Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lenyalo la Gago le ka Namolwa?

A Lenyalo la Gago le ka Namolwa?

Beng ba ntlo ba lemoga gore ntlo ya bone e mo seemong se se sa itumediseng mme le fa go ntse jalo, ba swetsa go e baakanya.

A O KA rata go dira se se tshwanang ka lenyalo la gago? Fa go ntse jalo, o ka simolola kae? Leka dikakantsho tse di latelang.

1 Dira tshwetso.

Dumalana le molekane wa gago gore lo tla dirisana go busetsa kagiso mo lenyalong la lona. Leka go kwala ditshwetso tse o di dirileng mo pampiring. Fa wena le molekane wa gago lo itlama, go boloka lenyalo la lona e nna sengwe se lo se dirang mmogo.—Moreri 4:9, 10.

2 Batla bothata.

Ke eng se se bakileng bothata mo lenyalong la lona? Ka seele se le sengwe, kwala gore ke eng se o akanyang gore se a tlhaela kgotsa se o eletsang gore se fetoge. (Baefeso 4:22-24) Go a utlwala gore bothata jo o bo lemogileng bo farologane le bothata jo molekane wa gago a bo lemogileng.

3 Ipeele mokgele.

O ka rata go bona lenyalo la gago le ntse jang mo dikgweding di le thataro go tloga jaanong? Ke dilo dife tse o ka ratang go bona di tokafetse? Kwala mokgele wa gago mo pampiring. Fa o lemogile gore tota o tlhoka eng mo lenyalong la gago, go tla nna motlhofo go fitlhelela mokgele wa gago.—1 Bakorintha 9:26.

4 Dirisa kgakololo ya Baebele.

Fa o setse o lemogile gore bothata jwa gago ke eng mme o bone dilo tse o ka ratang go di tokafatsa, batla kgakololo ya Baebele. Melaometheo ya yone e a bereka ka metlha e bile e mosola tota. (Isaia 48:17; 2 Timotheo 3:17) Ka sekai, Baebele e kgothaletsa wena le molekane wa gago gore lo itshwarelane. Ee ruri, Baebele ya re “ke bontle . . . go tlhokomologa tlolo.”—Diane 19:11; Baefeso 4:32.

Le fa kwa tshimologong go lebega e kete maiteko a gago ke matsapa a bophiri, o se ka wa itlhoboga! Buka ya The Case for Marriage e bega ka diphelelo tse di kgothatsang tsa patlisiso nngwe, ka go bolela jaana: “Boammaaruri bo a gakgamatsa: Diperesente di le 86 tsa batho ba ba nnang ba itshokile le fa ba sa itumela mo lenyalong, ba fitlhetse gore dingwaga di le tlhano moragonyana, manyalo a bone a boa a itumela le go feta.” Tota le banyalani ba ba neng ba itlhalosa ba sa itumela ba ne ba bona diphetogo.

Gongwe le wena o ka diragalelwa ke seo. Bagatisi ba makasine ono, e leng Basupi ba ga Jehofa, ba fitlhetse gore Baebele e naya banyalani melaometheo e e mosola. Ka sekai, manyalo a le mantsi a tokafala fa balekane ba le pelonomi e bile ba le pelotlhomogi ka tsela e e bonolo mme ba itshwarelana ba gololesegile. Basadi ba ba nyetsweng ba ithutile botlhokwa jwa go bontsha “moya o o didimetseng le o o bonolo” mme banna ba ba nyetseng bone ba itemogetse melemo ya go sa galefele basadi ba bone mo go botlhoko.—1 Petere 3:4; Bakolosa 3:19.

Melaometheo eno ya Dikwalo e mosola ka gonne Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa Modimo ke ene mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo. Ke eng o sa kope Basupi ba ga Jehofa tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa Baebele e ka go thusang ka teng mo lenyalong la gago? *

^ ser. 14 Go thusa malapa, Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse buka ya ditsebe di le 192 ya setlhogo se se reng Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Kwalela bagatisi o dirisa aterese e e tshwanelang e e mo tsebe 5 ya makasine ono go bona tshedimosetso e e oketsegileng.