Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo Ileng Jwa Fetoga ka Teng

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo Ileng Jwa Fetoga ka Teng

“Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo Ileng Jwa Fetoga ka Teng

BO botshelo jwa ga Matsepang bo ne bo setse bo le bosula e bile bo se na bokao jang ne! E ne e le mosetsanyana yo o neng a nna kwa Lesotho, naga nngwe e e mo karolong e e fa gare ga Afrika Borwa. Matsepang o ne a godisitswe e le Mokatoliki. Le fa go ntse jalo, go na le gore a thusiwe gore a atamalane le Modimo, baitlami ba ne ba mo sotla ka dingwaga di le dintsi ba mo raela ka madi gore a dire boitsholo jo bo sa siamang le bone.

Ka ntlha ya seo, Matsepang o ne a swabisiwa ke bodumedi mme o ne a sa kgone go dumela gore go na le Mmopi yo o lorato yo o amegang tota ka batho ba a ba bopileng. E re ka Matsepang a ne a se na ope yo o amegang ka ene e bile a sotlilwe, o ne a nna le kutlobotlhoko e e sa feleng e bile a ikutlwa a se na mosola gotlhelele. O ne a gola e le motho yo o ratang ntwa thata e bile a le dikgoka. Seno se ne sa felela ka gore a nne sekebekwa.

Kgabagare Matsepang o ne a tsena mo segopeng se se neng se thukhutha batho mo ditereneng. O ne a tshwarwa mme a tsenngwa mo kgolegelong ya Afrika Borwa. Moragonyana o ne a busediwa kwa nageng ya gabone kwa Lesotho, kwa a neng a tswelela pele e le sekebekwa, a tagwa, a rata ntwa le boitsholo jo bo sa siamang.

Ka nako nngwe fa Matsepang a ne a tshwenyegile thata mo maikutlong, o ne a rapela Modimo ka tlhoafalo gore a mo thuse. O ne a solofetsa jaana: “Modimo, fa nka tswa mo seemong se, ke tla dira sotlhe se nka se kgonang go go direla.”

Go ise go ye kae, barongwa ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba buisana le Matsepang. Ba ne ba ithaopa go ithuta Baebele le ene. Fa a ntse a ithuta, o ne a lemoga gore Modimo ga se motho yo o sa kgatlhegeleng batho e bile ga se motho yo o sa amegeng ka bone. E bile tota, o ne a lemoga gore Satane “ramaaka,” o dirisa maano a a boferefere le tsietso go dira gore batho bangwe ba ipone ba se na mosola ba bo ba tseye gore le ka motlha Jehofa a ka se ba tseye ba tshwanelwa ke go bontshiwa lorato.—Johane 8:44; Baefeso 6:11.

Kafa letlhakoreng le lengwe, Matsepang o ne a gomodiwa thata ke go ithuta gore re ka kgona go itlotla ka tsela e e tshwanetseng fa re ikwatlhaela maleo a rona a nako e e fetileng, re kopa Modimo gore a re itshwarele re bo re leka ka natla go mo itumedisa! O ne a thusiwa gore a tlhaloganye gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona” le gore o re leba ka tsela e e ka tswang e farologane thata le e rona re itebang ka yone.—1 Johane 3:19, 20.

Matsepang o ne a itumelela thata go bala mafoko ano a ga mopesalema Dafide: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:18) Ka e ne e le mongwe wa batho ba ba “moya o pitlaganeng,” o ne a ithuta gore Jehofa ga a latlhe batlhanka ba gagwe, le fa bangwe ba bone ba hutsafetse kgotsa ba ikutlwa ba se botlhokwa. O ne a itumedisiwa ke go ithuta gore Modimo o tlhokomela dinku tsa gagwe tsotlhe e bile o a di nonotsha mo dinakong tsa mathata. (Pesalema 55:22; 1 Petere 5:6, 7) Mafoko ano a ne a mo gomotsa thata: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

Go ise go ye kae maatla a Lefoko la Modimo, e leng Baebele, a ile a bonala mo botshelong jwa ga Matsepang. O ne a simolola go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete mme a tlogela mekgwa ya gagwe e e sa tsamaisaneng le Dikwalo. Go ile ga felela jang? Ga a tlhole a ikutlwa a sa tshwanelwe ke go ratwa le go amogelwa ke Modimo. Fa e sale a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa, o dirisitse diura di le dintsintsi mo bodireding jwa Bokeresete a bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Le fa Matsepang a ne a utlwile botlhoko thata mo nakong e e fetileng, jaanong o itumetse e bile botshelo jwa gagwe bo na le bokao. Seno se bontsha kafa Baebele e nang le maatla a go tokafatsa matshelo a batho ka teng!—Bahebera 4:12.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Modimo, fa nka tswa mo seemong se, ke tla dira sotlhe se nka se kgonang go go direla

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Kafa Melaometheo ya Baebele e Dirang ka Teng

Eno ke mengwe ya melaometheo ya Baebele e e ileng ya gomotsa batho ba ba sotlilweng:

“Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago [Modimo] di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.” (Pesalema 94:19) “Dikgomotso” tsa ga Jehofa tse di fitlhelwang mo Lefokong la gagwe eleruri di a gomotsa. Go akanya ka tsone fa o tlhatlhanya le fa o rapela go thusa go okobatsa dikakanyo tse di tlhobaetsang e bile go go thusa gore o ithute go ikanya Modimo jaaka Tsala e e tlhaloganyang.

“[Jehofa] o fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.” (Pesalema 147:3) Fa re anaanela bopelotlhomogi jwa ga Jehofa le thulaganyo e a e dirileng ya go bipa maleo a rona ka setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, re ka atamela Modimo re tlhomamisegile mme dipelo tsa rona di sa tlhole di re bona molato. Seno se ka re gomotsa fela thata e bile se tla dira gore re nne le kagiso ya mogopolo.

“Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna [Jesu Keresete] fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge; mme ruri ke tla mo tsosa mo losong mo letsatsing la bofelo.” (Johane 6:44) Jehofa o re gogela kwa go Morwawe e bile o re naya tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo le tiro ya go rera ka Bogosi.