Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Botshelo bo Lebega Bo se Na Bokao?

Ke ka Ntlha Yang fa Botshelo bo Lebega Bo se Na Bokao?

Ke ka Ntlha Yang fa Botshelo bo Lebega Bo se Na Bokao?

KE KA ntlha yang fa o tshwanetse go dumela gore mo isagweng botshelo ga e kitla e nna “lobaka lo lokhutshwane fela lwa botshelo jo bo se nang bokao” lo Kgosi Solomone a neng a re re feta mo go lone “jaaka moriti”? (Moreri 6:12, The New English Bible) Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele—motswedi wa tshedimosetso o o ka ikanngwang ka dinako tsotlhe—le solofetsa gore botshelo mo isagweng bo tla nna le bokao jwa mmatota.—2 Timotheo 3:16, 17.

Baebele e re bolelela se Modimo a neng a se ikaeletse ka lefatshe go tloga kwa tshimologong. Gape e tlhalosa lebaka la go bo lefatshe le tletse tshiamololo, kgatelelo le pogo. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tlhaloganye dilo tseno? Ka gonne lebaka la konokono la go bo batho ba akanya gore botshelo ga bo na bokao gotlhelele ke gore ga ba lemoge—kgotsa ba itlhokomolosa—boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le batho ba ba mo go lone.

Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe ke Bofe?

Jehofa Modimo * o dirile lefatshe gore e nne legae la batho le le itekanetseng la paradaise—lefelo le mo go lone banna le basadi ba neng ba tla itumelela botshelo jo bo nang le bokao le jo bo kgotsofatsang, ba itekanetse ka bosakhutleng. Ntlha eno ya konokono ga e dumalane le kgopolo e batho ba le bantsi ba e dumelang mme e sa tswe mo Dikwalong ya gore Modimo o dirile lefatshe gore e nne lefelo le a tla lekang batho mo go lone, go bona gore a ba tshwanelegela go tshela botshelo jo bo nang le bokao kwa lefelong la moya.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng “A re Tshwanetse go Tswa mo Lefatsheng Gore re Itumelele Botshelo jo bo Nang le Bokao?” le le mo go tsebe 6.

Modimo o bopile monna le mosadi mo setshwanong sa gagwe mme a ba naya bokgoni jwa go etsa dinonofo tsa gagwe tse di molemo. (Genesise 1:26, 27) O ba bopile ba itekanetse. Ba ne ba na le sengwe le sengwe se ba se tlhokang gore ba itumelele botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo nang le bokao go ya go ile. Seno se ne se tla akaretsa go tlatsa lefatshe le go le fenya, go fetola polanete eno yotlhe go nna paradaise fela jaaka tshimo ya Edene e ne e ntse.—Genesise 1:28-31; 2:8, 9.

Go Senyegile Kae?

Go bonala sentle gore dilo ga di a ka tsa tsamaya sentle gotlhelele. Batho ka kakaretso ga ba bontshe dinonofo tsa Modimo tse di molemo. Ruri lefatshe ga se paradaise. Go diragetseng? Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ga ba a ka ba dirisa kgololesego ya bone sentle. Ba ne ba batla go “tshwana le Modimo,” ba itirela tshwetso ya se “se siameng le se se sa siamang” malebana le boitsholo. Ka go dira jalo, ba ne ba latela Satane Diabolo mo botsuoloding jo a neng a bo dirile.—Genesise 3:1-6.

Ka jalo, bosula ga se karolo ya thulaganyo nngwe ya masaitsiweng e Modimo a neng a e laoletse go sa le gale. Bo simologile fa Satane a tsuologela bobusi jwa Modimo, mme Adame le Efa ba bo ba mo latela moragonyana. Ka ntlha ya botsuolodi jono, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba latlhegelwa ke Paradaise, ba se tlhole ba itekanetse mme moragonyana ba swa, ka jalo boleo le loso tsa fetela mo ditlogolwaneng tsa bone—mo bathong botlhe. (Genesise 3:17-19; Baroma 5:12) Seno ke sone se bakileng maemo a a dirang gore botshelo bo lebege bo se na bokao jaana.

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a sa Tlosa Bosula ka Yone Nako Eo?

Bangwe ba ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a sa tlose bosula ka yone nako eo ka go fedisa Satane le batsuolodi ba bangwe a bo a simolola dilo sesha?’ A ruri go ne go tla bo go le botlhale go dira jalo? O ne o ka ikutlwa jang ka puso nngwe e e maatla e e reng fela fa motho a ganetsa bolaodi jwa yone a bo a bolawa ka yone nako eo? A go dira jalo go ka se dire gore batho ba ba ratang tshiamiso ba tlhoboge puso eo le gore puso eo e se ka ya nna sekao sa go dira dilo ka tshiamo?

Modimo o ne a tlhopha gore a se ka a fedisa batsuolodi bao ka yone nako eo. Ka botlhale, o ne a letla gore go fete nako gore dikgang tse di neng tsa tsosiwa kwa Edene malebana le tsela ya gagwe ya go busa di rarabololelwe ruri.

Bosula Jotlhe bo a Fedisiwa

Selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go se gopola ke seno: Modimo o letleletse bosula go tswelela ka lobaka lo lokhutshwane fela. O dirile jalo a itse gore a ka fedisa ditlamorago tsotlhe tsa jone tse di utlwisang botlhoko, fela fa go setse go rarabolotswe dikgang tsa botlhokwa tse di neng tsa tsoga ka ntlha ya botsuolodi kgatlhanong le tsela ya gagwe ya go busa.

Modimo ga a fetogela maikaelelo a gagwe ka lefatshe le batho. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia go re tlhomamisetsa gore ke ene Modiri wa lefatshe, ene “yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa.” (Isaia 45:18) Go ise go ye kae, o tla simolola go baakanya lefatshe gore le nne jaaka a ne a ikaeletse kwa tshimologong. Fa a sena go bontsha sentle gore tsela ya gagwe ya go busa ke yone e e siameng, go tla bo go tshwanela gore a dirise maatla a gagwe a a sa tshwaneng le ape go tlhomamisa gore thato ya gagwe e a dirwa le go fedisa bosula jotlhe. (Isaia 55:10, 11) Mo thapelong ya sekao, Jesu Keresete o ne a kopa Modimo gore a dire jalo. Jesu o ne a re ruta go rapela jaana: “A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Seo se akaretsa eng?

Thato ya Modimo ka Lefatshe

Gareng ga dilo tse dingwe, “basiami ba tla rua lefatshe.” (Pesalema 37:9-11, 29; Diane 2:21, 22) Jesu Keresete o tla “golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang.” O tla ba namola “mo kgatelelong le mo tshiamololong.” (Pesalema 72:12-14) Ga go kitla go tlhola go nna le ntwa; le fa e le loso, dikeledi, botlhoko kgotsa go boga. (Pesalema 46:9; Tshenolo 21:1-4) Batho ba bantsintsi ba ba tlhokafetseng fa Modimo a ntse a letleletse bosula ba tla tsosediwa mo lefatsheng, mme ba tla newa tshono ya go itumelela masego ano le a mangwe.—Johane 5:28, 29.

Tota e bile, Jehofa o tla fedisa bosula jo bo bakilweng ke botsuolodi jwa ga Satane. O tla fedisa bosula jotlhe mo e leng gore “matshwenyego a pele [dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko gompieno] a tla bo a lebetswe.” (Isaia 65:16-19) Ruri seo se tla direga. Modimo ga a ake. Dilo tsotlhe tse a di solofetsang di a diragala. Botshelo ga bo ka ke jwa tlhola bo nna “lefela le go lelekisa phefo.” (Moreri 2:17, The New English Bible) Go na le moo, botshelo bo tla bo bo na le bokao tota.

Mme go tweng ka gone jaanong? A go itse se Baebele e se rutang le go tlhaloganya boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe go ka dira gore botshelo jwa gago bo nne le bokao gone jaanong? Setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono se tlotla ka potso eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Mo Baebeleng, leina la Modimo ke Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A re Tshwanetse go Tswa mo Lefatsheng Gore re Itumelele Botshelo jo bo Nang le Bokao?

Go fetile makgolokgolo a dingwaga batho ba ba sa itseng boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe ba ruta gore re tshwanetse go tswa mo lefatsheng gore re itumelele botshelo jo bo nang le bokao tota.

Bangwe ba ne ba re meya “e tshela botshelo bongwe jwa maemo a a kwa godimo pele e tsena mo mebeleng ya batho.” (New Dictionary of Theology) Ba bangwe ba ne ba re moya o “otlhaelwa maleo a o a dirileng fa o ne o le kwa legodimong ka go tsenngwa mo mmeleng wa motho.”—Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature.

Borafilosofi ba Bagerika ba ba jaaka Socrates le Plato ba ne ba ruta kgopolo eno: Fa moya o tswa mo mmeleng wa motho ke gone fela o tla “gololwang mo dikgarakgatshegong le mo bosuleng le mo poifong, mo dikeletsong tsa one tse di sa siamang le mo bosuleng jotlhe jo bo leng mo bathong” o bo o nna “le medimo ka bosakhutleng.”—Plato’s Phaedo, 81, A.

Moragonyana, baeteledipele ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba simolola go ruta thuto ya borafilosofi ba Bagerika ya “gore batho ba na le moya o o sa sweng.”—Christianity—A Global History.

Bapisa dikgopolo tseo le dintlha tse tharo tsa konokono tsa boammaaruri tse di mo Baebeleng:

1. Boikaelelo jwa Modimo ke gore batho ba nnele ruri mo lefatsheng, e seng gore ba nne mo go lone ka nakwana go ba leka gore a ba tshwanelegela go nna le ene kwa legodimong. Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba ikobela melao ya Modimo ba ka bo ba sa ntse ba tshela mo lefatsheng leno e le paradaise.—Genesise 1:27, 28; Pesalema 115:16.

2. Madumedi a le mantsi a ruta gore motho o na le moya—sengwe se se sa bonaleng se se nnang mo teng ga gagwe—mme Baebele yone e ruta sengwe se se motlhofo go tlhaloganngwa. Motho ke “moya o o tshelang” o o dirilweng ka “lorole lo lo tswang mo mmung.” (Genesise 2:7) Baebele ga e nke e re moya ono ga o swe. Ya re moya ono o ka bolawa kgotsa wa senngwa mme wa se tlhole o nna teng gotlhelele. (Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4, 20) Adame, yo e neng e le ene moya wa ntlha, o ne a swa mme a boela mo loroleng lo a neng a bopilwe ka lone. O ne a boela mo boemong jwa go sa nne teng.—Genesise 2:17; 3:19.

3. Botshelo jwa batho mo isagweng ga bo a ikaega ka gore motho a bo a na le moya o o sa sweng o o fetelang kwa lefelong la moya, mme bo ikaegile ka tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tsosa baswi gore ba boe ba tshele mo lefatsheng la paradaise.—Daniele 12:13; Johane 11:24-26; Ditiro 24:15.