Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Letsatsi le Fetoga go Nna Bohibidu

Fa Letsatsi le Fetoga go Nna Bohibidu

 Fa Letsatsi le Fetoga go Nna Bohibidu

DIKGWEDI di le mmalwa ka selemo sa 1783, go ne ga nna le mouwane o o sa tlwaelegang o o se nang bongola mo dikarolong tse dikgolo tsa Hemisefere ya Bokone. Morago ga foo, letsatsi le ne la fetoga bohibidu jwa madi, dimela tsa swaba mme ga swa batho ba le bantsintsi. Tota e bile, diphopholetso di bontsha gore mouwane oo o ne wa bolaya batho ba le diketekete kwa Fora le Engelane fela. Ba bangwe ba le bantsi ba ne ba lwala—ba le bantsi jaana, mo e leng gore go bonala balemirui ba ne ba palelwa ke go bona babereki ba ba ka phuthang thobo e e neng e sa senyega.

Mouwane oo o ne wa tewa go twe ke “tiragalo e e gakgamatsang thata e e kileng ya bonala mo lefatsheng mo dingwageng tse di sekete tse di fetileng.” Le fa go ntse jalo, ka nako eo, e ne e le batho ba kwa Iceland fela ba ba neng ba itse gore go bakiwa ke eng—go thunya ga lekgwamolelo la mofuta mongwe o bomankge ba bolelang gore le nna teng gangwe ka makgolo a dingwaga mangwe le mangwe. Go a utlwala go bo Iceland e ne ya tlhaselwa thata, mme go fopholediwa gore e ne ya latlhegelwa ke diperesente di le 20 tsa baagi.

Go Thunya ga Lephanyego la Laki

Ka June 8, 1783, baagi ba kwa kgaolong ya Síða, kwa borwa jwa Iceland ba ne ba bona matshwao a ntlha a a kotsi a se e neng ya nna go thunya ga lephanyego la Laki. E re ka tiragalo eno e ne ya begiwa ke batho ba ba etseng dilo tlhoko mo dinageng di le mmalwa, babatlisisi ba ile ba kgona go bona tsela e tota leru leno la lekgwamolelo le neng le tsamaya ka yone letsatsi le letsatsi. Mongwe wa batho ba ba boneng tiragalo eno ka matlho kwa Iceland e bong Jón Steingrímsson, o ne a bega gore o bone “mouwane o montsho” o tswa kwa bokone. Loapi lo ne lwa fifala mme lefatshe le ne la apesiwa ke molora o o boleta. Go tswa foo, go ne ga simolola dithoromo tsa lefatshe. O ne a bolela gore morago ga beke, “go ne ga elela molelo o o boitshegang go tswa kwa lengopeng la [Noka] ya Skaftá” le khurumetsa sengwe le sengwe se se neng se le mo tseleng ya one. Steingrímsson o ne a kwala ka tiragalo eno ka dikgwedi di le robedi.

Mo go se go ka tweng ke morwalela wa go thunya ga lefika le lentsho mo kontinenteng, lephanyego le le boleele jwa dikilometara di le 25, le ne la ntsha seretse se se molelo sa dikubita di le 15, e leng selekanyo se se fetang go thunya le fa e le gofe go go kileng ga nna teng! Metswedi e e tukang ya mafika a a gakologileng e ne ya thunyetsa mo moyeng dimetara di le makgolokgolo mme seretse se se molelo se ne sa elela dikilometara di ka nna 80 go tswa mo lephanyegong, se ikala disekwerekilometara di le 580 se bo se tlatsa mosele wa Noka ya Skaftá.

Mo ngwageng o o latelang, molora le dikhemikale tse di botlhole tse di neng di le mo tlhageng ya kwa Iceland di ne tsa bolaya diperesente tse di fetang 50 tsa metlhape ya dikgomo le diperesente tse di ka nnang 80 tsa dipitse le dinku. Leuba le ne la anama. Lephanyego leno la Laki le ne la ntshetsa gape le ditone tse di ka nnang dimilione di le 122 tsa sulfur dioxide mo moyeng, mme e ne ya kopana le moyametsi go dira ditone tse di ka nnang dimilione di le 200 tsa gase ya asiti. *

Tshenyo e e Fitlhileng Kgakala

Ka selemo seo, diphefo di ne tsa isa mouwane o o kotsi oo kwa mafelong a a kgakala. Kwa Boritane le kwa Fora, batho ba ne ba tlhalosa fa ba bone “mouwane o o sa tlwaelegang kgotsa o o letobo” o o iseng o ke o nne teng. E re ka mouwane ono o ne o nkga bosula e bile o na le sulfur, o ne wa baka malwetse a go hema, letshololo, go opa ga tlhogo, matlho a a botlhoko, memetso e e botlhoko le mathata a mangwe.  Leru le le kwenneng la sulfur dioxide le sulfuric acid le ne la nna kotsi thata mo bathong ba basha le ba bagolo.

Pego nngwe go tswa kwa Jeremane e ne ya bolela gore mo bosigong bo le bongwe mouwane o o botlhole oo o ne wa bolaya matlhare mo ditlhareng tse di mo lotshitshing lwa Noka ya Ems. Kwa Engelane, merogo e ne ya kokoropana mme matlhare a swa jaaka e kete a babotswe ka molelo. Go ne ga nna le dipego tse di tshwanang go tswa kwa Fora, Hungary, Italy, Netherlands, Romania, Scandinavia le Slovakia. Ee ruri, mouwane ono o o neng o na le dikhemikale o ne wa bonwa kwa mafelong a a kgakala a a jaaka Portugal, Tunisia, Siria, Russia, China bophirima, le Newfoundland.

Bosupi bo bontsha gore le dithemperetšha di ne tsa amega ka gonne moya o o kgotletsweng ono o ne o thibela marang a letsatsi. Ka 1784, kontinente ya Yuropa e ne e le tsiditsana ka didikirii di le pedi tsa Celsius go na le kafa themperetšha e e tlwaelegileng e neng e ntse ka teng koo, mo halofong e nngwe ya lekgolo la bo18 la dingwaga. Iceland e ne e le tsiditsana ka didikirii tse di ka nnang tlhano. Kwa Amerika Bokone, mariga a 1783/1784 a ne a le tsididi thata mo e leng gore go ne ga begiwa fa dikgapetla tsa aese “di kokobetse mo nokeng ya Mississippi . . . le go ela kwa Kgogometsong ya Mexico.”

Bakanoki bangwe ba dumela gore go bo batho ba Ba-Kauwerak, e leng Baesekimo ba kwa bokonebophirima jwa Alaska ba ne ba batla ba nyelela, go ka tswa go ne go amana le leuba le le neng la bakiwa ke go thunya ga lephanyego la Laki. Tshedimosetso e ba e boneng ka go sekaseka ditlhare e bontsha gore ka selemo sa 1783, Alaska e ne e le tsididi thata go feta dingwaga di le 400 tse di fetileng. Ee ruri, Ba-Kauwerak ba nna ba ntse ba bua ka ngwaga o setlha se se mogote se neng sa fela ka June, mme ga latela serame se segolo thata le tlala.

Laki le Lefatshe la Segompieno

Masetlapelo a tlholego a 1783 a batla a lebetswe gotlhelele, gongwe e le ka gonne go diragetse bogologolo thata mme gape ka go bo batho ba a neng a ba wela ba ne ba sa itse gore a bakilwe ke eng. Le fa go ntse jalo, kwa Iceland, go thunya ga lephanyego la Laki go gakologelwa e le masetlapelo a mogolo a tlholego a a kileng a nna teng mo nageng eo.

Bangwe ba ile ba tlhalosa masetlapelo ano e le kotlhao e e tswang kwa Modimong. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e tshegetse kgopolo eo. (Jakobe 1:13) Modimo ga a tseye kgato kgatlhanong le batho ba ba siameng le ba ba sa siamang a sa tlhaole ka gonne “ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.” (Duteronome 32:4) Tshiamiso e tla bontshiwa ka tsela e e tlhomologileng mo isagweng fa Modimo a tsaya kgato mo dikgannyeng tsa batho. Baebele e bolela gore boikaelelo jwa gagwe e tla nna go tlosa dilo tsotlhe tse di bakang loso le go boga, tse di akaretsang masetlapelo a tlholego.—Isaia 25:8; Tshenolo 21:3, 4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Sulfur dioxide gape ke nngwe ya dilo tse di kotsi tse di kgotlelang moya gompieno, e baka pula ya asiti. Gase eno e nna teng ka ntlha ya go fisiwa ga ditukisi tsa tlholego tse di jaaka magala, gase le peterole.

[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Setshwantsho se se tserweng go tswa kwa godimo sa kafa lephanyego la Laki le ntseng ka teng

[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Sekai sa motswedi o o tukang wa seretse sa lekgwamolelo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Tebego ya Iceland ka sathalaete

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Lava fountain: © Tom Pfeiffer; aerial photo: U.S. Geological Survey; satellite photo: Jacques Descloitres, MODIS Rapid Response Team, NASA/GSFC