Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ka Metlha re Ngangisana?

Ke Eng fa ka Metlha re Ngangisana?

 Basha ba Botsa Jaana

Ke Eng fa ka Metlha re Ngangisana?

Mo tiragalong e e fa tlase fano, Rachel o dira gore go nne le dingangisano ka ditsela tse tharo. A o ka kgona go di tlhalosa? Kwala karabo ya gago kafa tlase ga tiragalo eo mme go tswa foo o bo o di bapisa le “Dikarabo” tsa lebokoso le le kwa bofelong jwa setlhogo seno.

Ke Laboraro maitseboa. Rachel wa dingwaga di le 17, o dirile ditiro tsa gagwe tsa mo gae mme kgabagare o ipaakanyetsa gore a ikhutse ka gonne o dirile sengwe le sengwe se a neng a tshwanetse go se dira! O tshuba thelebishene mme a bo a itatlhela mo setulong se a se ratang.

Ka yone nako eo, Mama o tsena ka lebati mme o bonala a sa itumela. “Rachel! Ke eng fa o senya nako o lebeletse thelebishene go na le gore o thuse monnao ka tiro ya gagwe ya sekolo e e direlwang mo gae? Le ka motlha ga o ke o dira se o se bolelelwang!”

Rachel o ngunangunela kwa godimo, “Re a bo re simolotse gape.”

Mmaagwe o a mo atamela. “Wa reng mosetsana?”

“Sepe Mama,” Rachel o bolela jalo a suma, a pitikanya matlho a gagwe.

Mama o galefile tota jaanong. A re: “O se ka wa bua ka tsela eo le nna!”

Rachel o araba ka gore, “Ke eng fa wena o bua ka tsela eo le nna?”

Nako ya go iketla e fedile . . . Go simolotse ngangisano e nngwe.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

A O TLWAETSE go utlwa se se tlhalosiwang fa godimo? A wena le batsadi ba gago lo nnela go ngangisana? Fa e le gore go ntse jalo, iphe nako go sekaseka seemo. Ke dikgang dife tse di tsosang dikgotlhang thata? Dira letshwao go bapa le tse di go amang—kgotsa kwala kgang ya gago go bapa le polelwana “Tse dingwe.”

◯ Boikutlo

◯ Ditiro tsa mo gae

◯ Diaparo

◯ Nako e o e beetsweng

◯ Boitlosobodutu ya go tla gae

◯ Bong bo sele

◯ Ditsala

◯ Tse dingwe ․․․․․

 Go sa kgathalesege gore lo ngangisana ka eng, go ngangisana go dira gore wena—le batsadi ba gago—lo ikutlwe lo ngomogile pelo. Gone ke boammaaruri gore o ka nna wa moma molomo fela mme wa dira e kete o dumalana le sengwe le sengwe se batsadi ba gago ba se buang. A mme Modimo o lebeletse gore o dire jalo? Nnyaa. Gone ke boammaaruri gore Baebele ya re o ‘tlotle rrago le mmago.’ (Baefeso 6:2, 3) Mme gape e go kgothaletsa gore o leke go nna le “bokgoni jwa go akanya” le go dirisa ‘maatla a gago a go akanya.’ (Diane 1:1-4; Baroma 12:1) Fa o dira jalo, ga go na pelaelo gore go tla nna le dilo dingwe tse o tlhatswegileng pelo thata ka tsone, tse dingwe tsa tsone di ka tswang di farologane le tsa batsadi ba gago. Le fa go ntse jalo, mo malapeng a a dirisang melaometheo ya Baebele, batsadi le basha ba ka kgona go buisana ka kagiso—tota le fa ba sa dumelane ka sengwe le sengwe.—Bakolosa 3:13.

O ka tlhalosa jang maikutlo a gago kwantle ga go dira gore motlotlo o o tlwaelegileng o fetoge dingangisano tse di bogale? Go motlhofo go bolela jaana: “Ke bothata jwa batsadi ba me. Tota e bile, ke bone ba tlholang ba ntshetse morago!” Mme akanya ka seno: O na le taolo e kana kang mo bathong ba bangwe, go akaretsa le batsadi ba gago? Tota mme, motho yo o ka mo fetolang fela ke wena. Mme se se itumedisang ke gore, fa wena o dira se o ka se kgonang go fokotsa dikgotlhang, gantsi batsadi ba gago ba tla nna ba ritibetse mme ba reetse se o batlang go se ba bolelela.

Ka gone a re bone gore wena o ka dira eng go fedisa dingangisano. Dirisa dikakantsho tse di latelang, mme go ka direga gore o kgatlhe batsadi ba gago—o bo o ikgatlhe—ka ntlha ya bokgoni jo bosha jo o nang le jone jwa go buisana.

(Kakantsho: Dira letshwao go bapa le dikakantsho tse o tlhokang go direla mo go tsone.)

Akanya pele ga o araba. Baebele ya re: “Batho ba ba siameng ba akanya pele ga ba araba.” (Diane 15:28, Today’s English Version) O se ka wa bua selo sa ntlha se se tlang mo tlhaloganyong ya gago fa o ikutlwa e kete o a tlhaselwa. Ka sekai, a re re gongwe mmago a re: “Ke eng o sa tlhatswa dijana? Le ka motlha ga o ke o dira se o se bolelelwang!” O ka araba ka go phatloga o re “Ke eng o nnela go ntshwenya?” Dirisa bokgoni jwa gago jwa go akanya. Leka go tlhaloganya lebaka la go bo mmè wa gago a ikutlwa jalo. Gantsi mafoko a a jaaka “ka metlha” le “le ka motlha” ga a tshwanela go tsewa fela jaaka a ntse. Gone mme, go na le sengwe se se dirang gore motho a a dirise. E ka tswa e le eng?

Gongwe mmè wa gago o betilwe ke pelo, o ikutlwa gore o imediwa ke tiro e ntsi ya legae. E ka tswa e le fela gore o batla gore o mo tlhomamisetse gore o tla mo thusa. Kgotsa, go bua boammaaruri, o ka tswa o tlwaetse go sa dire ditiro tsa legae tse o tshwanetseng go di dira. Mme go araba o re, “Ke eng fa o nnela go ntshwenya?” go ka se go ise gope—gongwe fa e se fela go dira gore lo ngangisane! Ka gone, mo boemong jwa seo, ke  eng o sa dire gore mmago a ritibale? Ka sekai, o ka nna wa re: “Mama, ke a bona gore ga o a itumela. Ke tla tlhatswa dijana gone jaanong.” Tlhagiso: O se ka wa bua seno ka tsela ya tshotlo. Fa o tsiboga ka tsela e e supang kamego go ka nna ga okobatsa dikgotlhang tse lo nnang le tsone.

Fa tlase fano, kwala mafoko a rrago kgotsa a mmago a ka a buang a a ka nnang a go kgopisa, fa o a letla gore a go kgopise.

․․․․․

Jaanong akanya ka tsela e e kutlwelobotlhoko e o ka e dirisang go supa gore o tlhaloganya lebaka la go bo ba buile jalo.

․․․․․

Bua ka tlotlo. Michelle o ithutile ka maitemogelo botlhokwa jwa gore o tshwanetse go bua jang le mmaagwe. O bolela jaana: “Go sa kgathalesege gore bothata ke eng, ka metlha kgang e nna kafa Mama a sa rateng tsela e ke buang le ene ka yone.” Fa e le gore gantsi ke se se diragalang ka wena, ithute go buela kwa tlase le ka bonya mme o tile go pitikanya matlho kgotsa go supa ka tsela e nngwe gore o tenegile. (Diane 30:17) Fa o ikutlwa gore o tla tloga o palelwa ke go itshwara, rapela Modimo ka bokhutshwane mo pelong. (Nehemia 2:4) Gone mme, boikaelelo jwa gago ga se gore Modimo a go thuse gore ‘motsadi wa gago a tlogele go go tshwenya’ mme ke gore o kgone go ikgapa gore o se ka wa senya dilo le go feta.—Jakobe 1:26.

Mo phatlheng e e fa tlase fano, kwala mafoko mangwe le dilo tse wena o tshwanetseng go di tila.

Go dirisa mafoko (se o se buang):

․․․․․

Go sa dirise mafoko (tebego ya gago ya sefatlhego le go itshikinya mmele):

․․․․․

Reetsa. Baebele e bolela jaana: “O tla bua se se sa siamang fa o bua thata.” (Diane 10:19, Contemporary English Version) Tlhomamisa gore o naya rrago kgotsa mmago tshono ya go bua mme o bo o reetsa motsadi wa gago ka kelotlhoko. Tima mmino wa gago, beela buka kgotsa makasine kwa thoko mme o mo lebe mo matlhong. O se ka wa mo tsena ganong go buelela se o se dirileng. Reetsa fela. Moragonyana, fa ba sena go bua, o tla nna le nako e ntsi ya go ba botsa dipotso kgotsa go tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o nna tlhogoethata mme o gatelela maikutlo a gago gone jaanong, o ka nna wa senya dilo le go feta. Le fa go ka tswa go na le mo go oketsegileng mo o ratang go go bua, gongwe gone jaanong ke “nako ya go didimala.”—Moreri 3:7.

Ikemisetse go kopa maitshwarelo. Go siame ka metlha gore “ke kopa maitshwarelo” ka ntlha ya sengwe le sengwe se o se dirileng se se bakileng kgotlhang. (Baroma 14:19) O ka nna wa ba wa re o maswabi go bo go na le kgotlhang. Fa o fitlhela go le thata go dira seno lo lebane difatlhego,  leka go tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng ka go kwala lekwalonyana. Go tswa foo, ‘tsamaya maele e e oketsegileng’ ka go fetola boitshwaro jo bo bakileng kgotlhang kwa tshimologong. (Mathaio 5:41) Ka sekai, fa e le gore dingangisano di ile tsa nna gone ka go bo o sa dira ditiro dingwe tsa mo gae, ke eng o sa dire se batsadi ba gago ba sa se lebelelang ka go dira ditiro tseo? Le fa o sa rate go dira tiro eo, a go ka se nne botoka go e dira go na le go lebana le ditlamorago tsa gore batsadi ba gago ba lemoge gore ga e ise e dirwe?—Mathaio 21:28-31.

Kwa bofelong, go leka go rarabolola kgotsa go tila dikgotlhang go tla tlhofofaletsa wena botshelo. Tota e bile, Baebele ya re motho “wa bopelonomi jwa lorato o direla moya wa gagwe ka tsela e e duelang.” (Diane 11:17) Ka jalo, akanya kafa o tla solegelwang molemo ka teng fa o dira se o ka se kgonang go fokotsa dikgotlhang fa gare ga gago le batsadi ba gago.

Malapa a a atlegileng a na le dikgotlhang mme a itse kafa a ka di rarabololang ka kagiso ka teng. Leka go dirisa botswerere jo bo tlhalositsweng mo setlhogong seno mme o tla fitlhela gore o ka kgona go buisana ka dilo tse di thata le batsadi ba gago—kwantle ga go ngangisana!

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● Ke ka ntlha yang fa gantsi bangwe ba balekane ba gago ba tseela kgang ya go kgona go ngangisana kwa godimo?

● Ke ka ntlha yang fa Jehofa a leba motho yo o ratang go ngangisana e le seeleele?—Diane 20:3.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 27]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Ke ne ka tshwanelwa ke go lemoga gore le fa gone ke bereka mme ke itlamela ka madi, ke sa ntse ke nna mo ntlong ya ga mmè mme ke tshwanetse gore ke mo reetse. O ile a ntlhokomela ka dingwaga di le dintsi, ka jalo fa a nna a mpotsa dipotso—jaaka tse di malebana le nako e ke e beetsweng ya go tla gae—ke tlhaloganya sentle.”

“Fa nna le batsadi ba me re sa dumalane ka sengwe, re rapela ka gone, re batla tshedimosetso e e malebana le gone, re bo re buisana ka gone. Ka go dira jalo ka metlha re nna le tharabololo e re dumalanang ka yone. Fa re nna re dira gore Jehofa a re thuse, ka metlha dilo di a siama kwa bofelong.”

[Ditshwantsho]

Daniel

Cameron

[Lebokoso mo go tsebe 29]

DIKARABO

1. Go dirisa mafoko a tshotlo (“Re a bo re simolotse gape”) go ile ga oketsa fela tsela e Mama a neng a betilwe ke pelo ka teng.

2. Tebego ya sefatlhego sa ga Rachel (go pitikanya matlho) e ne e le go baka mathata fela.

3. Go arabisana (“Ke eng fa wena o bua le nna ka tsela eo?”) mo e ka nnang ka metlha go dirile gore go nne le ditlamorago tse di sa itumediseng.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

Leba tiragalo e e tlhalositsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. A o lemogile dilo dingwe tse mmaagwe Rachel a di dirileng tse di bakileng fela gore ba ngangisane? O ka tila jang go ngangisana le ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome? Fa tlase fano go na le dintlha dingwe tse o tshwanetseng go di gakologelwa:

Tila mafoko a a feteletsang dilo a a jaaka “Ka metlha o . . . ” kgotsa “Le ka motlha ga o ke o . . . ” Mafoko a a ntseng jalo a dira fela gore ngwana wa gago a iphemele. Tota e bile, mafoko ao a feteletsa dilo mme ngwana wa gago o itse seo. Ngwana wa gago a ka tswa gape a itse gore mafoko ao a a feteletsang dilo tota a supa kgalefo ya gago, mme ga a supe kafa ene a se nang maikarabelo ka teng.

Go na le gore o dirise mafoko a a utlwisang botlhoko a a simololang ka “o” leka go tlhalosa kafa boitshwaro jwa ngwana wa gago bo go amang ka teng. Ka sekai, “Fa o . . . , go dira gore ke . . . . ” Boammaaruri ke gore, tsela e o ikutlwang ka yone e botlhokwa mo ngwaneng wa gago wa dingwaga tsa bolesome. Fa o dira gore ngwana wa gago a itse kafa o ikutlwang ka teng, gantsi seo se ka dira gore a dirisane mmogo le wena.

Le fa gone go le thata, itshware go fitlha bogale jwa gago bo kokobela. (Diane 10:19) Fa e le gore kgang e e dirang gore lo ngangisane e akaretsa ditiro tsa mo gae, buisana ka gone le ngwana wa gago. Kwala gore o batla gore a dire eng, mme fa go tlhokega mo tlhalosetse sentle gore ditlamorago e tla nna eng fa a sa dire se o se lebeletseng. Reetsa ka bopelotelele kafa ngwana wa gago a ikutlwang ka teng, tota le fa o akanya gore tsela e a ikutlwang ka yone ga e a siama. Bana ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba tsiboga botoka fa ba reediwa go na le fa ba tshwaiwa diphoso.

Pele ga o itlhaganelela go swetsa gore moya wa lefatshe wa botsuolodi o laola ngwana wa gago, tlhokomela gore mo gontsi mo o go bonang ke tsela ya tlholego e ngwana wa gago a golang ka yone. Ngwana wa gago a ka nna a ngangisana le wena ka kgang e e rileng e le fela go bontsha gore o a gola. Tila boikutlo jwa go batla go ngangisana le ene. Gakologelwa, tsela e o tsibogang ka yone fa o galefisiwa e ruta ngwana wa gago sengwe. Fa o le pelotelele e bile o ikgapa, o tla tlhomela morwao kgotsa morwadio sekao se se molemo se a ka se latelang.—Bagalatia 5:22, 23.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go ngangisana le batsadi ba gago go tshwana le go taboga mo motšhining wa “treadmill”—o dirisa maatla a mantsi mme o sa ye gope