Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta se Totatota Baebele e se Rutang

Ruta se Totatota Baebele e se Rutang

 Ruta se Totatota Baebele e se Rutang

“Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa . . . lo ba rute.”—MATHAIO 28:19, 20.

1. O ka tlhalosa jang tsela e Baebele e anamisitsweng ka yone?

LEFOKO LA GA JEHOFA, Baebele e e Boitshepo, ke nngwe ya dibuka tsa bogologolo le tse di anamisiwang go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. E ranoletswe mo dipuong di feta 2 300, e feletse kana bontlhanngwe jwa yone. Diperesente di feta 90 tsa banni ba lefatshe ba na le yone ka dipuo tsa bone.

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa go na le tlhakatlhakano malebana le se Baebele e se rutang? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

2 Dimilione tsa batho di bala karolo nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi. Bangwe ba e badile yotlhe gantsintsi. Ditlhopha di le dintsi tsa bodumedi di bolela gore di theile dithuto tsa tsone mo Baebeleng mme di a ganetsana ka se e se rutang. Mme se se tlhakanyang tlhogo le go feta ke gore, tota le batho ba bodumedi bo le bongwe ba a ganetsana. Ba bangwe ba na le dipelaelo ka Baebele, tshimologo ya yone le mosola wa yone. Batho ba le bantsi ba e tsaya e le buka e e boitshepo e e dirisediwang fela go dira maikano kana go ikana gore o tla bua boammaaruri kwa kgotlatshekelong.

3 Tota Baebele e tshotse lefoko kgotsa molaetsa wa Modimo o o maatla o o yang kwa bathong. (Bahebera 4:12) Ka jalo, rona Basupi ba ga Jehofa re batla gore batho ba utlwe se Baebele e se rutang. Re itumelela go diragatsa thomo e Jesu Keresete a neng a e naya balatedi ba gagwe a re: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute.” (Mathaio 28:19, 20) Mo bodireding jwa rona jwa phatlalatsa, re kopana le batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba mo tlalelong ka ntlha ya tlhakatlhakano ya bodumedi e e aparetseng lefatshe gompieno. Ba batla go itse boammaaruri ka ga Mmopi wa rona, e bile ba batla go itse gore Baebele e ruta eng kaga bokao jwa botshelo. A re sekasekeng dipotso tse tharo tse batho ba le bantsi ba ipotsang tsone. Mo go nngwe le nngwe ya tsone re tla sekaseka dithuto tse di phoso tse baeteledipele ba bodumedi ba di buang, mme morago ga moo re tla bona gore totatota Baebele yone e ruta eng. Dipotso tseo tsa re: (1) A Modimo o amega ka rona? (2) Ke eng fa re le mono? (3) Go direga eng ka rona fa re swa?

A Modimo o a Amega?

4, 5. Ke ka ntlha yang fa batho ba akanya gore Modimo ga a amege ka rona?

4 A re simolole ka potso e e reng, A Modimo o amega ka rona? Ka maswabi, batho ba le bantsi ba akanya gore Modimo ga a amege ka rona. Ke eng fa ba akanya jalo? Lengwe la mabaka ke ka gonne ba bona lefatshe le tletse letlhoo, dintwa le pogo. Ba re, ‘Fa e ne e le gore tota Modimo o a amega, ruri o ne a tla thibela dilo tseno tse di maswe gore di se ka tsa direga.’

5 Lebaka le lengwe le le dirang gore batho ba akanye gore Modimo ga a amege ka rona ke gore baeteledipele ba bodumedi ba dirile gore ba akanye jalo. Gantsi baruti ba reng fa batho ba welwa ke masetlapelo mangwe? Fa mosadi mongwe a ne a tlhokafaletswe ke bananyana ba gagwe ba babedi mo kotsing ya koloi, moruti wa gagwe o ne a re: “Ke thato ya Modimo. Modimo o ne a tlhoka baengele ba bangwe ba babedi.” Fa baruti ba bua mafoko a a ntseng jalo, tota ba pega Modimo molato wa dilo tse di maswe tse di diregang. Mme morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa  mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Jehofa Modimo ga a ke a baka dilo tse di bosula. Ee ruri, “a go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo.”—Jobe 34:10.

6. Ke mang yo o tlhotlheletsang boikepo le pogo e e mo lefatsheng leno?

6 Mme gone, ke eng fa go na le boikepo le pogo e kana kana? Lebaka lengwe ke gore batho ka kakaretso ba ganne gore Modimo e nne Mmusi wa bone, ga ba batle go ikobela melao le melaometheo ya gagwe e e siameng. Batho ba ile ba ineela ba sa lemoge gore ba laolwe ke Mmaba wa Modimo, Satane, ka gonne, “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Go itse seo go re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa go na le maemo a a bosula. Satane o bosula, o tletse letlhoo, o a tsietsa e bile o setlhogo. Ka jalo, re tshwanetse go lebelela gore lefatshe le nne kafa mmusi wa lone a leng ka teng. Ke gone ka moo gompieno go nang le mahutsana le boikepo jo bo kana kana!

7. Mangwe a mabaka a go bo re boga ke afe?

7 Lebaka le lengwe la go bo re boga ke ka go bo re sa itekanela. Batho ba ba nang le boleo ba na le go lwela go laola ba bangwe, mme gantsi seo se feleletsa se bakile dintwa, kgatelelo le pogo. Moreri 8:9 e nepile fa e re: “Motho o [laotse] motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” Lebaka le lengwe gape la go bo batho ba boga ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Gantsi batho ba welwa ke masetlapelo ka gonne ba le mo lefelong le le rileng ka nako e e kotsi.

8, 9. Re itse jang gore ruri Jehofa o amega ka rona?

8 Go a gomotsa go itse gore ga se Jehofa yo o bakang pogo. Le fa go ntse jalo, a ruri Modimo o a amega ka se se re diragalelang mo botshelong? Karabo e e nametsang pelo ke gore, ee, o a amega! Re itse gore Jehofa o amega ka rona ka gonne Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le re bolelela mabaka a go bo a letlile batho go dira dilo tse di bosula. Mabaka ao a akaretsa dikgang tsa botlhokwa di le pedi: bolaodi jwa gagwe le go ikanyega ga batho. E re ka Jehofa e le Mmopi yo o maatlaotlhe, ga a patelesege go re bolelela mabaka a go bo a letlelela pogo. Le fa go ntse jalo, o re bolelela ka gonne o amega ka rona.

9 Akanya ka bosupi jo bongwe gape jo bo bontshang gore Modimo o amega ka rona. O ne “a utlwa botlhoko mo pelong” fa lefatshe le ne le tletse ka boikepo mo motlheng wa ga Noa. (Genesise 6:5, 6) A o sa ntse a ikutlwa jalo le gompieno. Ee, Jehofa ga a fetoge. (Malaki 3:6) O tlhoile tshiamololo e bile ga a rate go bona batho ba boga. Baebele e ruta gore Modimo o tla tloga a fedisa tshenyo yotlhe e e bakilweng ke puso ya batho le tlhotlheletso ya ga Diabolo. A seo ga se bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Modimo o amega ka rona?

10. Jehofa o ikutlwa jang ka pogo e batho ba leng mo go yone?

10 Baeteledipele ba bodumedi ba senya Modimo  leina fa ba re masetlapelo a a re welang mo botshelong ke thato ya gagwe. Mo boemong jwa moo, Jehofa o batla go fedisa pogo e batho ba leng mo go yone. Petere wa Ntlha 5:7 ya re: “O a lo kgathalela.” Seo ke sone se totatota Baebele e se rutang!

Ke Eng Fa re Le Mono?

11. Gantsi madumedi a reng ka botshelo jwa batho mo lefatsheng?

11 Jaanong a re sekasekeng potso ya bobedi e batho ba le bantsi ba ipotsang yone, Ke eng fa re le mono? Gantsi madumedi a lefatshe a araba ka gore batho ba mo lefatsheng ka nakwana fela. Ba tsaya lefatshe leno e le legae la nakwana fela le batho ba tlang mo go lone go tla go ipaakanyetsa go ya go tshela kwa lefelong le lengwe. Baruti bangwe ba ruta thuto e e seng boammaaruri ya gore Modimo o tlile go fedisa polanete eno nako nngwe. Ka ntlha ya dithuto tse di ntseng jalo, batho ba le bantsi ba akanya gore go botoka gore ba tshele botshelo jono ka botlalo ka mo ba ka kgonang ka teng ka gonne ba lebanwe fela ke loso. Totatota Baebele e ruta eng mo kgannyeng eno ya gore ke eng fa re le mono?

12-14. Baebele e ruta eng malebana le boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le batho?

12 Modimo o na le maikaelelo a a molemo ka lefatshe le ka batho. ‘Ga a bopela lefatshe lefela,’ go na le moo “o le bopetse go nniwa.” (Isaia 45:18) Mo godimo ga moo, Jehofa “o thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Go itse dilo tseno kaga boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le batho go ka re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo re le mono.

13 Genesise kgaolo 1 le 2 e bontsha gore Jehofa o ne a baakanya lefatshe ka kelotlhoko gore batho ba nne mo go lone. Kwa bofelong jwa motlha wa go bopa o o neng o akaretsa go bopiwa ga lefatshe la rona, sengwe le sengwe se ne se le “molemo tota.” (Genesise 1:31) Modimo o ne a baya monna le mosadi wa ntlha e bong Adame le Efa mo tshimong e ntle ya Edene mme a ba naya dijo tse dintsi tse di molemo. Banyalani ba ntlha ba batho ba ne ba tewa gatwe: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” Ba ne ba tshwanetse go nna le bana ba ba itekanetseng, go atolosetsa melelwane ya legae la bone la tshingwana mo lefatsheng lotlhe, le go laola diphologolo ka lorato.—Genesise 1:26-28.

14 Boikaelelo jwa ga Jehofa ke gore lelapa la batho ba ba itekanetseng le nne mo lefatsheng ka bosakhutleng. Lefoko la Modimo la re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Ee, batho ba ne ba diretswe gore ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng mo lefatsheng. Boikaelelo jwa Modimo ke jone joo, e bile ke sone se totatota Baebele e se rutang!

Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?

15. Bontsi jwa madumedi a lefatshe a ruta eng ka se se diragalang ka rona fa re swa?

15 Jaanong a re sekasekeng potso ya boraro e batho ba le bantsi ba ipotsang yone: Go direga eng ka rona fa re swa? Bontsi jwa madumedi a lefatshe a ruta batho gore go na le sengwe mo teng ga motho se se tswelelang se tshela fa mmele o sena go swa. Madumedi mangwe a sa ntse a ruta thuto ya gore Modimo o otlhaya batho ba ba boikepo ka go dira gore ba boge go  ya go ile mo diheleng tsa molelo. A mme seo ke boammaaruri? Totatota Baebele e ruta eng ka loso?

16, 17. Go ya ka Baebele, seemo sa baswi ke sefe?

16 Lefoko la Modimo la re: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo.” E re ka baswi ba sa “itse sepe gotlhelele,” ga ba kgone go utlwa sepe, go bona, go bua le fa e le go akanya. Ga ba tlhole ba bona tuelo epe. Tota ba ka e bona jang? Aitse ga ba kgone go dira tiro epe! Mo godimo ga moo, “lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse,” ka gonne ga ba tlhole ba kgona go bontsha maikutlo ape fela.—Moreri 9:5, 6, 10.

17 Se Baebele e se buang mo kgannyeng eno se tlhamaletse e bile se utlwala sentle—batho ba ba suleng ga ba tswelele ba tshela felo gongwe. Fa re swa ga go na sepe se se tswang mo mmeleng wa rona se bo se tswelela se tshela gore se tsholwe gape mo mmeleng o mongwe, jaaka go bolela batho ba ba dumelang thuto ya go tsalwa sesha o le setshedi se sele. Re ka tshwantsha kgang eno jaana: Botshelo jo re bo tshelang bo tshwana le kgabo ya kerese. Fa kgabo eno e timile ga go na kwa e yang teng. Ga e tlhole e le teng.

18. Fa moithuti wa Baebele a utlwa gore baswi ga ba utlwe sepe, a ka dira ditshwetso dife?

18 Akanya fela se se kaiwang ke boammaaruri joo jo bo sa raraanang mme e le jo bo maatla. Fa motho yo o ithutang Baebele a utlwa gore baswi ga ba utlwe sepe, go tshwanetse ga nna motlhofo gore a lemoge gore, le fa bagologolwane ba gagwe ba ba suleng ba ka tswa ba ne ba mo tlhoile go le kana kang fa ba sa ntse ba tshela, ba ka se ka ba mo tshwenya. Gape o tshwanetse go lemoga ka bonako gore baratiwa ba gagwe ba ba robetseng mo losong ga ba tlhole ba kgona go utlwa sepe, go bona, go bua, kana go akanya. Ka gone, ba ka se ka ba bo ba jewa ke bodutu jo bogolo mo pakatoring kana ba boga mo lefelong lengwe la molelo. Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore baswi ba Modimo a ba gopolang ba tla tsosiwa. A tsholofelo e e itumedisang jang ne!—Johane 5:28, 29.

Buka e Ntšha E re Ka e Dirisang

19, 20. Rona Bakeresete, re na le boikarabelo bofe, mme ke buka efe ya go ithuta Baebele e e diretsweng segolobogolo go dirisiwa mo bodireding jwa rona?

19 Re sekasekile dipotso tse tharo fela tse batho ba le bantsi ba ipotsang tsone. Mo go nngwe le nngwe ya dipotso tseno, re bone gore se Baebele e se rutang se utlwala sentle e bile se tlhamaletse. Ruri go itumedisa tota go itsise batho ba ba batlang go itse se totatota Baebele e se rutang, re ba itsise dithuto tseno tsa boammaaruri! Mme go na le dipotso tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwa tse batho ba ba dipelo di ikanyegang ba batlang go itse dikarabo tse di kgotsofatsang tsa tsone. Rona Bakeresete re na le boikarabelo jwa go ba thusa go bona dikarabo tsa dipotso tseno.

20 Ke kgwetlho go ruta batho boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e motlhofo le e e utlwalang sentle mme gape e le ka tsela e e tla ba amang pelo. Setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” se re thusitse go fenya kgwetlho eno ka go dira buka e e diretsweng segolobogolo gore re e dirise mo bodireding jwa Bokeresete. (Mathaio 24:45-47) Buka eno ya ditsebe tse 224 e na le setlhogo se se reng Totatota Baebele e Ruta Eng?

21, 22. Dingwe tsa dintlha tse di kgatlhang tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? ke dife?

21 Buka eno e golotswe kwa Dikopanong Tsa  Kgaolo tsa “Go Ikobela Modimo” tsa Basupi ba ga Jehofa tsa 2005/2006 mme e na le dikarolo tse di farologaneng tse di kgatlhang. Ka sekai, e na le ketapele ya ditsebe di le tlhano e e thusang thata go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. O ka nna wa fitlhela go le motlhofo go tlotla le batho ka ditshwantsho le ditemana tse di mo ketapeleng eno. Gape o ka nna wa dirisa tshedimosetso e e mo karolong eno go bontsha baithuti mokgwa wa go bona dikgaolo le ditemana tsa Baebele.

22 Buka eno e kwadilwe ka tsela e e motlhofo, le e e utlwalang sentle. Go dirilwe maiteko a magolo go fitlhelela pelo ya moithuti ka go mo tsenyeletsa gongwe le gongwe fa go kgonegang teng. Kgaolo nngwe le nngwe e na le dipotso di le mmalwa kwa tshimologong mme kwa bofelong ke lebokoso la setlhogo se se reng “Se Baebele e se Rutang.” Lebokoso leno le na le dikarabo tsa dipotso tsa kwa tshimologong le Dikwalo tse di tshegetsang dikarabo tseo. Buka eno e tla thusa moithuti go tlhaloganya dintlha tse disha ka ditshwantsho tse di botswerere, mafoko a ditlhaka tse dikgolwane mmogo le dipapiso. Le fa gone dintlha tsa konokono tsa buka eno di dirilwe gore e nne tse di motlhofo, go na le setlhogo sa dintlha tse di oketsegileng se se tla go nayang tshono ya go sekaseka ditlhogo tsa botlhokwa di le 14 ka tsela e e tseneletseng fa e le gore moithuti o tlhoka tshedimosetso e e oketsegileng.

23. Go newa dikakantsho dife tsa go dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? mo dithutong tsa Baebele?

23 Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e diretswe go re thusa go ruta batho ba maemo a a sa tshwaneng a thutego le ba ba tswang mo madumeding a a sa tshwaneng. Fa moithuti a se na kitso epe ya Baebele, lo ka nna lwa se ka lwa fetsa kgaolo mo thutong e le nngwe fela. O se ka wa itlhaganelela go ithuta tshedimosetso e ntsi ka bonako le moithuti, mme leka go mo fitlhelela pelo. Fa a sa tlhaloganye papiso nngwe e e dirisitsweng mo bukeng, e tlhalose kgotsa o dirise e nngwe. Baakanyetsa sentle, dira sotlhe se o ka se kgonang go dirisa buka eno ka botlalo, mme o rapelele thuso ya Modimo gore o kgone go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’—2 Timotheo 2:15.

Anaanela Ditshiamelo Tse Dikgolo Tse o Nang Natso

24, 25. Jehofa o abetse batho ba gagwe ditshiamelo dife tse di botlhokwa?

24 Jehofa o abetse batho ba gagwe ditshiamelo tse di molemolemo. O dirile gore re kgone go ithuta boammaaruri kaga gagwe. A le ka motlha re se ka ra tlhaetsa tshiamelo eo matlho! Aitsane, Modimo o dirile gore maikaelelo a gagwe a senolelwe batho ba ba ikokobeditseng mme o dirile gore a fitlhegele ba ba ikgodisang. Jesu o ne a bolela jaana mo ntlheng eno: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno mme o di senoletse masea.” (Mathaio 11:25) Tshiamelo eno ya go tsewa o le mongwe wa ba ba ikokobeditseng ba ba direlang Jehofa, Molaodi wa Lobopo, ga e bonwe ke mang le mang.

25 Gape Modimo o re abetse tshiamelo ya gore re rute batho kaga gagwe. Se lebale gore o sentswe leina ke batho ba ba ntseng ba ruta maaka kaga gagwe. Ka gone, batho ba le bantsi ba na le pono e e phoso gotlhelele ka Jehofa, ba akanya gore o setlhogo e bile ga a amege ka rona. A o iketleeleditse go thusa go mo tlhatswa leina? A o batla gore batho ba ba dipelo di ikanyegang gongwe le gongwe ba itse boammaaruri ka ga Modimo? Fa e le gore go ntse jalo, dira bojotlhe go bontsha gore o ikobela Modimo ka go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera le go ruta ba bangwe gore Dikwalo tsa reng ka dikgang tsa botlhokwa. Batho ba ba batlang go itse boammaaruri ba tshwanetse go rutwa se totatota Baebele e se rutang.

O ka Araba Jang?

• Re itse jang gore Modimo o amega ka rona?

• Ke ka ntlha yang fa re le mono mo lefatsheng?

• Go direga eng ka rona fa re swa?

• Ke dikarolo dife tsa buka ya Baebele e Ruta Eng? tse o boneng di le mosola thata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Baebele e ruta gore pogo e tla fela

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Kwa godimo kafa mojeng, mosetsana: © Bruno Morandi/ age fotostock; kafa molemeng, mosadi: AP Photo/Gemunu Amarasinghe; kwa tlase kafa mojeng, batshabi: © Sven Torfinn/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Basiami ba tla tshelela ruri mo Paradaiseng