Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Popo

Popo

A Modimo o bopile lefatshe ka malatsi a le marataro fela a diura di le 24, jaaka batho bangwe ba ba dumelang mo popong ba bua?

“Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”—Genesise 1:1.

SE BAEBELE E SE BUANG

Jaaka Genesise 1:1 e bua, Modimo o bopile lobopo, go akaretsa le lefatshe, mo nakong e e fetileng e e sa bolelwang—“mo tshimologong.” Saense ya bosheng e dumela gore lobopo lo nnile le tshimologo. Bosheng jaana baitsesaense ba ne ba fopholetsa gore lo ka tswa lo na le dingwaga di le dibilione di le 14.

Gape Baebele e tlhalosa “malatsi” a le marataro a popo. Le fa go ntse jalo, ga e re malatsi ano e ne e le a diura di le 24. (Genesise 1:31) Tota e bile Baebele e dirisa lefoko “letsatsi” go tlhalosa dipaka tse di farologaneng tsa nako. Ka sekai, e bitsa lobaka lotlhe lwa popo e re ke ‘letsatsi le Jehofa Modimo a neng a dira lefatshe le legodimo ka lone.’ (Genesise 2:4) Go bonala sentle gore “malatsi” ano a popo a tsere dingwaga di le diketekete.—Pesalema 90:4.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Dikgopolo tsa maaka tsa bangwe ba batho ba ba dumelang mo popong di ka dira gore o se ka wa tsaya Baebele tsia gotlhelele. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore tota Baebele e na le pego e e ka ikanngwang ka popo, o ka solegelwa molemo ke letlotlo la yone la “botlhale jo bo mosola.”—Diane 3:21.

 A Modimo o ne a dira gore dilo di iphetogele ka botsone go nna tse dingwe gore go nne le ditshedi mo lefatsheng?

“Modimo o ne a re: ‘A lefatshe le ntshe dibopiwa tse di tshelang go ya kafa mefuteng ya tsone.’” —Genesise 1:24.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo ga a ka a dira ditshedi tse di sa raraanang a bo a dira gore di iphetogele go nna tse dingwe tse di raraaneng. Go na le moo, o bopile ‘mefuta’ e e raraaneng ya dimela le diphologolo e go tswa foo e ileng ya ata “kafa mefuteng ya tsone.” (Genesise 1:11, 21, 24) Thulaganyo eno, e e sa ntseng e tswelela le gompieno, e dirile gore lefatshe le tlale ka yone ‘mefuta’ ya ditshedi e Modimo a e bopileng kwa tshimologong.—Pesalema 89:11.

Baebele ga e tlhalose gore mo mofuteng mongwe wa setshedi go ka nna le e mengwe e le kana kang, e leng se se ka diregang fa diphologolo tsa mofuta mongwe di tsala mmogo di bo di fetoga go tsamaisana le tikologo ya tsone. Le fa bangwe ba tsaya seno e le mofuta mongwe wa go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, tota ga se dire gore go bopege mefuta e mesha ya ditshedi. Dipatlisiso tsa bosheng di dumalana le kgopolo ya gore mefuta ya kwa tshimologong ya dimela le diphologolo ga e a fetoga go le kalo mo lobakeng lo loleele lwa nako.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Tsela e Baebele e nepang ka yone fa e tlhalosa ‘mefuta’ ya ditshedi tsa kwa tshimologong e bontsha gore e ka ikanngwa le mo dilong tse dingwe, go akaretsa le mo hisitoring le mo boporofeting.

Dilo tse di dirisitsweng go bopa lobopo di ne di tswa kae?

“Ke ne ka otlolola magodimo ka diatla tsa me.”—Isaia 45:12.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo ke Motswedi wa maatla a a sa feleng kgotsa nonofo. (Jobe 37:23) Seno se botlhokwa ka gonne baitsesaense ba ithutile gore maatla a kgona go fetolwa go nna selo se se tshwaregang. Baebele ya re Modimo ke ene Motswedi wa “bogolo jwa maatla a a boitshegang” a a dirileng lobopo. (Isaia 40:26) Modimo o solofetsa gore o tla dirisa maatla a gagwe gore dilo tse a di bopileng di nne di le gone ka gonne Baebele e bua jaana malebana le letsatsi, ngwedi le dinaledi: “[Modimo] o dira gore di nne di tlhomame ka bosakhutleng.”—Pesalema 148:3-6.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Moithutadinaledi mongwe e bong Allan Sandage o kile a re, ‘Saense ga e kgone go araba dipotso tse di kwa teng teng. Ga e kgone go araba potso e e jaaka gore go tlile jang gore go nne le lobopo.’ Baebele ga e tlhalose popo fela ka tsela e e dumalanang le saense mme gape e araba dipotso tse saense e ka se kgoneng go di araba—tse di jaaka, Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe le batho? *

^ ser. 16 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.