Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa mo go Nneng Lesole go Nna Motlhanka wa Modimo wa Boammaaruri

Go Tswa mo go Nneng Lesole go Nna Motlhanka wa Modimo wa Boammaaruri

 Go Tswa mo go Nneng Lesole go Nna Motlhanka wa Modimo wa Boammaaruri

Jaaka go boletse Gottlieb Bernhardt

Ke ne ke le lesole la kwa Jeremane la SS, e leng molebedi wa maemo a a kwa godimo wa ga Hitler kwa Kagong ya Phemelo ya kwa Wewelsburg. Ka April 1945, ke ne ka fiwa taelo ya go bolaya bagolegwa ba kampa ya pogisetso e e fa gaufi. E ne e le Basupi ba ga Jehofa. Sesole sa SS se ne se batla gore batho ba ikobele bolaodi ka botlalo. Seno se ne sa dira gore ke lebane le bothata jwa go tlhopha fa gare ga go latela taelo kgotsa go dira se se siameng. Mma ke tlhalose gore ka ntlha yang.

KE NE ka tsholwa ka 1922 mo motseng o o gaufi le Noka ya Rhine kwa Jeremane. Le fa gone kgaolo eo e ne e tletse ka batho ba ba tsenang kereke ya Katoliki ya Roma, lelapa la gaetsho e ne e le maloko a setlhopha sa Ba-Pietist, mokgatlho mongwe wa bodumedi o o simologileng mo lekgolong la bo17 la dingwaga. Ka 1933, fa ke ne ke le dingwaga di le 11, Hitler o ne a simolola go busa kwa Jeremane. Dingwaga di se kae moragonyana, ke ne ka tlhophiwa go ya kwa sekolong sengwe gaufi le Marienburg, e gone jaanong e leng Malbork, kwa Poland, ka go bo ke ne ke dira sentle thata mo dithutong tsa me tsa sekolo. Fa ke le koo, dikilometara di le dintsintsi go tswa kwa gae, ke ne ka amogela ka botlalo dikgopolo tsa mokgatlho wa National Socialist, kgotsa Bonasi. Baithuti ba ne ba rutiwa dilo tse di jaaka tlotlo, go dira ka natla, boikanyegi, kutlo, go ineela mo tirong le go nna le tlotlo e e boteng ka boswa jwa rona jwa Sejeremane.

Ntwa ya Lefatshe II le Sesole sa SS

Fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e tlhagoga ka 1939, ke ne ka ikwadisa mo sesoleng sa Leibstandarte Adolf Hitler, mophato wa sesole wa maemo a a kwa godimo o o neng o le kafa tlase ga taolo ya ga Hitler ka tlhamalalo. Mophato ono o ne o thusa ka badisa ba badiredibagolo ba puso e bile o ne o dirisediwa ditiro tse di kgethegileng tsa sesole. Ke ne ka bona dintwa di lowa kwa Belgium, Fora, Netherlands, Romania, Bulgaria, le kwa Gerika. Fa ke le kwa Bulgaria, ke ne ka ya kwa tirelong nngwe ya bodumedi e e neng e tshwerwe ke moruti wa sesole. Ke ne ka ipotsa gore, ‘A baba ba rona le bone ba tshwara ditirelo tse di ntseng jaana?’ Ke ne ka ipotsa gape gore: ‘A Modimo o segofatsa ntwa? A o tsaya letlhakore?’

Moragonyana ke ne ka tlhophiwa go ya kwa Junkerschule, sekolo sengwe sa makawana a a batlang go thapisediwa tirelo ya maemo a a kwa godimo mo sesoleng. Morago ga foo, ke ne ka abelwa go direla mo mophatong o o neng o disa ntlokgolo ya Puso kwa Berlin, kwa ka nako nngwe ke neng ka bona Hitler a goa radipolotiki mongwe wa maemo a a kwa godimo mo gare ga batho. Ke ne ka akanya gore, ‘Seo e ne e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.’ Mme le ka motlha ke ne ke se kitla ke buela seo kwa godimo!

Fa ke le kwa Berlin, ke ne ka kopana le Inge, yo le ene a neng a bereka kwa ntlokgolo. Fa nako ya gore re nyalane e fitlha, re sa lebelela, mophato wa rona o ne wa isiwa ka sefofane kwa ntweng kwa Russia—re se na le diaparo tsa mariga! Seemo seno se ne sa tshosa masole otlhe, ka gonne dithemperetšha  tsa mariga a 1941/1942, di ne di le kwa tlase ga didikirii di le 30 tsa Celsius. Fa ke le koo, ke ne ka abelwa metale wa me wa bobedi wa Iron Cross. Moragonyana, fa ke sena go gobala mo go botlhoko, ke ne ka busediwa ka sefofane kwa Jeremane. Nna le Inge re ne ra nyalana ka 1943.

Kabelo ya me e e latelang e ne e le go ya kwa ntlokgolo ya ga Hitler ya Obersalzberg kwa dithabeng tsa Bavaria. Mongwe yo gape a neng a le teng koo e ne e le Heinrich Himmler, moeteledipele wa sesole sa SS, yo o neng a rulaganya gore ke alafiwe ke ngaka ya gagwe e e sidilang e bong Felix Kersten. Moragonyana, ke ne ka utlwa gore Kersten o ne a na le polasi bidiwang Hartzwalde gaufi le Berlin. Go ya kwa bofelong jwa ntwa, o ne a kopa Himmler go letla Basupi ba ga Jehofa ba ba mo kampeng ya pogisetso e e gaufi go ya go bereka kwa polasing ya gagwe. Himmler o ne a dumela mme Kersten o ne a tshwara Basupi ka tlotlo. Mosupi mongwe yo o neng a berekela Kersten kwa Sweden o ne a tle a tsenye khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo mo sutukeiseng ya ga Kersten gore a e neye Basupi kwa Jeremane. *

Basupi ba ga Jehofa ba Tsena mo Botshelong Jwa Me

Kwa bofelong jwa 1944, Himmler o ne a nkabela go nna mothusi wa mojenerale mongwe wa sesole sa SS yo e neng e le molaodi wa Kago ya Phemelo ya kwa Wewelsburg, e e neng e na le dingwaga di le 400, e e gaufi le toropo ya Paderborn. Himmler o ne a ikaeletse go fetola Wewelsburg go nna setheo sa lekoko se se tla rutang dikgopolo tsa sesole sa SS. Gaufi le kago eno ya phemelo go ne go na le kampa e nnye ya pogisetso e e neng e bidiwa Niederhagen e e neng e na le setlhopha se se kgethegileng sa bagolegwa—Basupi ba ga Jehofa, ba gape ba neng ba bidiwa Baithuti ba Baebele.

Mogolegwa mongwe yo o bidiwang Ernst Specht o ne a tla ka makgetlhonyana go tla go alafa dikgobalo tsa me. O ne a tle a re: “Dumela Motlotlegi.”

Ke ne ka mmotsa ka re, “Ke eng o sa re ‘Heil Hitler!’?”

O ne a araba jaana ka botlhale, “A o godisitswe o le Mokeresete?”

Ke ne ka re: “Ee, ke godisitswe ke le Mo-Pietist.”

O ne a tswelela jaana: “Jalo he, o tshwanetse wa bo o itse gore Baebele e solofetsa gore poloko (heil) e tla tla ka motho a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete. Ke ka lebaka leo ke sa kgoneng gore ‘Heil Hitler!’”

Ke kgatlhegile e bile ke gakgametse, ke ne ka mmotsa gore, “Ke ka ntlha yang fa o le mono?”

O ne a re: “Ke Moithuti wa Baebele.”

Ke ne ka amiwa pelo ke metlotlo e ke nnileng le yone le Ernst le Mosupi yo mongwe e bong Erich Nikolaizig, yo o neng a baakanya meriri. Le fa go ntse jalo, metlotlo e e ntseng jalo e ne e sa letlelelwa mme mookamedi wa me wa sesole o ne a ntaela gore ke e emise. Le fa go ntse jalo, ke ne ka akanya gore fa mongwe le mongwe kwa Jeremane—naga e go tweng ke ya Bokeresete, e e nang le batho ba le  dimilione ba ba tsenang kereke—a ka bo a itshwere jaaka Basupi, go ka bo go se na ntwa. Ke ne ka akanya gore, ‘Ba tshwanetse go ratiwa, e seng go bogisiwa.’

Ka nako eo, motlholagadi mongwe yo o ngomogileng pelo o ne a kopa sepalangwa se se tla tsamaisang morwawe, yo o neng a tlhoka go ntshiwa appendix (tshupunyana e e kwa bofelong jwa lela). Ke ne ka laela ka bonako gore go ntshiwe sepalangwa, mme mookamedi wa me o ne a gana. Ka ntlha yang? Monna wa gagwe o ile a bolawa ka go bo e ne e le leloko la setlhopha se se neng sa leka go bolaya Hitler ka July 1944. Mosimane o ne a swa mme go ne go se na sepe se nka se dirang. Tiragalo eo e sa ntse e tshwenya segakolodi sa me le gompieno.

Le fa gone ke ne ke le mo masimologong a dingwaga tsa me tsa bo20, ke ne ka simolola go bona botshelo jaaka bo ntse tota—e seng jaaka bo ne bo tlhalosiwa ke dithuto tsa maaka tsa Bonasi. Ka nako e tshwanang, kgatlhego ya me mo dithutong tsa Basupi ba ga Jehofa e ne ya oketsega. Mme seno, se ne sa dira gore ke dire phetogo e kgolo thata mo botshelong jwa me.

Ka April 1945, mephato ya Masole a Semphato a dinaga di sele e ne e atamela mme mookamedi wa me o ne a tshabela kwa Wewelsburg. Morago ga foo, go ne ga goroga mophato mongwe o o neng o na le ditaelo tse di tswang kwa go Himmler tsa gore kago ya phemelo e senngwe mme bagolegwa ba bolawe. Molaodi wa kampa ya pogisetso e e gaufi o ne a nnaya lenaane la bagolegwa ba ba tshwanetseng go bolawa—botlhe e le Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? Ba ne ba bolela gore ba itse lefelo le matlotlo a a neng a gapilwe ke Puso ya ga Hitler a fitlhilweng teng mo dikagong dingwe. Sephiri seo se ne se sa tshwanela go upololwa! Ka jalo, ke ne ke tshwanetse go dira eng ka taelo eno ya go ba bolaya?

Ke ne ka atamela molaodi wa kampa mme ka re: “Masole a kwa Amerika a etla. A ga o akanye gore go tla bo go le botoka gore wena le banna ba gago lo tsamaye?” O ne a sa tlhoke go patelediwa! Go tswa foo, ke ne ka dira se se neng se sa lebelelwa gore se ka dirwa ke lesole la SS—ke ne ka se ka ka ikobela taelo mme Basupi ba ne ba tshela.

Ke Tlotlo go Nna Mokaulengwe wa Bone

Morago ga ntwa, nna le Inge re ne ra ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa mme ra simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo. Mosadi mongwe wa Mosupi yo o bidiwang Auguste mmogo le ba bangwe ba ne ba re thusa. Dikgobalo tsa me tsa ntwa le dinako tse di thata tsa morago ga ntwa di ne tsa dira gore botshelo bo nne boima. Le fa go ntse jalo, nna le mosadi wa me re ne ra ineela mo go Jehofa mme ra kolobediwa—nna ka 1948, Inge ka 1949.

Ka bo1950, Basupi bangwe ba ba neng ba le kwa Wewelsburg ka nako ya ntwa, ba ne ba boa go tla go kopana le ba bangwe. Bangwe ba bone e ne e le Ernst Specht, Erich Nikolaizig le mogolegwa yo mongwe yo o ikanyegang e bong Max Hollweg. Ke go tsaya e le tlotlo e kgolo go bidiwa mokaulengwe wa bone, ka gonne banna ba ba pelokgale bano ba Modimo ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba ntherele. Mme gape ka nako eno fa bakaulengwe ba ne ba kopana mmogo, Martha Niemann, yo e neng e le mokwaledi kwa Wewelsburg le ene o ne a le teng. Le ene o ne a kgatlhilwe thata ke boitshwaro jwa Basupi mme a nna motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa.

Fa ke akanya ka dingwaga tse di fetileng, ke bona bosupi jo bontsi jwa gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a ga [Satane Diabolo]”—sengwe se ke neng ke sa se tlhaloganye fa ke ne ke le lekawana le le sa tseyeng dilo tsia, le le nang le ditsholofelo tse dikgolo. (1 Johane 5:19) Mme gape ke bona sentle pharologano fa gare ga go direla babusi ba ba gatelelang ba ba jaaka Hitler le go direla Jehofa. Babusi ba ba gatelelang ba batla gore batho ba ba ikobele le fa ba sa rate mme Jehofa o batla gore re mo direle ka ntlha ya lorato lo lo theilweng mo kitsong ya boammaaruri malebana le botho jwa gagwe le maikaelelo a gagwe a a tlhalosiwang mo Baebeleng. (Luke 10:27; Johane 17:3) Ee, Jehofa ke ene yo ke tla mo direlang fa fela ke sa ntse ke tshela.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1972, tsebe 399, ka Seesemane.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Senepe sa rona sa lenyalo, ka February 1943

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Kago ya Phemelo ya Wewelsburg e ne e tshwanetse go nna setheo sa dithuto tsa sesole sa SS

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le mosadi wa me Inge, gompieno