Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Go Fodisa ka Kgakgamatso’ go go Dirwang Gompieno—A go Dirwa ka Maatla a Modimo?

‘Go Fodisa ka Kgakgamatso’ go go Dirwang Gompieno—A go Dirwa ka Maatla a Modimo?

‘Go Fodisa ka Kgakgamatso’ go go Dirwang Gompieno—A go Dirwa ka Maatla a Modimo?

MO DINAGENG dingwe go tlwaelegile go bona baeti ba sedumedi ba etela mafelo a a boitshepo a kobamelo kwa batho ba le bantsi ba reng ba ile ba fodisiwa malwetse a bone a a sa alafegeng. Mo dinageng tse dingwe, batho ba ba fodisang ba re ba fodisa batho ka maatla a a fetang a tlholego. Mme mo mafelong a mangwe, go tshwarwa dikokoano tsa bodumedi tse mo go tsone batho ba ba golafetseng ba ba dirisang ditulo tsa maotwana ba tlogelang go di dirisa kgotsa ba latlha diikokotlelo ka go bo ba re ba fodile.

Batho ba ba fodisang ba bangwe ba tswa mo madumeding a a farologaneng mme gantsi ba latofatsana ka gore bangwe ke batlhanogi, ke ba bodumedi jwa maaka kgotsa baheitane. Ka jalo, go ka bodiwa potso ya gore, A Modimo o dira dikgakgamatso a dirisa mekgatlho e gantsi e ganetsanang? Mme gone, Baebele ya re: “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.” (1 Bakorintha 14:33) Ka jalo, a tota ‘go fodisa ka kgakgamatso’ go tswa kwa Modimong? Bafodisi bangwe ba re ba fodisa ka maatla a ga Jesu. Mma re sekaseke kafa Jesu a neng a fodisa batho ka gone.

Kafa Jesu a Neng a Fodisa Batho ka Gone

Ditsela tse Jesu a neng a fodisa balwetse ka tsone di farologane thata le tse bafodisi ba motlha wa gompieno ba fodisang ka tsone. Ka sekai, Jesu o ne a fodisa mongwe le mongwe yo o neng a tla kwa go ene a tla go kopa thuso. O ne a sa fodise batho ba ba rileng mo boidiiding mme a bo a busa ba bangwe a sa ba fodisa. Jesu o ne a fodisa batho ka botlalo mme gantsi ka yone nako eo. Baebele ya re: “Boidiidi jotlhe bo ne bo senka go mo ama, ka gonne maatla a ne a tswa mo go ene mme a ba fodisa botlhe.”Luke 6:19.

Go farologana le bafodisi ba motlha wa gompieno ba gantsi ba latofatsang balwetse ka gore ga ba na tumelo fa ba sa fole, Jesu o ne a fodisa le e leng batho ba ba neng ba ise ba dumele mo go ene. Ka sekai, nako nngwe Jesu o ne a atamela monna wa sefofu mme a mo fodisa le mororo a ne a sa mo kopa. Moragonyana, Jesu o ne a mmotsa jaana: “A o dumela mo go Morwa motho?” Monna yono a araba a re: “Kana ene ke mang, rra, gore ke dumele mo go ene?” Jesu a mo raya a re: “Yo o buang le wena ke ene yoo.”—Johane 9:1-7, 35-38.

O ka nna wa ipotsa jaana, ‘Fa e le gore tumelo e ne e se selo se se tlhokegang gore motho a fodisiwe ke Jesu, ke eng fa gantsi Jesu a ne a raya ba a ba fodisitseng a re: “Tumelo ya gago e go fodisitse”?’ (Luke 8:48; 17:19; 18:42) Jesu o ne a bontsha gore ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke tumelo gore ba mmatle ba ne ba fodisiwa, mme ba ba neng ba gana go ya kwa go ene ba ne ba se ka ba fodisiwa. Batho ba ba neng ba fodisiwa ba ne ba se ka ba fodisiwa ka ntlha ya tumelo ya bone; ba ne ba fodisiwa ka maatla a Modimo. Baebele e bua jaana ka Jesu: ‘Modimo o ne a mo tlotsa ka moya o o boitshepo le maatla, mme a tsamaya mo lefatsheng leo lotlhe a dira molemo e bile a fodisa botlhe ba ba neng ba gateletswe ke Diabolo; ka gonne Modimo o ne a na le ene.’—Ditiro 10:38.

Gantsi, go bonala go tlhokega madi gore motho a fodisiwe ka kgakgamatso gompieno. Bafodisi ba itsege ka go kgona go tlhotlheletsa batho go ntsha madi mme bone ba bo ba itseela one. Go begwa gore mofodisi mongwe o ne a kokoanya diranta di le dimilione di le 684 ka ngwaga ka thulaganyo ya thelebishene e e neng e mo tlhagisa e batho ba neng ba e bona mo lefatsheng lotlhe. Mekgatlho ya dikereke le yone e bona madi mo bathong ba ba tsayang maeto a sedumedi go ya kwa mafelong a a boitshepo ka tsholofelo ya gore ba tla fodisiwa. Go farologana le seo, Jesu ga a ise a ko a batle madi mo bathong ba a neng a ba fodisa. Ka dinako dingwe, o ne a ba naya dijo. (Mathaio 15:30-38) Fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe go ya go rera, o ne a ba raya a re: “Alafang batho ba ba bobolang, tsosang batho ba ba suleng, ntlafatsang balepero, lelekang madimona. Lo amogetse mahala, nayang mahala.” (Mathaio 10:8) Ke eng fa tsela e bafodisi ba gompieno ba fodisang ka yone e farologane thata le ya ga Jesu?

Ba “Fodisiwa” ka Maatla a ga Mang?

Fa dingwaga di ntse di feta, bangwe mo go tsa kalafi ba ile ba sekaseka se bafodisi ba bodumedi ba reng ba kgona go se dira. Ba lemogile eng? Go ya ka Daily Telegraph ya kwa London, ngaka nngwe ya kwa Engelane e e neng ya fetsa dingwaga di le 20 e batlisisa kgang eno e ne ya re: “Dipego tsa batho ba ba reng ba fodisa ka kgakgamatso ga di na bosupi bope jwa tsa kalafi.” Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dumela ka peloephepa gore ba fodisitswe ka maatla a bodumedi, go ya kwa mafelong a a boitshepo kgotsa bafodisi ba bodumedi. A ba ka ne ba tsieditswe?

Mo Therong e e itsegeng thata ya ga Jesu ya kwa Thabeng o ne a re baitimokanyi ba bodumedi ba ne ba tla mo raya ba re: “Morena, Morena, a re ne ra se ka ra . . . dira ditiro di le dintsi tse di maatla ka leina la gago?” Le fa go ntse jalo, o tla ba raya a re: “Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.” (Mathaio 7:22, 23) Fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa gore bafodisi ba ba reng ba na le maatla a go fodisa ba a tsaya kae, o ne a tlhagisa jaana: “Go nna gone ga yo o se nang molao go kafa go direng ga ga Satane ka tiro nngwe le nngwe e e maatla le ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso le ka tsietso nngwe le nngwe e e sa siamang.”—2 Bathesalonika 2:9, 10.

Mo godimo ga moo, go “fodisiwa” go go amanngwang le matshwao a bodumedi, medingwana le ditshwantsho ga di tswe mo Modimong. Ka ntlha yang? Ka gonne Lefoko la Modimo le laela jaana: “Tshabang kobamelo ya medingwana” mme lo “Itiseng mo medingwaneng.” (1 Bakorintha 10:14; 1 Johane 5:21) Go “fodisiwa” jalo ke lengwe la maano a a boferefere a ga Diabolo a go katosetsa batho kgakala le kobamelo ya boammaaruri. Baebele ya re: “Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi.”—2 Bakorintha 11:14.

Lebaka La go Bo Jesu le Baaposetoloi Ba ne Ba Fodisa Batho

Dikgakgamatso tsa go fodisa tse di begilweng mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika di bontsha gore Jesu le baaposetoloi ba ne ba di dira ka maatla a Modimo. (Johane 3:2; Bahebera 2:3, 4) Gape go fodisa ka kgakgamatso ga ga Jesu go ne go tshegetsa molaetsa o a neng a o rera: “A tsamayatsamaya mo Galalea yotlhe, a ruta mo disinagogeng tsa bone a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe.” (Mathaio 4:23) Ditiro tse di maatla tsa ga Jesu—tse di neng di sa akaretse fela go fodisa balwetse le go naya boidiidi dijo, go laola maemo a bosa le e leng go tsosa baswi—di ne di bontsha se a neng a tla se direla batho ba ba kutlo fa a busa mo Bogosing jwa gagwe. Ruri tseno ke dikgang tse di itumedisang!

Ditiro tseno tse di maatla kgotsa dimpho tsa moya di ne tsa fela fa Jesu le baaposetoloi le bape fela ba ba neng ba neilwe dimpho tseno ba sena go swa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa go na le dimpho tsa go porofeta, di tla nyelediwa; fa go na le diteme [tse di buiwang ka kgakgamatso], di tla kgaotsa; fa go na le kitso [e e senotsweng ka tsela ya bomodimo], e tla nyelediwa.” (1 Bakorintha 13:8) Ka ntlha yang? E re ka ditiro tse di maatla tse di akaretsang go fodisa di fitlheletse maikaelelo a tsone—go bontsha gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng le gore Modimo o amogela phuthego ya Bokeresete—ga di tlhole di tlhokega; di ‘nyeleditswe.’

Mme gone, dikgakgamatso tsa go fodisa tsa ga Jesu di re naya molaetsa o o botlhokwa gompieno. Fa re reetsa ka tlhoafalo e bile re dumela se Jesu a neng a se ruta ka Bogosi jwa Modimo, re ka lebelela pele nako e boporofeti jo bo tlhotlheleditsweng jono bo tla bong bo diragadiwa ka tsela ya semoya le ya mmatota: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24 35:5, 6; Tshenolo 21:4.