Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke jang mophuthi a ileng a bona “monna a le mongwe mo go ba le sekete” mme a sa bona “mosadi mo gare ga bano botlhe”?—Moreri 7:28.

E le gore re tlhaloganye sentle mafoko ano a a tlhotlheleditsweng, re tshwanetse ra tlhaloganya pele gore Modimo o leba basadi jang. Baebele e bitsa Ruthe e leng ngwetsi ya ga Naomi wa motlholagadi e re “mosadi yo o molemo thata.” (Ruthe 3:11) Go ya ka Diane 31:10, mosadi yo o molemo, ‘tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya dikorale kgakala.’ Mme Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ne a kaya eng fa a re: “Mo bathong ba le sekete ke bonye monna wa nnete a le mongwe, mme mosadi wa nnete ga ke a mmona mo go botlhe bao”?—Baebele ya Tswana Central.

Ditemana tse di dikologileng di bontsha gore basadi ba motlha wa ga Solomone ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le maitsholo a a sa siamang. (Moreri 7:26) Seno se ka tswa se ne se bakwa thata ke tlhotlheletso ya basadi ba seeng ba ba neng ba obamela Baale. Tota le Kgosi Solomone o ne a ineela mo kgatelelong e e tswang mo basading ba gagwe ba bantsi ba seeng. Baebele ya re: “O ne a nna le basadi ba le makgolo a le supa, bahumagadi, le bagadingwana ba le makgolo a le mararo, mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe ka iketlo” gore a obamele medimo ya maaka. (1 Dikgosi 11:1-4) Maitsholo a banna le one a ne a sa siama—monna yo o siameng a le mongwe mo go ba le sekete, go supa gore ba ne ba bonwa sewelo fela. Solomone o konela ka go re: “Ke bone seno fela, gore Modimo wa boammaaruri o dirile batho ba thokgame, mme bone ba senkile maano a le mantsi.” (Moreri 7:29) Eno ke tshwetso e a e tsereng ka batho botlhe—banna le basadi. Ka jalo, mafoko a a fitlhelwang mo go Moreri 7:28 a tshwanetse a tsewa e le mafoko a a lebisitseng go seemo sa boitsholo jwa batho ba motlha wa ga Solomone ka kakaretso.

Le fa go ntse jalo, temana eno e ka tswa e na le bokao jo bongwe gape. E ka tswa e na le bokao jwa boporofeti, ka gonne ga go mosadi ope yo o kileng a ikobela Jehofa ka tsela e e itekanetseng. Mme go na le monna yo o kileng a dira jalo—Jesu Keresete.—Baroma 5:15-17.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Monna a le mongwe mo go ba le sekete”