Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Web Site e e Tlhomologileng

Web Site e e Tlhomologileng
  • BALA Baebele ka dipuo di ka nna 50 le tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 500.

  • LEBA tshedimosetso ka dipuo tsa diatla di ka nna 70.

  • BULA web site eno ka dipuo di le makgolokgolo.

  • REETSA diterama tsa mantswe tse di tlhalosang ditiragalo tse di kgatlhang tsa Baebele.

  • BONA dipolelo tse di tshwantshitsweng tse di bontshang ditiragalo tsa Baebele ka tsela e e kgatlhang.

  • LEBELELA diterama le dibidio tse di theilweng mo Baebeleng tse di tla go thusang go lebana le mathata a botshelo.

  • ITSEELE di-e-book, ditlhogo tsa dimakasine le difaele tse di reediwang, tsotlhe fela mahala.

  • BATLISISA ka dikgang tse di farologaneng o dirisa Watchtower ONLINE LIBRARY—e e tla go nayang letlotlo la tshedimosetso ka dipuo di feta 100.

 TSA BANYALANI

“Ke batla gore lelapa la me le atlege. Nna le mosadi wa me re ntse re na le mathata a lenyalo, mme a ile a oketsega fa re sena go nna le bana. Re tlhoka thuso”

BAEBELE YA RE:

“Ntlo e tla agiwa ka botlhale, mme e tla tlhomamisiwa thata ka temogo.”—Diane 24:3.

DIKAROLO TSE DI KA THUSANG TSA WEB SITE

Karolo e e reng “Banyalani & Batsadi” e ka go thusa go rarabolola mathata a a jaaka ano:

  • Go atlega mo ngwageng wa ntlha wa lenyalo

  • Go dirisana le batsadi ba molekane wa gago

  • Go otlhaya bana

  • Go ngangisana

  • Go rarabolola mathata a tsa madi

(Leba ka fa tlase ga DITHUTO TSA BAEBELE > BANYALANI & BATSADI)

Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ke buka e e buang ka dilo tse di farologaneng tse di amang lelapa go simolola ka go ipaakanyetsa lenyalo pele o tsena mo go lone go fitlha ka go tlhokomela batsadi ba ba setseng ba godile.

(Leba ka fa tlase ga PUBLICATIONS > BOOKS & BROCHURES)

 TSA BATSADI

“Ga go na sepe se se botlhokwa mo go nna go feta bongwanake. Ke batla gore ba gole e nne bagolo ba nka nnang motlotlo ka bone”

BAEBELE YA RE:

“Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.

DIKAROLO TSE DI KA THUSANG TSA WEB SITE

Karolo e e reng “Bana” e na le dipolelo tse di tshwantshitsweng tsa Baebele, ditshwantsho, dibidio le karolo e e reng “se ke se ithutang mo Baebeleng” tse di ka go thusang go ruta bana ba gago . . .

  • go nna kutlo

  • go bontsha bopelonomi

  • go dirisana sentle le ba bangwe

  • go ithuta go re “ke a leboga”

(Leba ka fa tlase ga DITHUTO TSA BAEBELE > BANA)

Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele le Ithute mo Morutising yo Mogolo ke dibuka tse di nang le ditshwantsho tse dintle mme di diretswe gore o di bale le bana ba gago.

(Leba ka fa tlase ga DIKGATISO > DIBUKA & DIBUKANA)

 TSA BASHA

“Nka rata go utlwa dikakantsho tsa kafa nka lebanang ka teng le dilo tse di jaaka sekolo, batsadi, ditsala le batho ba bong bo sele. Ga ke tlhole ke le ngwana, ka jalo ga ke batle go bolelelwa gore ke direng”

BAEBELE YA RE:

“A pelo ya gago e go itumedise mo malatsing a bokau jwa gago.”—Moreri 11:9.

DIKAROLO TSE DI KA THUSANG TSA WEB SITE

Karolo e e reng “Basha” e na le ditlhogo le dibidio tse di ka go thusang . . .

  • fa o jewa ke bodutu

  • fa o na le mathata kwa sekolong

  • fa o tlodile molao wa batsadi

  • fa o kgerisiwa kgotsa o sotliwa ka tsa tlhakanelodikobo

(Leba ka fa tlase ga DITHUTO TSA BAEBELE > BASHA)

Bolumo 1 le 2 ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo di tlotla ka dipotso tsa botlhokwa di le 77 tse gantsi di bodiwang.

(Leba ka fa tlase ga DIKGATISO > DIBUKA & DIBUKANA)

 TSA BA BA BATLANG GO ITHUTA BAEBELE

“Nka rata go tlhaloganya Baebele. Ke direng?”

BAEBELE YA RE:

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng.” —2 Timotheo 3:16.

DIKAROLO TSE DI KA THUSANG TSA WEB SITE

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ke thanolo ya Baebele e e nepileng e bile e balega motlhofo.

(Leba ka fa tlase ga DIKGATISO > BAEBELE)

Karolo e e reng “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele” e na le dikarabo tse di utlwalang sentle tsa dipotso tse di jaaka “Go direga eng fa o swa?” le “A Modimo ke ene a dirang gore re boge?”

(Leba ka fa tlase ga DITHUTO TSA BAEBELE > DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE)

Tsebe ya “Kopa Thuto ya Baebele ya Mahala” e go thusa gore o kope thuto e re e nayang batho mahala ya Baebele.

(Tobetsa link e e mo tshimologong e e reng “Kopa Thuto ya Baebele”)

“Ke ne ka tlogela go bala Baebele ka gonne ke ne ke sa e tlhaloganye. Mme fa ke ne ke e ithuta ke dirisa buka ya ‘Totatota Baebele e Ruta Eng?’ ke ne ka gakgamadiwa ke kafa Baebele e leng motlhofo e bile e utlwala sentle ka teng.”—Christina.

Letsatsi le letsatsi batho ba ka nna 700 000 ba tsena mo atereseng ya jw.org. Ke eng fa le wena o sa tsene mo go yone?