Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thusa Batho ba Bangwe go Fitlhelela Bokgoni Jwa Bone ka Botlalo

Thusa Batho ba Bangwe go Fitlhelela Bokgoni Jwa Bone ka Botlalo

“Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.”—PES. 32:8.

1, 2. Jehofa o leba jang batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng?

FA BATSADI ba ntse ba lebile bana ba bone ba tshameka, gantsi ba gakgamadiwa ke bokgoni jo bana bano ba tsholwang ba na le jone. A wena o dumalana le ntlha eno go ya ka se se diragetseng mo botshelong jwa gago? Go ka nna ga bonala ngwana yo mongwe a na le bokgoni mo metshamekong, fa monnawe ene a kgona go torowa kgotsa a na le bokgoni bongwe mo go tsa botaki. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore bana ba na le bokgoni bofe, batsadi ba a itumela fa ba ba bona ba bo fitlhelela.

2 Jehofa le ene o kgatlhegela bana ba gagwe ba mo lefatsheng. O bona batlhanka ba gagwe ba motlha wa gompieno e le “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe.” (Hag. 2:7) Ba botlhokwa mo go ene segolobogolo ka ntlha ya tumelo ya bone le ka go bo ba ineetse mo go ene. Mme gone, o ka tswa o lemogile gore Basupi mmogo le rona gompieno ba na le bokgoni jo bo sa tshwaneng. Bakaulengwe bangwe ba na le bokgoni jwa go bua, fa ba bangwe bone ba kgona go rulaganya dilo sentle. Bokgaitsadi ba le bantsi ba kgona go ithuta dipuo di sele ba bo ba di dirisa fa ba le mo bodireding, fa ba bangwe bone ba tlhoma sekao ka go ema nokeng ba ba tlhokang kgothatso le go tlhokomela ba ba lwalang. (Bar. 16:1, 12) A ga re itumelele go nna mo phuthegong e e nang le Bakeresete ba ba ntseng jalo?

3. Re tlile go sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?

 3 Le fa go ntse jalo, bangwe ba badumedimmogo le rona go akaretsa le ba basha le ba ba sa tswang go kolobediwa ba ka tswa ba ise ba bone gore ba na le bokgoni bofe mo phuthegong. Re ka ba thusa jang go fitlhelela bokgoni jwa bone ka botlalo? Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla se se molemo mo go bone, ka go dira jalo re ba leba jaaka Jehofa a ba leba?

JEHOFA O BONA SENGWE SE SE MOLEMO MO BATLHANKENG BA GAGWE

4, 5. Pego e e mo go Baatlhodi 6:11-16 e bontsha jang gore Jehofa o bona bokgoni jo batlhanka ba gagwe ba nang le jone?

4 Dipego di le mmalwa tsa Baebele di re bontsha sentle gore Jehofa ga a bone fela se se molemo se batlhanka ba gagwe ba se dirang gape o bona le se ba ka kgonang go se dira. Ka sekai, fa Gideone a ne a tlhophiwa gore a golole batho ba Modimo mo kgatelelong ya Bamidiana, o tshwanetse a bo a ile a gakgamala fa moengele a mo dumedisa jaana: “Jehofa o na le wena, wena seganka, wena yo o thata.” Go bonala ka nako eo Gideone a ne a sa ikutlwe e le “seganka.” O ne a sa itshepe e bile a akanya gore ga a na bokgoni bope. Le fa go ntse jalo, jaaka re bona fa motlotlo o ntse o tswelela, Jehofa ene o ne a leba motlhanka yono wa gagwe ka tsela e e molemo.—Bala Baatlhodi 6:11-16.

5 Jehofa o ne a tshepa Gideone gore o tla golola Iseraele ka gonne o ne a bone bokgoni jwa gagwe. Moengele o ne a lemoga gore Gidione o ne a photha korong ka maatla a gagwe otlhe. Go na le sengwe gape se se neng sa kgatlha moengele yono. Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, gantsi balemi ba ne ba phothela korong mo lefelong le le bulegileng gore phefo e foke mmoko. Se se gakgamatsang ke gore, Gidione o ne a phothela korong mo bogatisetsong jwa beine gore a kgone go fitlhela Bamidiana korong e nnye e a neng a e robile. Ruri leno e ne e le leano le le botlhale! Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a bona Gidione e se fela molemi yo o kelotlhoko, gape e ne e le monna yo o botlhale. Ee, Jehofa o ne a bona bokgoni jo a nang le jone mme o ne a dira mmogo le ene.

6, 7. (a) Tsela e Jehofa a neng a leba moporofeti Amose ka yone e farologana jang le ya Baiseraele ba bangwe? (b) Ke eng se se bontshang gore Amose e ne e se motho yo o sa rutegang?

6 Ka tsela e e tshwanang, re kgona go bona gore le mo kgannyeng ya ga moporofeti Amose, Jehofa o ne a lemoga bokgoni jo motlhanka yono wa gagwe a nang le jone, tota le fa mo bathong ba le bantsi a ka tswa a ne a lebega e se motho wa sepe kgotsa wa maemo a a kwa tlase. Amose o ne a itlhalosa e le modisa wa dinku le mopomi wa difeige—e leng dijo tse di neng di tsewa e le tsa bahumanegi. Fa Jehofa a ne a tlhopha Amose gore a ise katlholo kwa ditsong tse di lesome tsa Iseraele tse di neng di obamela medimo ya maaka, Baiseraele bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya gore ga go a tlhophiwa motho yo o siameng.—Bala Amose 7:14, 15.

7 Amose o ne a tswa kwa motseng o o kgakala, mme kitso e a neng a na le yone ka setso le ka babusi ba nako ya gagwe e ne e le bosupi jwa gore ga se motho yo o tlhokang kitso. A ka tswa a ne a itse maemo a Iseraele sentle e bile a na le kitso malebana le ditšhaba tse di bapileng le Iseraele ka gonne a ne a dirisana thata le bagwebi. (Amos. 1:6, 9, 11, 13; 2:8; 6:4-6) Bakanoki bangwe ba Baebele gompieno ba re Amose o ne a na le bokgoni jwa go kwala. Ga se fela gore moporofeti yono o ne a kgona go tlhopha mafoko a a motlhofo mme gone a le maatla mme gape o ne a dirisa tshwantshanyo ka tsela e ntle e bile a itse go tshameka ka mafoko. Tota e bile, tsela e e pelokgale e Amose a neng a araba moperesiti yo o boikepo e bong Amasia ka yone e ne ya tlhomamisa gore Jehofa o ne a tlhophile motho yo o siameng mme o ne a ka kgona go dirisa bokgoni jwa gagwe jo kwa tshimologong bo neng bo sa lemotshege.—Amos. 7:12, 13, 16, 17.

8. (a) Jehofa o ne a tlhomamisetsa Dafide eng? (b) Ke ka ntlha yang fa mafoko a a mo go Pesalema 32:8 a kgothatsa batho ba ba sa itshepeng kgotsa ba ba se nang bokgoni?

8 Ee ruri, Jehofa o lemoga bokgoni jo motlhanka mongwe le mongwe wa gagwe a nang le jone. O ne a tlhomamisetsa Kgosi Dafide gore o tla mo kaela a ‘mmeile leitlho.’ (Bala Pesalema  32:8.) A o bona lebaka la go bo seo se tshwanetse go re kgothatsa? Tota le fa re ka tswa re sa itshepe, Jehofa a ka re thusa gore re dire se se fetang se re akanyang gore re ka kgona go se dira mme re fitlhelele mekgele e re neng re sa akanye gore re tla e fitlhelela. Fela jaaka motlhatlheledi a leba ka kelotlhoko motho yo o tlwaetseng go palama maje, e le gore a mo thuse gore a bone fa a ka itshwarelelang gone, Jehofa o iketleeleditse go re kaela fa re ntse re gola semoyeng. Gape Jehofa a ka dirisa badumedimmogo le rona go re thusa go fitlhelela bokgoni jwa rona ka botlalo. A ka dira seo jang?

LEKA GO BONA SE SE MOLEMO MO GO BA BANGWE

9. Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo ya gore re “tlhokomele” dilo tse ba bangwe ba di kgatlhegelang?  

9 Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete gore ba “tlhokomele” dilo tse badumedimmogo le bone ba di kgatlhegelang. (Bala Bafilipi 2:3, 4.) Lebaka la konokono la go bo Paulo a ile a naya Bakeresete kgakololo eo e ne e le go re bontsha gore re tshwanetse go lemoga dimpho tse batho ba bangwe ba nang le tsone mme re ba bolelele. Re ikutlwa jang fa mongwe a re bontsha gore o kgatlhegela kgatelopele e re e dirileng? Gantsi, seo se re tlhotlheletsa gore re gatele pele mo dilong tse dingwe gape, re dira sotlhe se re ka se kgonang. Ka tsela e e tshwanang, fa re bolelela badumedimmogo le rona gore ba botlhokwa go le kana kang, seo se tla ba thusa go gola semoyeng.

10. Ke bomang ba segolobogolo ba tlhokang gore re ba bontshe gore re a ba kgatlhegela?

10 Ke bomang ba segolobogolo re tlhokang go ba bontsha gore re a ba kgatlhegela? Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go kgatlhegela batho botlhe. Le fa go ntse jalo, basha le bakaulengwe ba ba sa tswang go kolobediwa ba tlhoka thata go ikutlwa ba le karolo ya dilo tse di dirwang mo phuthegong. Seo se tla ba thusa gore ba lemoge gore ba mosola mo phuthegong. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re palelwa ke go akgola bakaulengwe bao, seo se ka dira gore ba se ka ba batla go kgaratlhela maikarabelo a mangwe a Lefoko la Modimo le ba kgothaletsang gore ba a kgaratlhele.—1 Tim. 3:1.

11. (a) Mogolwane mongwe o ne a thusa jang lekawana lengwe gore le fenye go nna ditlhong? (b) O ithuta eng mo maitemogelong a ga Julien?

11 Ludovic, mogolwane mongwe yo o neng a solegelwa molemo ke go bo mongwe a ne a mmontsha gore o a mo kgatlhegela fa a sa ntse a le mosha, a re: “Fa ke bontsha mokaulengwe gore ruri ke a mo kgatlhegela, o gatela pele ka bonako.” Fa Ludovic a bua ka Julien, lekawana lengwe le le ditlhong a re: “E re ka Julien ka nako dingwe a dira dilo ka tsela e e boatla, ga go lebege a dira dilo ka tsela e e tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, ke ne ke kgona go bona gore o ne a le pelonomi e bile a batla go thusa ba bangwe mo phuthegong. Ka jalo, go na le gore ke nyatse tsela e a dirang dilo ka yone, ke ne ke tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse a di dirang mme ke leka go mo kgothatsa.” Fa nako e ntse e ya, Julien o ne a tshwanelega go nna motlhanka wa bodiredi, mme gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha.

BA THUSE GO FITLHELELA BOKGONI JWA BONE KA BOTLALO

12. Re tlhoka go nna le nonofo efe e e botlhokwa gore re kgone go thusa mongwe go fitlhelela bokgoni jwa gagwe ka botlalo? Naya sekai.

12 Go a utlwala gore fa e le gore re batla go thusa ba bangwe go fitlhelela bokgoni jwa bone ka botlalo, re tlhoka go nna le temogo. Jaaka re bone mo maitemogelong a ga Julien, re ka nna ra tshwanelwa ke go itlhokomolosa makoa a motho gore re kgone go lemoga dinonofo tse di molemo tse a nang le tsone le gore a tokafatse bokgoni jo a ka tswang a na le jone. Seno se tshwana le tsela e Jesu a neng a leba moaposetoloi Petere ka yone. Le fa ka dinako dingwe Petere a ne a lebega a sa tlhomama, Jesu o ne a bolelela pele gore o tla tlhomama jaaka lefika.—Joh. 1:42.

13, 14. (a) Barenabase o ne a bontsha jang temogo fa a dirisana le Mareko yo mosha? (b) Mokaulengwe mongwe yo mosha o ne a solegelwa molemo jang ke thuso e e tshwanang le e e neilweng Mareko? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

13 Barenabase o ne a bontsha gore o na le temogo ka tsela e e ntseng jalo fa a ne a dirisana le Johane yo sefane sa gagwe sa Seroma e neng  e le Mareko. (Dit. 12:25) Mo loetong lwa ntlha lwa ga Paulo le Barenabase, Mareko e ne e le “motlhokomedi” wa bone, gongwe a ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, fa ba goroga kwa Pamfilia, Mareko o ne a ba phuaganya fela. Ba ne ba tshwanela go tsamaya ba le bosi go ralala karolo e e kwa bokone e e neng e itsege ka go nna le dinokwane. (Dit. 13:5, 13) Le fa go ntse jalo, go lebega Barenabase a ne a itlhokomolosa mokgwa wa ga Mareko wa go sa tlhomama, mme moragonyana a kgona go wetsa thapiso ya gagwe. (Dit. 15:37-39) Seno se ne sa thusa lekawana leno gore e nne motlhanka wa ga Jehofa yo o godileng semoyeng. Se se kgatlhang ke gore Mareko o ne a le kwa Roma a na le Paulo yo ka nako eo a neng a tshwerwe, mme a romela ditumediso le ene kwa Bakereseteng ba phuthego ya Kolosa, e bile moaposetoloi yono o ne a mmua bontle. (Bakol. 4:10) Akanya fela kafa Barenabase a tshwanetseng a bo a ile a itumela ka gone fa Paulo a ne a kopa Mareko gore a mo thuse.—2 Tim. 4:11.

14 Mokaulengwe yo o sa tswang go tlhomiwa go nna mogolwane e bong, Alexandre, o gopola kafa a solegetsweng molemo ka gone ke mokaulengwe yo o nang le temogo, a re: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, go ne go le thata gore ke rapele phatlalatsa. Mogolwane mongwe o ne a mpontsha kafa nka ipaakanyang ka gone gore ke wele makgwafo. Go na le gore a se ka a tlhola a mpitsa gore ke rapele, o ne a mpha ditshono tsa go nna ke rapela kwa dipokanong tsa tirelo ya tshimo. Fa nako e ntse e ya ke ne ka simolola go itshepa.”

15. Paulo o ne a bontsha jang bakaulengwe ba gagwe gore o a ba anaanela?

15 Fa re lemoga nonofo e e molemo mo Mokereseteng yo mongwe, a re bontsha kafa re anaanelang nonofo eo ka gone? Mo go Baroma kgaolo 16, Paulo o akgola badumedimmogo le ene ba feta 20 ka ntlha ya dinonofo tse di molemo tse di neng di dira gore a ba rate. (Bar. 16:3-7, 13) Ka sekai, Paulo o ne a tlhalosa gore Andoroniko le Juniase ba ne ba diretse Keresete lobaka lo loleele go feta ene, a gatelela gore ba ile ba itshoka. Gape Paulo o ne a bua molemo ka ga mmaagwe Rufase, gongwe a bontsha gore mo nakong e e fitileng o ne a mo tlhokomela ka lorato.

Frédéric (ka fa molemeng) o ne a kgothatsa Rico gore a nne a ikemiseditse go direla Jehofa (Bona serapa 16)

16. Go akgola bana go ka ba thusa jang?

16 Go ka nna le diphelelo tse di molemo fa re akgola batho go tswa pelong. Akanya ka se se diragaletseng Rico, mosimanyana wa kwa Fora, yo o neng a kgobegile marapo ka gonne rraagwe, yo e neng e se Mosupi o ne a mo ganetsa gore a kolobediwe. Rico o ne a akanya gore o tla tshwanelwa ke go leta go fitlha a godile gore a kgone go direla Jehofa ka botlalo. Gape o ne a utlwile botlhoko ka gonne o ne a sotliwa kwa sekolong. Frédéric yo e leng mogolwane wa phuthego yo o neng a kopilwe gore a ithute le mosimanyana yono a re: “Ke ne ka akgola Rico, ka gonne kganetso eo e ne e bontsha gore o ne a le pelokgale go tlhalosa se a se dumelang.” Mafoko ao a kakgolo a ne a nonotsha Rico gore a ikemisetse le go feta gore e nne ngwana yo o tlhomang sekao mme seo se ne sa mo thusa gore a atamalane le rraagwe. Rico o ne a kolobediwa a le dingwaga di le 12.

Jérôme (ka fa mojeng ) o ne a thusa Ryan go tshwanelegela go nna morongwa (Bona serapa 17)

17. (a) Re ka thusa jang bakaulengwe ba rona go gatela pele? (b) Morongwa mongwe o ne a bontsha jang gore o kgatlhegela bakaulengwe ba basha mme seo se ne sa felela ka eng?

17 Nako nngwe le nngwe fa re bontsha gore re anaanela mongwe ka go bo a dirile kabelo ya gagwe sentle kgotsa a dirile maiteko mangwe,  re thusa modumedimmogo le rona gore a batle go direla Jehofa ka botlalo. Sylvie, * yo o sa bolong go direla kwa Bethele ya kwa Fora o tlhalosa gore bokgaitsadi le bone ba ka nna ba akgola bakaulengwe. O bolela gore basadi ba anaanela dilo tse di farologaneng le maiteko a bakaulengwe ba a dirang. Ka jalo, fa bokgaitsadi ba akgola bakaulengwe ka ntlha ya maiteko a bone, seno se tla dira gore se bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo ba se ba bolelelang se nne mosola le go feta. Gape o ne a re: “Mo go nna go akgola batho ke sengwe se ke tshwanetseng go se dira.” (Dia. 3:27) Jérôme, morongwa mongwe wa kwa French Guiana, o thusitse makawana a le mantsi go tshwanelegela tirelo ya borongwa. A re: “Ke lemogile gore fa ke akgola bakaulengwe ba basha ka ntlha ya dilo dingwe tse ba di dirang mo bodireding kgotsa ka go bo ba ile a akgela bontle, ba a itshepa. Mme seo se felela ka gore ba tokafatse bokgoni jwa bone.”

18. Ke eng fa go bereka le bakaulengwe ba basha go le mosola?

18 Gape re ka tlhotlheletsa badumedi ka rona go gatela pele semoyeng ka go bereka le bone. Mogolwane a ka nna a kopa mokaulengwe yo mosha yo o nang le bokgoni jwa go dirisa dikhomputara gore a mo printele tshedimosetso nngwe e e ka kgothatsang batho ba ba godileng ba ba se nang dikhomputara mo jw.org. Kgotsa fa e le gore o na le tiro nngwe e o e dirang mo Holong ya Bogosi, ke eng fa o sa kope mokaulengwe yo mosha gore a tle go bereka le wena? Maiteko ao a ka go naya tshono ya gore o lemoge bokgoni jo basha ba nang le jone mme o ba akgole o bo o bona diphelelo tsa gone.—Dia. 15:23.

BAAKANYETSA ISAGWE

19, 20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go thusa ba bangwe go gatela pele?

19 Fa Jehofa a ne a tlhopha Joshua gore a etelele Baiseraele pele, o ne a laela Moshe gore a “kgothatse” a bo a “nonotshe” Joshua. (Bala Duteronome 3:28.) Batho ba le bantsi ba simolola go kopanela le rona mo phuthegong ya lefatshe lotlhe. Bakeresete botlhe ba ba nang le maitemogelo—e seng bagolwane fela—ba ka thusa bakaulengwe ba basha le ba ba sa tswang go simolola go kopanela gore ba fitlhelele bokgoni jwa bone ka botlalo. Ka jalo, batho ba le bantsi ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng, mme ba le bantsi ba tla ‘tshwanelegela go ruta ba bangwe.’—2 Tim. 2:2.

20 Le fa re ka tswa re le mo phuthegong e kgolo kgotsa mo setlhopheng se sennye se se kgaratlhelang go nna phuthego, a re baakanyetseng isagwe. Sa botlhokwa se re ka se dirang ke go etsa Jehofa, yo ka metlha a batlang se se molemo mo batlhankeng ba gagwe.

^ ser. 17 Leina le fetotswe.