolo tsa naga tse di ruilweng?

Fa re ya re lebile ntlo nngwe e nnye, monna mongwe o ne a re dumedisa ka lorato. E ne e le mongwe wa batho ba se kae ba ba agileng mo lefelong leno. Fa a lemoga gore selei sa rona se senyegile, ka bopelontle o ne a ithaopela go se baakanya. O ne a se baakanya a iketlile; batho ba mono ga ba dire dilo ka lepotlapotla. Tsela e a neng a dira dilo ka yone e ne ya dira gore le rona re kgobe kgetsi. Fa a sena go baakanya selei, re ne ra mo leboga mme ra mmontsha dintlha di se kae go tswa mo Baebeleng malebana le gore ke ka ntlha yang  fa Modimo a letlelela pogo. O ne a reetsa ka ditsebe tsoopedi. Pele re tsamaya re ne ra mo naya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! O ne a nyenya mme a re: “Ke itumelela go bo lo fapogetse kwano.”

Fa re sena go etela batho ba bangwe ba le mmalwa, letsatsi le ne la phirima mme re ne ra tsena mo tseleng e e yang kwa ntlong e e dirilweng ka mapolanka e re neng re tla robala mo go yone. Ka tshoganyetso re ne ra bona phokoje. Boboa jwa yone jo bohibidu bo ne bo phatsima bontle mo kapokong e tshweu. Phokoje eno e ne ya ema go se kae, ya re keleka, go tswa foo e bo e tsamaya. Kapoko e ne ya simolola go na, e re thatafaletsa go bona kwa re yang teng. Kgabagare re ne ra itumela thata fa re bona ntlo e e dirilweng ka mapolanka! Re ne ra gotsa molelo mo setofong sa dikgong, mme ntlo e ne ya thuthafala ka bonya ka bonya. Le fa re ne re lapisitswe ke go tlhola re kgotlhokgotshega mo kolotsaneng ya kapoko, re ne re itumetse.

Bosigo bo ne jwa sa ka bonako ka gonne re ne re sa ntse re lapile. Re ne ra boa gape ra pega dithoto mo kolotsaneng ya rona ya kapoko mme ra tsamaya ka yone ra ya kwa nageng e e kwa tlase, ra iphaphatha le lotshitshi lwa noka, re bo re tsena mo lefelong le lengwe la mo thabeng la go amogela baeng. Re ne ra kopana le lekawana lengwe koo mme ra tlotla le lone ka dikgang tse di kgothatsang tsa Baebele. Ka bopelontle le ne la re bontsha gore re ka boela jang motlhofo kwa tseleng.

Letsatsi la bofelo la loeto lwa rona le ne la goroga. Fa re tsena mo Stabbursdalen National Park, re ne ra iphitlhela re dikologilwe ke naga e ntle mme kwa kgakala go na le dithaba tse dintle tse di aparetsweng ke kapoko e e nyedimang fa e itewa ke marang a letsatsi. Re ne ra bona motlhape o mogolo wa diphologolo tsa naga tse di ruilweng! Di ne di fula di iketlile di dirisa ditlhakwana tsa tsone tse dikgolo go epa dimela tse di bipilweng ke kapoko. Re ne ra bona Mo-Sami a le kgakajana a ntse mo kolotsaneng ya gagwe ya kapoko. O ne a iketlile a tlhokometse motlhape wa gagwe. Ntša ya gagwe e ne e disitse motlhape ka kelotlhoko gore o se ka wa phatlalala. E ne ya ema go se kae mme ya nkgankga kafa ntlheng ya rona. Mme e ne ya boela kwa tirong ya yone ka bonako. Re ne ra bolelela modisa molaetsa wa rona. O ne a le botsalano mme a re reetsa.

Fa re boela kwa gae, re ne re akanya ka batho botlhe ba re neng re kopane le bone mo loetong lwa rona lwa dikilometara di le 300. Re go tsaya e le tshiamelo go bo re ile ra nna le seabe se sennye mo go fitlheleleng batho ba ba mo nageng eno e e apereng kobo e tshweu.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

© Norway Post