Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba leba batho fela ba ba tlwaelegileng jang?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., batho ba maemo a a kwa godimo le baeteledipele ba bodumedi ba kwa Iseraele ba ne ba nyatsa batho ba ba neng ba sa rutega thata kgotsa ba sa rutega gotlhelele. Bafarasai ba ne ba re: “Boidiidi jono jo bo sa itseng Molao ke batho ba ba hutsegileng.”—Johane 7:49.

Ditshupiso tse dingwe ntle le Baebele di bontsha gore batho ba maemo ba ne ba bitsa batho ba ba sa rutegang ka go ba nyatsa ba re ke ba-ʽam ha·ʼaʹrets kgotsa “batho ba naga.” Kwa tshimologong, lefoko leno le ne le dirisiwa ka tlotlo go kaya batho ba naga e e rileng. Le ne le sa kaye fela batho ba ba humanegileng le ba maemo a a kwa tlase mme le ne le akaretsa le ba ba tlotlegang.—Genesise 23:7, ntlha e e kwa tlase mo NW; 2 Dikgosi 23:35; Esekiele 22:29.

Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Jesu, lefoko leno le ne le dirisediwa go sotla batho ba ba neng ba tsewa ba sa itse Molao wa ga Moshe kgotsa ba ba neng ba sa ikobele melao ya setso sa borabi ka botlalo. Buka ya Mishnah (ditlhaloso tse di ileng tsa kokoanngwa mme Talmud ya simololwa ka tsone) e tlhagisa batho gore ba se ka ba nna mo magaeng a ba-ʽam ha·ʼaʹrets. Go ya ka The Encyclopedia of Talmudic Sages, mokanoki wa lekgolo la bobedi la dingwaga e bong Rabi Meir o ne a ruta jaana: “Fa motho a nyadisa morwadie le mo-am ha’aretz go tshwana le fa a mmofa a bo a mmaya fa pele ga tau e e tla mo gatakang e bo e mo kometsa.” Talmud e nopola rabi yo mongwe a re “batho ba ba sa rutegang ga ba na go tsosiwa mo baswing.”

Leina Kaesara le le dirisitsweng mo Baebeleng le kaya eng?

Kaesara e ne e le leina la Seroma la losika lwa ga Gaius Julius Caesar, yo o neng a nna mmusaesi wa Roma ka 46 B.C.E. Babusibagolo ba le bantsi ba kwa Roma ba ba neng ba mo tlhatlhama ba ne ba tlhopha go bidiwa ka leina Kaesara, go akaretsa le ba bararo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng—Aguseto, Tiberio le Kalaudio.—Luke 2:1; 3:1; Ditiro 11:28.

Ka 14 C.E., Tiberio o ne a nna mmusimogolo, mme o ne a busa ka nako yotlhe ya bodiredi jwa ga Jesu. Ka jalo, ke ene Kaesara yo a neng a busa fa Jesu a ne a araba potso ka ga go duela lekgetho a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Go bonala sentle gore Jesu o ne a sa bue ka Tiberio fela. Go na le moo, leina “Kaesara” le ne le emela Puso.

Mo e ka nnang ka 58 C.E. fa go ne go lebega e kete moaposetoloi Paulo a ka se direlwe tshiamiso, o ne a ikuela kwa go Kaesara e re ka a ne a na le tshwanelo ya go dira jalo ka gonne e le moagi wa kwa Roma. (Ditiro 25:8-11) Ka go dira jalo, Paulo o ne a kopa gore a atlholwe ke kgotlatshekelo e e di fetang tsotlhe ya mmusomogolo, e seng gore o ne a ikopela go atlholwa ke Nero, yo e neng e le mmusimogolo ka nako eo.

Leina la losika loorra Kaesara le ne la amanngwa thata le puso mo e leng gore tota le morago ga puso ya mmusimogolo wa bofelo wa losika loorra Kaesara, le ne la tswelela le dirisiwa e le sereto sa segosi.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Denario ya selefera e e gabilweng setshwantsho sa ga Tiberio