Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dilo Tse Nnè Tse o Tshwanetseng go di Itse ka Tlhalo

Dilo Tse Nnè Tse o Tshwanetseng go di Itse ka Tlhalo

Morago ga go sekaseka ditshenyego, beng ba ntlo ba ka nna ba itlhophela—go thuba ntlo eo kgotsa go e baakanya.

ALENYALO la gago le mo seemong se se tshwanang? Gongwe molekane wa gago o go tsieditse kgotsa go nna lo ntse lo lwa go dirile gore lo se ka lwa tlhola lo nna le boitumelo mo lenyalong la lona. Fa go ntse jalo, o ka nna wa ipolelela gore, ‘Ga re tlhole re ratana’ kgotsa ‘Ga re tshwanelane’ kgotsa ‘Re ne re sa itse gore re dira eng fa re nyalana.’ O ka nna wa ba wa akanya gore, ‘Gongwe re tshwanetse go tlhalana.’

Pele ga o itlhaganelela go dira tshwetso ya go fedisa lenyalo la gago, akanya. Ga se ka dinako tsotlhe tlhalo e fedisang ditlhobaelo tsa botshelo. Go na le moo, gantsi e fetola fela mathata a o nang le one go nna a mangwe. Mo bukeng ya gagwe ya The Good Enough Teen, Dr. Brad Sachs o tlhagisa jaana: “Banyalani ba ba batlang go kgaogana ba lora ka tlhalo e e siameng—dikgogakgogano tse di maswe di felela ruri, mme mo boemong jwa seo go bo go nna le maemo a a ritibetseng le a a itumedisang. Mme seemo se se ntseng jalo ke toro, fela jaaka go ntse ka lenyalo le le itekanetseng.” Ka jalo, go botlhokwa gore o bo o na le kitso mme o lebe kgang ya go tlhala fela jaaka e ntse.

Baebele le Tlhalo

Baebele ga e tseye kgang ya tlhalo motlhofo. E bolela gore Jehofa Modimo o go tsaya e le boferefere e bile e le go tlhoka lorato, fa motho a sa tseye kgang ya go tlogela molekane wa gagwe masisi, gongwe e le ka boikaelelo jwa go tsaya yo mongwe. (Malaki 2:13-16) Lenyalo ke kgolagano e e nnelang ruri. (Mathaio 19:6) Manyalo a mantsi a a senyegang ka ntlha ya mabaka a e seng a sepe a ka bo a ile a namolwa fa balekane ba ka bo ba ile ba itshwarelana.—Mathaio 18:21, 22.

Mme le fa go ntse jalo, Baebele e letla gore motho a ka tlhala a bo a nyala gape fela ka ntlha ya lebaka le le lengwe, e leng fa go nnile le tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo. (Mathaio 19:9) Ka jalo, fa o lemoga gore molekane wa gago ga a ka a ikanyega, o na le tshwanelo ya go fedisa lenyalo. Batho ba bangwe ga ba a tshwanela go go bolelela gore o dire eng, mme e bile setlhogo seno ga se a direlwa go go bolelela gore o dire eng. Kwa bofelong, ke wena yo o tshwanetseng go lebana le ditlamorago tsa gone; ka jalo, ke wena yo o tshwanetseng go dira tshwetso.—Bagalatia 6:5.

Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Ka gone, le fa o ka tswa o na le mabaka a Dikwalo a go tlhala, o tla bo o dira sentle go akanyetsa ka masisi gore kgato e o batlang go e tsaya e akaretsa eng. (1 Bakorintha 6:12) David wa kwa Boritane a re: “Bangwe ba akanya gore ba tshwanetse go dira tshwetso ka bonako. Mme e re ka ke tlhadile,  go ya ka maitemogelo a ke nnileng le one, nka bolela gore motho o tlhoka nako go akanyetsa dilo sentle.” *

Mma re sekaseke dilo tse nnè tsa botlhokwa tse o tlhokang go di akanyetsa. Fa re ntse re dira jalo, tsweetswee ela tlhoko gore ga go na ope wa batho ba ba tlhadileng ba ba nopotsweng fano ba ba reng ba dirile tshwetso e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, dikakgelo tsa bone di gatelela dingwe tsa dikgwetlho tse gantsi di nnang gone morago ga dikgwedi tota le e leng dingwaga di le dintsi fa lenyalo le sena go fedisiwa.

1 Mathata a Madi

Daniella wa kwa Italy o ne a nyetswe dingwaga di le 12 fa a lemoga gore monna wa gagwe o ntse a ratana le modirimmogo ka ene. Daniella o bolela jaana: “Ka nako ya fa ke itse ka gone, mosadi yoo o ne a na le dikgwedi di le thataro a imile.”

Morago ga go kgaogana ka lobakanyana Daniella o ne a swetsa go tlhala. A re: “Ke lekile go boloka lenyalo la me, mme monna wa me o ne a tswelela a sa ikanyege.” Daniella o akanya gore o dirile tlhopho e e siameng. Mme le fa go ntse jalo, o tlhalosa jaana: “Ka bonako fela fa re sena go kgaogana, maemo a me a tsa madi a ne a nna maswe. Ka dinako dingwe ke ne ke se na le dijo tsa maitseboa. Ke ne ke nwa fela galase ya mashi.”

Maria wa kwa Spain le ene o ne a lebana le mathata a a ntseng jalo. A re: “Monna yo ke tlhalaneng le ene o ne a sa re thuse ka madi, mme ke ne ka tshwanelwa ke go bereka thata gore ke duele dikoloto tse a neng a na le tsone. Gape re ne ra tshwanelwa ke go tswa kwa ntlong ya rona e re neng re nna monate mo go yone, ra fudugela kwa foleteng e nnye mo lefelong le le sa sireletsegang.”

Fela jaaka maitemogelo ano a bontsha, gantsi go thubega ga lenyalo go dira gore basadi ba nne le mathata a a masisi a madi. Tota e bile, patlisiso nngwe ya dingwaga di le supa ya kwa Yuropa e ne ya bontsha gore lotseno lwa banna lo oketsega ka diperesente di le 11 morago ga tlhalo mme lwa basadi lone lo fokotsega ka diperesente di le 17. Mieke Jansen yo o neng a eteletse patlisiso eo pele a re: “Go thata mo basading ba bangwe, ka gonne ba tshwanetse go tlhokomela bana, ba batle tiro le go lepalepana le kutlobotlhoko e e bakilweng ke tlhalo.” Lokwalodikgang lwa kwa Lontone lwa Daily Telegraph lo ne lwa bolela gore go ya ka babueledi bangwe, maemo a a ntseng jalo a “pateletsa batho go akanya gabedi ka tlhalo.”

Se se ka diregang: Fa o tlhala, lotseno lwa gago lo ka nna lwa fokotsega. Gape o ka nna wa tshwanelwa ke go fuduga. Fa o neilwe tetla ya go tlhokomela bana, go ka nna thata gore o itlamele o bo o tlamele bana ba gago sentle ka dilo tse ba di tlhokang.—1 Timotheo 5:8.

 2 Mathata a go Godisa Bana

Mosadi mongwe wa kwa Boritane yo o bidiwang Jane a re: “Go sa ikanyege ga monna wa me go ile ga ntshosa thata. Gape ke ne ka utlwa botlhoko thata fa ke akanya gore tota o ile a tlhopha go re tlogela.” Jane o ne a tlhala monna wa gagwe. O sa ntse a dumela gore o dirile tshwetso e e siameng mme o dumela jaana: “Kgwetlho e kgolo e ke neng ka lebana le yone e ne e le go nna mmè le rre mo baneng ba me. Ke ne ka tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsotlhe.”

Graciela mmè mongwe yo o tlhadilweng kwa Spain, o ne a le mo seemong se se tshwanang. A re: “Ke ne ka newa tetla e e feletseng ya go tlhokomela morwaake wa dingwaga di le 16. Mme nako ya bosha ke nako e e boima thata, e bile ke ne ke sa ipaakanyetsa sentle go godisa morwaake ke le esi. Ke ne ke fetsa malatsi le masigo a le mantsi ke lela. Ke ne ke ikutlwa e kete ke paletswe jaaka mmè.”

Bao ba neilweng tetla ya go tlhokomela bana mmogo ba ka lebana le mathata a a oketsegileng—go tshwanelwa ke go buisana le yo e neng e le molekane wa bone ka dilo tse di jaaka dithulaganyo tsa go eta ga ngwana, go tlamela ngwana le go mo otlhaya. Mmè mongwe yo o tlhadilweng wa kwa United States e bong Christine a re: “Go nna le kamano e e siameng le molekane wa gago wa nako e e fetileng ga go motlhofo. Lo amega maikutlo thata mme fa o se kelotlhoko o ka iphitlhela o dirisa ngwana wa gago gore o kgone go fitlhelela se wena o se batlang.”

Se se ka diregang: Dithulaganyo tsa go newa tetla ya go tlhokomela ngwana tse di tlhomiwang ke kgotlatshekelo e ka nna ya nna tse o sa di rateng. Fa lo neilwe tetla ya go tlhokomela ngwana, yo e neng e le molekane wa gago a ka nna a se ka a go akanyetsa jaaka o ne o ka rata, malebana le dikgang tse di umakilweng fa godimo tse di jaaka go eta ga ngwana, go mo tlamela ka madi le tse dingwe.

3 Kafa Tlhalo E ka Go Amang ka Teng

Mark wa kwa Boritane o ne a tsiediwa ke mosadi wa gagwe go feta ka lekgetlo le le lengwe. A re: “Ka lekgetlo la bobedi ke ne ke boifa gore go tla direga gape.” Mark o ne a tlhala mosadi wa gagwe, mme le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore o sa ntse a mo rata. A re: “Fa batho ba bua dilo tse di sa siamang  ka ene, ba akanya gore ba a nthusa mme gone ga ba thuse. Lorato lo nna lobaka lo loleele.”

David yo o nopotsweng pelenyana le ene o ne a utlwile botlhoko thata fa a ne a lemoga gore mosadi wa gagwe o ratana le monna yo mongwe. A re: “Ke ne ke sa dumele gotlhelele. Ruri ke ne ke batla go tshela botshelo jotlhe jwa me le ene le bana ba rona.” David o ne a tlhopha go tlhala, mme gone go kgaogana go ne ga dira gore a se ka a tlhola a tlhomamisega ka isagwe ya gagwe. A re: “Ke ipotsa gore a tota go ka kgonega gore mongwe a nthate kgotsa seno se tla boa se direga fa nka nyala gape. Ga ke tlhole ke itshepa jaaka pele.”

Fa o tlhadile kgotsa o tlhadilwe, ga go na pelaelo gore o tla nna le maikutlo a a farologaneng. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o sa ntse o rata motho yono yo lo neng lo le nama e le nngwe. (Genesise 2:24) Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o ikutlwa o kgopisegile ka ntlha ya se se diragetseng. Graciela yo o nopotsweng pelenyana a re: “Tota le morago ga dingwaga di le mmalwa, o sa ntse o tlhakane tlhogo, o ikutlwa o nyenyefaditswe e bile go se na se o ka se dirang. O gopola dinako tse dintsi tse di monate mo lenyalong la gago mme o bo o akanya gore: ‘O ne a tle a mpolelele gore a ka se kgone go tshela kwa ntle ga me. A go raya gore ka metlha o ne a bua maaka? Ke ka ntlha yang fa seno se diragetse?’”

Se se ka diregang: O ka tswa o sa ntse o ikutlwa o galefile e bile o kgopisegile ka ntlha ya tsela e e sa siamang e molekane wa gago a ileng a go tshwara ka yone. Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa jewa ke bodutu thata.—Diane 14:29; 18:1.

4 Kafa Tlhalo e Amang Bana ka Teng

Rre mongwe yo o tlhadileng wa kwa Spain e bong José a re: “Go ne go utlwisa botlhoko tota. Se se neng sa nkutlwisa botlhoko le go feta e ne e le fa ke lemoga gore monna yoo e ne e le monna wa kgaitsadiake. Ke ne ke batla fela go swa.” José o ne a lemoga gore basimanyana ba gagwe ba babedi—ba ba leng dingwaga di le pedi le di le nnè—le bone ba ne ba amilwe ke se mmaabone a se dirileng. A re: “Ba ne ba sa kgone go tlhaloganya se se diragetseng. Ba ne ba sa tlhaloganye gore ke ka  ntlha yang fa mmaabone a nna le rangwane wa bone, le gore ke ka ntlha yang fa nna ke ba tsere gore re ye go nna le kgaitsadiake le mmè. Fa ke ne ke tshwanelwa go ya gongwe, ba ne ba tle ba mpotse gore ‘O tla boa leng?’ kgotsa ba ne ba tla re, ‘Papa o se ka wa re tlogela!’”

Gantsi mo dikgogakgoganong tsa tlhalo, go lebalwa gore bana le bone ba utlwa botlhoko. Mme gone, go tweng fa batsadi ba sa utlwane? Mo kgannyeng eno, a tota tlhalo e “botoka mo baneng”? Mo dingwageng tsa bosheng jaana, kgopolo eo e ile ya belaelwa—bogolo jang fa e le gore mathata a lenyalo ga a maswe go le kalo. Buka ya The Unexpected Legacy of Divorce ya re: “Batho ba bantsi ba bagolo ba ba iphitlhelang ba le mo manyalong a a sa itumelang ba tla gakgamala go itse gore bana ba bone ba kgotsofetse ka selekanyo se se rileng. Ga go ba tshwenye fa Mama le Papa ba robala mo malaong a a farologaneng, fa fela lelapa le le mmogo.”

Gone ke boammaaruri gore gantsi bana ba lemoga dikgotlhang tse di leng teng fa gare ga batsadi, mme gape dikgogakgogano tsa lenyalo di ka ama ditlhaloganyo le dipelo tsa bone. Le fa go ntse jalo, e ka nna phoso go tsaya fela gore tlhalo e tla solegela bana molemo. Linda J. Waite le Maggie Gallagher ba ne ba kwala jaana mo bukeng ya bone ya The Case for Marriage: “Tsela e lenyalo le ntseng ka yone e thusa batsadi gore ba dire dilo ka tsela e e tlhomameng, ba otlhaye bana ka tsela e e lekalekaneng e e ba solegelang molemo tota le fa lenyalo le sa itekanela.”

Se se ka diregang: Tlhalo e ka nna ya utlwisa bana botlhoko thata, bogolo jang fa o sa ba kgothaletse gore ba nne le kamano e e molemo le yo e neng e le molekane wa gago.—Bona  lebokoso la setlhogo se se reng “Go Gaelelwa mo Magareng.”

Setlhogo seno se tlotlile ka dilo di le nnè tse go tla bong go le molemo go di akanyetsa fa e le gore o akanya ka go tlhala. Jaaka go umakilwe kwa pelenyana, fa e le gore molekane wa gago ga a ka a ikanyega, ke wena o tshwanetseng go dira tshwetso. Go sa kgathalesege gore o tlhopha go dira eng, o tshwanetse go ela tlhoko ditlamorago tsa gone. Itse gore o tla lebana le dikgwetlho dife, mme o ipaakanyetse gore o tla lepalepana le tsone.

Morago ga go akanya ka kelotlhoko ka kgang eno o ka nna wa bona go le molemo gore o leke go tokafatsa lenyalo la gago. Mme gone a seo se a kgonega?

^ ser. 8 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.