Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

Bopelotshetlha bo Dirile Gore Gehasi A se Ka a Amogelwa ke Modimo

Bopelotshetlha bo Dirile Gore Gehasi A se Ka a Amogelwa ke Modimo

A GO na le sengwe se o kileng wa bo o se batla thata? * Fa go le jalo, o tshwana le batho ba bangwe ba bantsi. A mme o tshwanetse go leka go bona se o se batlang ka go bua maaka?— Nnyaa, ga o a tshwanela. Motho yo o dirang jalo o pelotshetlha. Mma re bone gore bopelotshetlha bo ne jwa dira jang gore monna yo o bidiwang Gehasi a se ka a amogelwa ke Modimo. E ne e le motlhanka wa ga Elisha, moporofeti wa Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa.

Elisha le Gehasi ba ne ba tshela bogologolo tala, dingwaga di ka nna sekete pele Morwa Modimo e bong Jesu a tla mo lefatsheng. Jehofa o ne a dirisa Elisha go dira dilo tse di molemo tota—go dira dikgakgamatso! Ka sekai, Baebele e bua ka monna mongwe yo o neng a tlotliwa mo sesoleng sa Siria yo o neng a na le bolwetse jo bo maswe jwa lepero. Go ne go se na motho yo o neng a ka mo fodisa mme Elisha o ne a mo fodisa.

Fa Elisha a ne a dirisiwa ke Modimo gore a fodise batho, le ka motlha o ne a sa amogele madi. A o itse gore ka ntlha yang?— Ka gonne Elisha o ne a itse gore dikgakgamatso tseo di ne di tswa kwa go Jehofa—e seng mo go ene. Fa Naamane a sena go fodisiwa o ne a itumela thata mo a neng a batla go naya Elisha dimpho tsa gouta, selefera le diaparo tse dintle. Elisha o ne a sa batle go tsaya le fa e le nngwe ya dimpho tseo, mme Gehasi o ne a di batla fela thata.

Fa Naamane a sena go tsamaya, Gehasi o ne a mo sala morago a sa bolelela Elisha. Fa a goroga kwa go Naamane, a o itse gore Gehasi o ne a mo raya a reng?—‘Elisha o nthomile gore ke go bolelele gore go na le baeng ba babedi ba ba sa tswang go goroga. A ka rata gore o mo neye diaparo tse pedi gore a di neye banna bao.’

Mme o ne a bua maaka! Gehasi o ne a itlhametse kgang ya baeng ba babedi. O ne a bua kgang eo ka gonne a batla diaparo tse Naamane a neng a batla go di naya Elisha. Gone ke boammaaruri gore Naamane ga a itse ka gone. Ka jalo o itumelela go naya Gehasi dimpho tseo. E bile Naamane o naya Gehasi dilo tse di fetang tse a di kopileng. A o itse gore go ne ga direga eng morago ga foo?

Fa Gehasi a boela gae, Elisha o mmotsa jaana: ‘O tswa kae?’

Gehasi o araba ka gore: ‘Nnyaa, ga ke tswe gope.’ Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bolelela Elisha se Gehasi a se dirileng. Ka jalo Elisha o mo raya a re: ‘Eno ga se nako ya go amogela madi le diaparo!’

Gehasi o ne a tsere madi le diaparo tse e neng e se tsa gagwe. Ka jalo Modimo o ne a dira gore Gehasi a tshwarwe ke lepero la ga Naamane. O akanya gore re ka ithuta eng mo go seno?— Sengwe se re ka se ithutang ke gore ga re a tshwanela go tlhama dikgang tsa maaka.

Ke ka ntlha yang fa Gehasi a ne a tlhama kgang e tota e neng e le maaka?— Ke ka gonne Gehasi o ne a le pelotshetlha. O ne a batla dilo tse e neng e se tsa gagwe mme a leka go nna le tsone ka go bua maaka. Seo se ne sa dira gore a tshwarwe ke bolwetse jo bo maswe botshelo jotlhe jwa gagwe.

Mme go na le sengwe se se maswe go feta lepero se se neng sa diragalela Gehasi. A o itse gore ke eng seo?— Modimo o ne a sa tlhole a mo amogela e bile o ne a sa tlhole a mo rata. A le ka motlha re se dire sepe se se ka dirang gore Modimo a se tlhole a re amogela! Go na le moo, a re nneng pelonomi re bo re iketleeletse go abelana le batho ba bangwe dilo.

Bala mo baebeleng ya gago

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.