Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—II

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—II

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—II

ISAIA o dira tiro e a e neilweng ya go porofeta ka boikanyegi. Mafoko ao a a buileng kgatlhanong le bogosi jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele a setse a diragetse. Jaanong o na le mafoko a mangwe gape a a malebana le isagwe ya Jerusalema.

Motse wa Jerusalema o tla senngwa, mme banni ba one ba tla isiwa botshwarwa. Mme tshwafalo eno e ka se nne ya bosakhutleng. Morago ga nako e e rileng, kobamelo ya boammaaruri e tla tsosolosiwa. Ono ke one molaetsa wa konokono o o mo go Isaia 36:1–66:24. * Re ka solegelwa molemo ke go sekaseka se se boletsweng mo dikgaolong tseno ka gonne bontsi jwa boporofeti jo bo mo karolong eno bo diragadiwa ka tsela e kgolwane mo motlheng wa rona kana bo tla tloga bo diragadiwa mo isagweng. Karolo eno ya buka ya Isaia gape e na le boporofeti jo bo itumedisang kaga Mesia.

“BONA! METLHA E ETLA”

(Isaia 36:1–39:8)

Ka ngwaga wa bo14 wa puso ya ga Kgosi Hesekia (732 B.C.E.), Baasiria ba tlhasela Juda. Jehofa o solofetsa gore o tla sireletsa Jerusalema. Matshosetsi a tlhaselo a fela fa moengele wa ga Jehofa a le esi a bolaya masole a Baasiria a le 185 000.

Hesekia o tsenwa ke bolwetse. Jehofa o araba thapelo ya gagwe ka go mo fodisa, a bo a mo okeletsa botshelo ka dingwaga di le 15. Fa kgosi ya Babelona e romela barongwa go ya go mo akgola, Hesekia o tsaya kgato e e seng botlhale ya go ba bontsha matlotlo a gagwe otlhe. Isaia o naya Hesekia molaetsa o o tswang kwa go Jehofa a re: “Bona! Metlha e etla, mme sengwe le sengwe se se mo ntlong ya gago le se borragomogologolwane ba se bolokileng go tla go fitlha mo letsatsing leno se tla isiwa Babelona.” (Isaia 39:5, 6) Boporofeti jono bo diragala dingwaga di ka feta 100 moragonyana.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

38:8—“Ditepisi” tse moriti o neng o dirwa gore o boele kwa morago mo go tsone e ne e le eng? E re ka go ne go dirisiwa ditshupanako tsa letsatsi kwa Egepeto mmogo le kwa Babelona ka lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., ditepisi tseno di ka tswa di lebisitse go matshwao a sesupanako sa letsatsi se Ahase, rraagwe Hesekia a ka tswang a ne a na naso. Kgotsa go ka tswa go ne go na le ditepisi mo teng ga ntlo ya segosi. Moriti wa pilara e e neng e le fa thoko ga ditepisi o ka tswa o ne o wela ka iketlo mo ditepising, mme o ne o ka dirisediwa go bala nako.

Se re Ithutang Sone:

36:2, 3, 22. Le fa Shebena a ne a tlositswe mo maemong a go nna molebedi, o ne a letlelelwa  go tswelela a direla kgosi e le mokwaledi wa motho yo o tsereng maemo a gagwe. (Isaia 22:15, 19) Fa re tlositswe mo maemong a boikarabelo mo phuthegong ya ga Jehofa ka lebaka lengwe, a ga re a tshwanela go tswelela pele re direla Modimo mo maemong le fa e le afe ao a a letlang?

37:1, 14, 15; 38:1, 2Fa re le mo mathateng, go molemo go rapela Jehofa le go mo ikanya ka botlalo.

37:15-20; 38:2, 3Fa Jerusalema e ne e tshosediwa ke Baasiria, se Hesekia a neng a tshwenyegile thata ka sone e ne e le gore fa Jerusalema e ka fenngwa seo se tla tlisetsa leina la ga Jehofa kgobo. Fa Hesekia a utlwa gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo tla mmolaya, ga a ka a tshwenyega ka ga gagwe ka esi fela. Se se neng se mo tshwentse thata e ne e le gore fa a ka swa a se na mojaboswa seo se ne se tla ama jang losika lwa dikgosi lwa ga Dafide. Gape o ne a tshwenyegile ka gore ke mang yo o tla etelelang ntwa pele kgatlhanong le Baasiria. Fela jaaka Hesekia, re tsaya go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe go le botlhokwa go feta go bolokwa ga rona.

38:9-20. Pina eno ya ga Hesekia e re ruta gore ga go sepe se se botlhokwa mo botshelong go feta go kgona go baka Jehofa.

“O TLA AGIWA SESHA”

(Isaia 40:1–59:21)

Fela fa Isaia a sena go bolelela pele ka go senngwa ga Jerusalema le go isiwa botshwarwa kwa Babelona morago ga moo, o bolelela pele ka tsosoloso. (Isaia 40:1, 2) Isaia 44:28 ya re: “[Jerusalema] o tla agiwa sesha.” Ditshwantsho tsa medimo ya Babelona di tla tsewa jaaka “dithoto.” (Isaia 46:1) Babelona o tla senngwa. Sotlhe seno se direga makgolo a mabedi a dingwaga moragonyana.

Jehofa o tla naya motlhanka wa gagwe gore a nne “lesedi la ditšhaba.” (Isaia 49:6) “Magodimo” a Babelona, e leng setlhopha sa babusi, a “tla kaologa a nna makgaoganyane fela jaaka mosi,” mme babusiwa ba gagwe “ba tla swa jaaka montsana fela;” mme ‘morwadia Siona yo o tshwerweng o tla ipofolola dibofo tse di mo thamong.’ (Isaia 51:6; 52:2) Jehofa o raya ba ba tlang mo go ene ba bo ba reetsa a re: “Ke tla akofa ke dira kgolagano le lona e e nnang ka bosakhutleng malebana le mapelonomi a lorato a a neng a bontshiwa Dafide.” (Isaia 55:3) Go tshela ka melao ya Modimo e e siameng go felela ka gore motho a ‘itumele thata mo go Jehofa.’ (Isaia 58:14) Mme diphoso tsa batho tsone, di ‘baka dikgaogano fa gare ga bone le Modimo wa bone.’—Isaia 59:2.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

40:27, 28—Ke ka ntlha yang fa Iseraele a ne a re: “Tsela ya me e fitlhetswe Jehofa, le tshiamiso ya me Modimo wa me ga a e lemoge”? Bajuda bangwe kwa Babelona ba ka tswa ba ne ba akanya gore Jehofa o ne a sa bone tshiamololo e ba neng ba e direlwa. Ba ne ba gakololwa gore Mmopi wa lefatshe a ka kgona go fitlha kwa Babelona, ga a lape e bile ga a felelwe ke nonofo.

43:18-21—Ke ka ntlha yang fa ba ba boang kwa botshwarwa ba ne ba laelwa gore ba ‘se ka ba gakologelwa dilo tsa ntlha’? Seno se ne se sa reye gore ba tshwanetse ba lebala ditiro tsa ga Jehofa tsa nako e e fetileng tsa go ba golola. Go na le moo, Jehofa o ne a batla gore ba mmake ka ntlha ya “sengwe se sesha” se se neng se tla ba diragalela, jaaka go tsamaya mosepele o o babalesegileng go ya Jerusalema, gongwe e le ka tsela e e tlhamaletseng e e ralalang sekaka. Ba “boidiidi jo bogolo” ba ba tswang mo “pitlaganong e kgolo” le bone ba tla nna le mabaka a masha a e leng a bone ka namana a go galaletsa Jehofa.—Tshenolo 7:9, 14.

49:6—Mesia ke “lesedi la ditšhaba” ka tsela efe, ntswa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng bo ne bo felela mo baneng ba Iseraele? Go ntse jalo ka ntlha ya se se diragetseng morago ga loso lwa ga Jesu. Baebele e lebisa Isaia 49:6 mo barutweng ba gagwe. (Ditiro 13:46, 47) Gompieno, Bakeresete ba ba tloditsweng, ba thusiwa ke boidiidi jo bogolo jwa baobamedi,  ke “lesedi la ditšhaba,” ba naya batho lesedi, “go ya fela kwa ntlheng ya lefatshe.”—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

53:10—Jehofa o ne a itumelela go gatelela Morwawe ka tsela efe? Go tshwanetse ga bo go ile ga utlwisa Jehofa botlhoko, Modimo yo o pelotlhomogi, go bona Morwawe yo o rategang a boga. Le fa go ntse jalo, o ne a itumelela go bona Jesu a nna kutlo ka go rata, e bile o ne a itumelela sotlhe se se neng se tla diragadiwa ke go boga le go swa ga gagwe.—Diane 27:11; Isaia 63:9.

53:11—Ke kitso efe e ka yone Mesia a tla ‘dirang gore batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng’? Eno ke kitso e Jesu a nnileng le yone ka gore a tle mo lefatsheng, a nne motho, a bo a bogisiwa gore a bo a bolawe go sa tshwanela. (Bahebera 4:15) Ka go rialo o ne a ntsha setlhabelo sa thekololo, se se neng se tlhokega go thusa Bakeresete ba ba tloditsweng le ba boidiidi jo bogolo gore ba nne le seemo se se siameng fa pele ga Modimo.—Baroma 5:19; Jakobe 2:23, 25.

56:6—“Batswakwa” ke bomang, mme “ba tshwere kgolagano ya [ga Jehofa]” jang? “Batswakwa” ke “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu. (Johane 10:16) Ba tshwara kgolagano e ntšha ka go ikobela melao e e amanang le kgolagano eo, ba dirisana ka botlalo le dithulaganyo tse di dirwang ka yone, ba ja dijo tse di tshwanang tsa semoya le tse di jewang ke Bakeresete ba ba tloditsweng, mme ba ba ema nokeng mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa.

Se re Ithutang Sone:

40:10-14, 26, 28. Jehofa o nonofile mme o bonolo, o maatla otlhe, o botlhale e bile o tlhaloganya go feta kafa re ka tlhaloganyang ka teng kgakala.

40:17, 23; 41:29; 44:9; 59:4. Dikgolagano tsa bopolotiki le medingwana ke ‘dilo tse e seng tsa mmatota.’ Go di ikanya ga go na mosola ope.

42:18, 19; 43:8. Go tlhokomologa Lefoko la Modimo le le kwadilweng le go gana go reetsa kaelo ya gagwe e e tlang ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke go foufala le go nna susu semoyeng.—Mathaio 24:45.

43:25. Jehofa o fedisa ditlolo ka ntlha ya gagwe. Go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa go botlhokwa go feta go gololwa ga rona mo bokgobeng jwa boleo le loso le go bona botshelo.

44:8. Re engwa nokeng ke Jehofa, yo o nitameng e bile a tlhomame fela jaaka lefika. Le ka motlha ga re a tshwanela go boifa go naya bosupi jwa gore ke ene Modimo!—2 Samuele 22:31, 32.

44:18-20. Kobamelo ya medingwana e supa go senyega ga pelo. Ga go sepe se se tshwanetseng sa tseela Jehofa sebaka mo pelong ya rona.

46:10, 11. Lebaka la go bo Jehofa a kgona go dira gore ‘boikaelelo jwa gagwe bo eme,’ ke gore, go bo diragatsa ke bosupi jo bo feletseng jwa gore ke Modimo.

48:17, 18; 57:19-21. Fa re batla poloko mo go Jehofa, re mo atamela, e bile re reetsa ditaelo tsa gagwe, kagiso ya rona e tla nna ntsi jaaka metsi a noka e e elelang mme ditiro tsa rona tse di siameng di tla nna dintsi jaaka makhubu a lewatle. Batho ba ba sa reetseng Lefoko la Modimo ba tshwana le “lewatle le le kgaphaselang.” Ga ba na kagiso.

52:5, 6Bababelona ba ne ba dira phoso ka go swetsa ka gore Modimo wa boammaaruri o bokoa. Ba ne ba sa lemoge gore lebaka la go bo Baiseraele ba ne ba dirilwe batlhanka e ne e le ka gonne ba sa itumedise Jehofa. Fa ba bangwe ba welwa ke masetlapelo, go molemo gore re se ka ra itlhaganelela go dira ditshwetso malebana le se se a bakileng.

52:7-9; 55:12, 13. Re na le mabaka a ka nna mararo a go nna le seabe ka boitumelo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Dinao tsa rona di dintle mo bathong ba ba ikokobeditseng ba ba tshwerweng ke tlala ya semoya. Re ‘iponela Jehofa ka matlho,’ kgotsa re nna le kamano e e molemo le ene. Gape re nna le khumo ya semoya.

52:11, 12. E le gore re tshwanelege go tshola “dilwana tsa ga Jehofa”—e leng dithulaganyo tse a di dirileng tsa tirelo e e boitshepo—re  tshwanetse ra nna phepa mo semoyeng le mo boitsholong.

58:1-14. Go supa boineelo le tshiamo ka boitimokanyo ga go na mosola. Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse ba nna le ditsela tse dintsi tsa mmatota tsa go bontsha boineelo jwa bomodimo le ditiro tsa lorato lwa bokaulengwe.—Johane 13:35; 2 Petere 3:11.

59:15b-19. Jehofa o lebelela ditiro tsa batho a bo a tsaya kgato ka nako ya gagwe e e tshwanetseng.

“O TLA NNA SERWALO SA BONTLE”

(Isaia 60:1–66:24)

Isaia 60:1 e bolela jaana fa e bua ka go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri mo metlheng ya bogologolo le mo metlheng ya gompieno: “Tsoga, wena mosadi, phatsimisa lesedi, gonne lesedi la gago le tlile le kgalalelo ya ga Jehofa e go phatsimetse.” Siona “o tla nna serwalo sa bontle mo seatleng sa ga Jehofa.”—Isaia 62:3.

Isaia o rapela Jehofa a rapelela bagabone ba ba tla ikwatlhayang fa ba ntse ba le kwa botshwarwa kwa Babelona. (Isaia 63:15–64:12) Fa moporofeti a sena go bapisa batlhanka ba boammaaruri le ba maaka, o bolela kafa Jehofa a tla segofatsang bao ba direlang Modimo ka teng.—Isaia 65:1–66:24.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

61:8, 9—“Kgolagano e e nnang ka bosakhutleng” ke eng, mme “bana” ke bomang? Eno ke kgolagano e ntšha e Jehofa a e dirileng le Bakeresete ba ba tloditsweng. “Bana” ke “dinku tse dingwe”—dimilione tsa batho ba ba amogelang molaetsa wa bone.—Johane 10:16.

63:5—Tšararego ya Modimo e mo tshegetsa jang? Tšararego ya Modimo ke boikutlo jo bo laolegang—ke kgalefo ya gagwe e e siameng. Tšararego ya gagwe e mo thusa ka go mo tlhotlheletsa go diragatsa dikatlholo tsa gagwe tsa tshiamo.

Se re Ithutang Sone:

64:6. Batho ba ba sa itekanelang ba ka se kgone go ipoloka. Fa e le ka go direla maleo tetlanyo, ditiro tsa bone tse di siameng di tshwana fela le diaparo tse di leswe.—Baroma 3:23, 24.

65:13, 14. Jehofa o segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, a ba kgotsofatsa ka botlalo ka se ba se tlhokang semoyeng.

66:3-5. Jehofa o tlhoile boitimokanyi.

“Itumeleng”

A bo dipolelelopele tsa tsosoloso di tshwanetse tsa bo di ne di gomotsa jang ne mo Bajudeng ba ba ikanyegang ba e neng e le batshwarwa kwa Babelona! Jehofa o ne a re: “Itumeleng, lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang. Gonne bona, ke bopela Jerusalema se se tla mo ipedisang le batho ba gagwe se se tla dirang gore ba itumele.”—Isaia 65:18.

Le rona re tshela ka nako e ka yone lefifi le apesitseng lefatshe le ditšhaba di leng mo letobong le lentshontsho. (Isaia 60:2) Re mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Ka jalo, molaetsa wa ga Jehofa wa poloko o o mo bukeng ya Baebele ya Isaia o re kgothatsa fela thata.—Bahebera 4:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Fa o batla go bona tlhaloso ya Isaia 1:1–35:10, bona “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—I” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa December 1, 2006.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

A o itse lebaka la konokono la go bo Hesekia a ne a rapelela go namolwa mo Baasirieng?

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

“A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo!”