Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thusa ba Bangwe go Ikobela se Baebele e se Rutang

Thusa ba Bangwe go Ikobela se Baebele e se Rutang

Thusa ba Bangwe go Ikobela se Baebele e se Rutang

“Mme e e mo mmung o o molemo, bano ke ba e reng, fa ba sena go utlwa lefoko ka pelo e e molemo le e e siameng, ba le tshegetse mme ba ungwe maungo ka boitshoko.”—LUKE 8:15.

1, 2. (a) Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e diretswe boikaelelo bofe? (b) Mo dingwageng tsa bosheng jaana, Jehofa o segofaditse jang maiteko a batho ba gagwe a go dira barutwa?

“BUKA eno e molemo tota. Baithuti ba me ba e rata tota. Le nna ke a e rata. E nthusa go simolola dithuto tsa Baebele le batho re eme fa kgorong.” Mafoko ao a ne a buiwa ke modiredi mongwe wa mmulatsela wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa a bua ka buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * Mmoledi mongwe wa Bogosi yo o godileng o ne a bolela jaana ka yone buka eno: “Mo dingwageng tse 50 tse ke ntseng ke dira ka natla mo bodireding ka tsone, ke nnile le tshiamelo ya go thusa batho ba le bantsi gore ba itse Jehofa. Mme tota buka eno e di gaisa tsotlhe. Dipapiso tse di maleba le ditshwantsho tsa yone tse di takilweng di molemo tota.” A o ikutlwa jalo ka buka ya Baebele e Ruta Eng? Buka eno e e thusang batho go ithuta Baebele e diretswe go go thusa go diragatsa taelo eno ya ga Jesu: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.

2 Kwantle ga pelaelo, Jehofa o ipedisiwa ke go bona Basupi ba gagwe ba ka nna dimilione di le 6,6 ba diragatsa taelo ya ga Jesu ya go dira barutwa, ba dira jalo ka go rata. (Diane 27:11) Go bonala sentle gore Jehofa o segofatsa maiteko a bone. Ka sekai, ka 2005, dikgang tse di molemo di ne tsa rerwa mo dinageng di le 235, mme ka kakaretso go ne go tshwarwa dithuto tsa Baebele di feta 6 061 500. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ne ba ‘utlwa lefoko la Modimo mme ba le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.’ (1 Bathesalonika 2:13) Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, barutwa ba basha ba feta sephatlo sa milione ba ile ba dumalanya matshelo a bone le melao ya ga Jehofa mme ba ineela mo Modimong.

3. Mo setlhogong seno go tla sekasekwa dipotso dife malebana le go dirisiwa ga buka ya Baebele e Ruta Eng?

3 A bosheng jaana o ile wa ipelela go tshwarela mongwe thuto ya Baebele? Mo lefatsheng lotlhe, go sa ntse go na le batho ba ba nang le “pelo e e molemo le e e siameng” ba e reng ba utlwa lefoko la Modimo “ba le tshegetse mme ba ungwe maungo ka boitshoko.” (Luke 8:11-15) A re sekasekeng gore o ka dirisa jang buka ya Baebele e Ruta Eng? mo tirong ya go dira barutwa. Motlotlo wa rona o tla sekaseka dipotso tse tharo: (1) O ka simolola jang thuto ya Baebele? (2) Ke mekgwa efe ya go ruta e e nang le matswela? (3) O ka thusa motho jang gore a se ka a nna moithuti fela mme gape a nne morutisi wa Lefoko la Modimo le le kwadilweng, e leng Baebele?

Kafa o ka Simololang Thuto ya Baebele ka Teng

4. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka ikgogona go ithuta Baebele, mme o ka ba thusa jang gore ba lese go ikgogona?

4 Fa go ne go ka twe o tshele molapo o mogolo ka go o tlola, o ne o ka nna wa gana. Mme fa go ne go ka bewa maje a le mmalwa a tlhomagantswe go kgabaganya molapo, o ne o ka dumela go leka go tshela molapo oo. Ka tsela e e tshwanang, mong wa ntlo yo o tshwaregileng a ka nna a ikgogona go ithuta Baebele. A ka nna a akanya gore seo se tlhoka nako le tiro e ntsi thata. O ka mo thusa jang gore a tlogele go ikgogona? O ka tshwara metlotlo e mekhutshwane e e rutang o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? mme wa gogela motho yono mo thutong ya ka metlha ya Lefoko la Modimo. Fa o baakanyetsa sentle, nako le nako fa o boela kwa mothong yono, go tla nna jaaka e kete o mmeela leje le a ka gatang mo go lone gore kwa bofelong a nne le kamano e e molemo le Jehofa.

5. Ke ka ntlha yang fa o tlhoka go bala buka ya Baebele e Ruta Eng?

5 Le fa go ntse jalo, pele o ka thusa mongwe go solegelwa molemo ke buka ya Baebele e Ruta Eng? o tshwanetse go e itse sentle. A o setse o e badile go tswa kwa tshimologong go ya kwa bofelong? Banyalani bangwe ba ne ba tsamaya ka buka eno fa ba ile malatsing a boikhutso mme ba simolola go e bala fa ba ntse ba iketlile fa losing lwa lewatle. Fa mosadi mongwe wa mo lefelong leo yo o rekisetsang bajanala dilwana a atamela fa go bone, o ne a bona setlhogo se se reng Totatota Baebele e Ruta Eng? O ne a bolelela banyalani bano gore e ne e rile diura di se kae fela pele ga foo, a rapela ka yone potso eo, a kopa Modimo gore a mo neye karabo. Banyalani bano ba ne ba itumelela go naya mosadi yoo buka eno. A o ‘itheketse nako’ ya go bala buka eno, gongwe e le lekgetlho la bobedi, gongwe fa o emetse mongwe kgotsa o le mo nakong ya boikhutso kwa tirong kgotsa kwa sekolong? (Baefeso 5:15, 16) Fa o dira jalo, o tla tlwaelana le buka eno e e thusang go ithuta Baebele, e bile o ka nna wa bona sebaka sa go buisana le ba bangwe ka se se mo teng ga yone.

6, 7. O ka dirisa jang buka ya Baebele e Ruta Eng? go simolola dithuto tsa Baebele?

6 Fa o tsamaisa buka eno mo bodireding jwa phatlalatsa, dirisa dipapiso, ditemana le dipotso tse di mo go tsebe 4, 5 le 6. Ka sekai, o ka nna wa simolola motlotlo ka go botsa jaana, “E re ka batho ba lebane le mathata a a kana kana gompieno, o akanya gore ke eng se ba ka se ikanyang gore se ba kaele?” Fa o sena go reetsa karabo ya gagwe ka kelotlhoko, bala 2 Timotheo 3:16, 17 o bo o tlhalosa gore Baebele e na le tharabololo ya mmatota ya mathata a batho. Go tswa foo o ka bontsha mong wa ntlo tsebe 4 le 5 o bo o botsa jaana: “Ke maemo afe a a go tshwenyang go gaisa otlhe mo maemong a a bontshiwang mo ditshwantshong tse di mo ditsebeng tseno?” Fa mong wa ntlo a sena go go bontsha se se mo tshwenyang, dira gore a tshware buka fa wena o bala temana e e tsamaisanang le bothata joo mo Baebeleng ya gago. Go tswa foo, bala tsebe 6 mme o botse mong wa ntlo gore, “Mo dipotsong tse thataro tse di umakwang kwa tlase ga tsebe eno, ke potso efe e o ka ratang go utlwa karabo ya yone?” Fa a sena go tlhopha nngwe ya tsone, mmontshe kgaolo e e arabang potso eo, mo tsamaisetse buka mme o dire dithulaganyo tse di tlhomameng tsa gore o boe o tle go tlotla ka potso eo.

7 Motlotlo o o sa tswang go bontshiwa fano o ka tsaya metsotso e ka nna metlhano fela. Le fa go ntse jalo, mo metsotsong eo e e seng kae, o tla bo o utlwile gore ke eng se mong wa ntlo a tshwenyegileng ka sone, o badile ditemana tse pedi wa ba wa di tlhalosa e bile o theile motheo wa loeto lwa go boela. Motlotlo wa gago o mokhutshwane le mong wa ntlo e ka nna ya bo e le sone sengwe se se tla mo kgothatsang le go mo gomotsa go gaisa sepe fela se se mo diragaletseng mo lobakeng lo loleele. Ka jalo, tota le motho yo o tshwaregileng a ka lebelela pele go oketsa nako e a e nnang le wena fa o ntse o mo thusa go tsaya kgato e e latelang ya go tsena mo ‘tseleng e e isang botshelong.’ (Mathaio 7:14) Fa nako e ntse e ya, fa kgatlhego ya mong wa ntlo e ntse e gola, nako e e dirisediwang thuto e tshwanetse ya okediwa. O ka dira seo ka go kopa gore lo ithute lo ntse fa fatshe e bile lo okeditse nako e lo e beileng ya go ithuta.

Mekgwa ya go Ruta e e Nang le Matswela go Gaisa

8, 9. (a) O ka thusa moithuti wa gago wa Baebele jang gore a kgone go lebana le dikgoreletsi le diteko tse a ka nnang a kopana le tsone? (b) Dilwana tse di sa sheng tsa go aga tumelo e e nonofileng di ka bonwa kae?

8 Fa motho a simolola go ikobela se Baebele e se rutang, a ka nna a kopana le dikgoreletsi tse di ka mo thibelang go gatela pele. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Paulo o ne a tshwantsha diteko tseno le molelo o o neng o tla senya didirisiwa tsa kago tsa boleng jo bo kwa tlase mme wa palelwa ke go senya tse di jaaka gouta, selefera le maje a a tlhwatlhwakgolo. (1 Bakorintha 3:10-13; 1 Petere 1:6, 7) Fa o batla go thusa motho yo o ithutang Baebele le ene gore a nne le dinonofo tse di tlhokegang gore a emelane le diteko tse a ka kopanang le tsone, o tshwanetse wa mo thusa ka go aga ka dilo tse di sa sheng.

9 Mopesalema o tshwantsha “mafoko a ga Jehofa” le “selefera e e itshekisitsweng mo leubelong le le nyerolosang la lefatshe, e e ntlafaditsweng ga supa.” (Pesalema 12:6) Ee ruri, Baebele e na le dilo tsotlhe tsa botlhokwa tse di ka dirisiwang go aga tumelo e e nonofileng. (Pesalema 19:7-11; Diane 2:1-6) Mme buka ya Baebele e Ruta Eng? e bontsha kafa o ka dirisang Dikwalo ka teng ka tsela e e nang le matswela.

10. O ka dira jang gore moithuti a tlhome mogopolo mo Baebeleng?

10 Fa lo ntse lo ithuta, dira gore moithuti a tlhome mogopolo mo ditemaneng tse di mo kgaolong nngwe le nngwe e e ithutiwang. Dirisa dipotso go thusa moithuti go tlhaloganya ditemana tsa konokono tsa Baebele le go di dirisa mo botshelong jwa gagwe. Tlhokomela gore o se ka wa mmolelela gore a dire eng. Go na le moo, etsa sekao sa ga Jesu. Fa monna mongwe yo o itseng Molao a ne a botsa Jesu dipotso, o ne a mo fetola a re: “Go kwadilwe eng mo Molaong? O bala jang?” Monna yono o ne a araba ka go nopola Dikwalo, mme Jesu o ne a mo thusa go bona kafa a ka dirisang molaomotheo oo ka boene ka teng. Gape Jesu o ne a dirisa setshwantsho go thusa monna yono go bona kafa thuto eno e tshwanetseng ya mo ama ka teng. (Luke 10:25-37) Buka ya Baebele e Ruta Eng? e tletse ka dipapiso tse di motlhofo tse o ka di dirisang go thusa moithuti go bona kafa melaometheo ya Dikwalo e mo amang ka teng.

11. Lo tshwanetse lwa ithuta tshedimosetso e kana kang mo thutong nngwe le nngwe?

11 Buka ya Baebele e Ruta Eng? e dirisa mafoko a a motlhofo a a tlhamaletseng go tlhalosa Lefoko la Modimo, fela jaaka Jesu a ne a tlhalosa dintlha tse di raraaneng ka mafoko a a sa raraanang. (Mathaio 7:28, 29) Latela sekao sa gagwe. Tlhalosa tshedimosetso ka tsela e e motlhofo, e e utlwalang sentle mme e le boammaaruri. O se ka wa tsamaisa thuto ka bonako fela. Mme letla gore maemo le bokgoni jwa moithuti di laole palo ya dirapa tse lo tla di tlotlang mo thutong nngwe le nngwe. Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ka tlhaloganya go le kae mme o ne a sa ba imetse ka tshedimosetso e ntsi go feta e ba e tlhokang ka nako eo.—Johane 16:12.

12. Karolo ya dintlha tse di oketsegileng e tshwanetse ya dirisiwa jang?

12 Buka ya Baebele e Ruta Eng? e na le karolo ya dintlha tse di oketsegileng e e nang le ditlhogo di le 14. Wena morutisi o tshwanetse wa kgona go bona gore lo ka dirisa tshedimosetso eno jang go ya ka se moithuti a se tlhokang. Ka sekai, fa moithuti a fitlhela kgang e e rileng e le thata go e tlhaloganya kgotsa a na le dipotso mo dikgannyeng tse di rileng ka ntlha ya dilo tse a kileng a ne a di dumela, go ka nna ga lekana fela go mmontsha karolo e e tshwanetseng ya dintlha tse di oketsegileng gore ene a di ipalele. Kafa letlhakoreng le lengwe, se moithuti a se tlhokang se ka nna sa tlhoka gore o ithute tshedimosetso eo le ene. Karolo ya dintlha tse di oketsegileng e na le dikgang tsa botlhokwa tsa Dikwalo, tse di jaaka “A ke Boammaaruri Gore Batho Ba na Le Karolo Nngwe mo go Bone E e Sa Bonaleng e Bile e sa Swe?” le “Go Bona Gore ‘Babelona o Mogolo’ ke Mang.” O ka nna wa rata go tlotla ka dikgang tseno le motho yo o ithutang le ene. E re ka go se na dipotso mo ditlhogong tse di tlotliwang mo dintlheng tse di oketsegileng, o tla tshwanelwa ke gore o bo o setse o itse tshedimosetso eno gore o kgone go botsa dipotso tse di mosola.

13. Thapelo e thusa jang go nonotsha tumelo?

13 Pesalema 127:1 ya re: “Fa Jehofa a sa age ntlo, baagi ba yone ba diretse lefela ka natla mo go yone.” Ka jalo, fa o ntse o ipaakanyetsa go tshwara thuto ya Baebele, rapelela thuso ya ga Jehofa. A dithapelo tse o di rapelang kwa tshimologong le kwa bofelong jwa thuto nngwe le nngwe di bontshe kamano e e molemo e o nang le yone le Jehofa. Kgothaletsa moithuti go rapela Jehofa gore a mo neye botlhale jwa go tlhaloganya Lefoko la Gagwe le maatla a go dirisa kgakololo ya lone. (Jakobe 1:5) Fa moithuti a dira jalo, o tla nonofa gore a itshokele diteko mme o tla tswelela pele a nonofa mo tumelong.

Thusa Baithuti ba Baebele go Nna Barutisi

14. Baithuti ba Baebele ba tshwanetse ba gatela pele jang?

14 E le gore baithuti ba rona ba Baebele ba diragatse “dilo tsotlhe” tse Jesu a di laetseng barutwa ba gagwe, ba tshwanetse ba gatela pele go tswa mo seemong sa go nna baithuti ba Lefoko la Modimo mme e nne barutisi ba lone. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:6-8) Ke eng se o ka se dirang go thusa moithuti gore a gatele pele jalo semoyeng?

15. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go kgothaletsa motho yo o ithutang Baebele le ene gore a ye dipokanong tsa Bokeresete?

15 Go tloga fela fa lo simolola go ithuta, laletsa moithuti gore a ye le wena kwa dipokanong tsa phuthego. Mo tlhalosetse gore kwa dipokanong ke gone kwa o thapisediwang go nna morutisi wa Lefoko la Modimo teng. Tsaya dibeke di se kae o dirisa metsotsonyana kwa bofelong jwa thuto nngwe le nngwe ya Baebele go tlhalosa thulaganyo ya thuto ya semoya e o e bonang kwa dipokanong le kwa dikopanong tse di farologaneng. Bua ka tlhagafalo ka melemo e o e bonang mo dipokanong tseno. (Bahebera 10:24, 25) Fa moithuti a sena go simolola go tla dipokanong ka metlha, go tla nna motlhofo gore a nne morutisi wa Lefoko la Modimo.

16, 17. Mengwe ya mekgele e moithuti wa Baebele a ka e ipeelang a bo a e fitlhelela ke efe?

16 Thusa moithuti wa Baebele go nna le mekgele e a ka e fitlhelelang. Ka sekai, mo kgothaletse go bolelela tsala kana mongwe wa losika se a se ithutang. Gape, mo akantshe gore a nne le mokgele wa go bala Baebele yotlhe. Fa o mo thusa go nna le thulaganyo ya go bala Baebele ka metlha le go e latela, mokgwa ono o tla mo solegela molemo lobaka lo loleele a sena go kolobediwa. Mo godimo ga moo, ke eng fa o sa akantshe moithuti gore a nne le mokgele wa go gopola temana le fa e ka nna nngwe ya Baebele e e arabang potso e le nngwe ya botlhokwa go tswa mo kgaolong nngwe le nngwe ya buka ya Baebele e Ruta Eng? Fa o dira jalo, moithuti o tla nna “modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, [a] tshwere lefoko la boammaaruri sentle.”—2 Timotheo 2:15.

17 Mo boemong jwa go ruta moithuti fela gore a bue ditemana ka tlhogo kgotsa a di bue ka mafoko a gagwe, mo kgothaletse go tlhalosa ditemana tse di maleba tsa Baebele fa a ntse a araba ba ba batlang lebaka la tumelo ya gagwe. Go ka nna mosola go nna lo ikatisa ka bokhutshwane, wena o dira seabe sa mongwe wa losika kgotsa modiri ka ene yo o mo kopang go tlhalosa se a se dumelang. Fa moithuti a araba, mmontshe kafa a ka arabang ka teng ka “bonolo le tlotlo e e boteng.”—1 Petere 3:15.

18. Fa moithuti wa Baebele a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, o ka tswelela pele o mo thusa jang?

18 Fa nako e ntse e ya, moithuti a ka tshwanelega go ya bodireding jwa tshimo. Gatelela gore ke tshiamelo go letlelelwa go nna le seabe mo tirong eno. (2 Bakorintha 4:1, 7) Fa bagolwane ba setse ba bone gore moithuti o tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, mo thuse go baakanyetsa puisano e e motlhofo o bo o tsamaya le ene mo tirelong ya tshimo. Tswelela pele o dira le ene ka metlha mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi jwa phatlalatsa, o mo ruta go baakanyetsa le go dira maeto a go boela a a nang le matswela. Sekao sa gago se se molemo se tla mo tlhotlheletsa sentle.—Luke 6:40.

‘Ipoloke O bo O Boloke Ba ba Go Reetsang’

19, 20. Re tshwanetse go nna le mokgele ofe, mme ka ntlha yang?

19 Kwantle ga pelaelo, go tlhoka matsapa a magolo go thusa motho gore a “tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Le fa go ntse jalo, ke dilo di se kae fela mo botshelong tse di ka itumedisang jaaka go thusa mongwe go ikobela se Baebele e se rutang. (1 Bathesalonika 2:19, 20) Ee ruri, a bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go nna “badirimmogo le Modimo” mo tirong eno ya go ruta mo lefatsheng lotlhe!—1 Bakorintha 3:9.

20 Go ise go ye kae Jehofa o tla dirisa Jesu Keresete le baengele ba ba maatla go tlisa katlholo mo bathong “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathesalonika 1:6-8) Matshelo a batho a mo kotsing. A o ka itirela mokgele wa gore o tshware bogolo thuto e le nngwe ya legae ya Baebele o dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Fa o ntse o dira tiro eno, o na le sebaka sa go “ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Jaanong go potlakile go feta le fa e le leng pele gore re thuse ba bangwe go ikobela se Baebele e se rutang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

O Ithutileng?

• Buka ya Baebele e Ruta Eng? e dirilwe ka boikaelelo bofe?

• O ka simolola dithuto tsa Baebele jang o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng?

• Ke mekgwa efe ya go ruta e e nang le matswela?

• O ka thusa moithuti jang gore a nne morutisi wa Lefoko la Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

A o dirisa buka eno ka botlalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Motlotlo o mokhutshwane o ka tsosa kgatlhego ya motho gore a nne le kitso ka Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

O ka dirang go kaela moithuti mo Baebeleng?

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Thusa moithuti wa Baebele go gatela pele