Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefatshe le Tla Fela ka 2012?

A Lefatshe le Tla Fela ka 2012?

Babadi ba a Botsa . . .

A Lefatshe le Tla Fela ka 2012?

▪ “Batho ba le bantsi ba ba dumelang gore lefatshe le tla fela ba thologetse kwa motseng mongwe kwa Fora . . . Ba dumela gore lefatshe le tla fela ka 21 December 2012, fa go tla bo go wela modikologo wa dingwaga di le 5 125 mo khalendareng ya bogologolo ya Ba-Maya.”—BBC News.

Le fa baeteledipele ba bodumedi, batho ba ba iphakang fa e le baitsesaense le batho ba bangwe ba lekgolo la bo21 la dingwaga ba ba bolelelang isagwe pele, ba re lefatshe le tla fela, lefatshe le tla nna le le teng. Ee, lefatshe le tla bo le sa ntse le le teng morago ga 2012. Tota e bile, lefatshe ga le kitla le fela ka ngwaga oo e bile le tla tswelela le le teng go ya go ile.

Baebele e re bolelela jaana: “Dikokomana di a tla mme dikokomana di a feta, fa lefatshe lone le nnetse ruri.” (Moreri 1:4, The New English Bible) Gape ela tlhoko se Isaia 45:18 e se buang: “Jehofa o buile jaana, . . . Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone, Ene Yo o le tlhomamisitseng thata, yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa: ‘Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.’”

A rre yo o lorato o ne a ka fetsa diura di le dintsi a tlhama le go agela morwawe setshamekisi sa mokoro gore a itumelele go tshameka ka sone kgotsa a agela morwadie ntlonyana ya bompopi gore a itumelele go tshameka ka yone mme a bo a e senya fela fa a sena go mo naya yone? O ne a tla bo a le setlhogo tota! Ka tsela e e tshwanang, Modimo o ne a bopa lefatshe gore batho ba a ba bopileng ba itumelele go nna mo go lone. Modimo o ne a raya banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” Morago ga moo, “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” (Genesise 1:27, 28, 31) Modimo ga a fetogela maikaelelo a gagwe ka lefatshe; ga a ka ke a letla gore lefatshe le senngwe. Jehofa o ne a bua jaana a gatelela malebana le dilo tsotlhe tse a di solofeditseng: “Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

Le fa go ntse jalo, thato ya ga Jehofa ke “go senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) O solofetsa jaana mo Lefokong la gagwe: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”—Diane 2:21, 22.

Seno se tla direga leng? Ga go na motho ope yo o itseng. Jesu o ne a re: “Ka ga letsatsi leo kgotsa nako ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimong kgotsa Morwa, fa e se Rara.” (Mareko 13:32) Basupi ba ga Jehofa ga ba leke go bolelela pele gore Modimo o tla senya baikepi leng. Le fa ba lemoga “sesupo” sa motlha wa bofelo e bile ba dumela gore batho ba tshela mo “metlheng ya bofelo” e Baebele e buang ka yone, ga ba ka ke ba itse gore tota “bokhutlo” bo tla tla leng. (Mareko 13:4-8, 33; 2 Timotheo 3:1) Ba tlogelela kgang eo mo go Rraabone yo o kwa legodimong le mo go Morwawe.

Mo nakong eno, Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, puso ya kwa legodimong e e tla busang le go fetola lefatshe go nna paradaise e e nang le kagiso, e ‘basiami ba tla e ruang ba bo ba nna mo go yone ka bosakhutleng.’—Pesalema 37:29.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Image Science and Analysis Laboratory, NASA-Johnson Space Center