Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

 Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Diperesente tse di kwa godimo tsa baagi ba lefatshe di le 60 di [na le] difouno tsa selula . . . Ke phetogo e kgolo mo dingwageng di le thataro fela tse di fetileng, fa go ne go na le diperesente tse di kwa tlase ga di le 15 tse di nang le founo ya selula.”—MACLEAN’S, CANADA.

Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, mefuta ya ditshedi e le 1 068 e mesha e ne ya bonwa kwa kgaolong ya Mekong kwa Borwabotlhaba jwa Asia.—WORLD WILDLIFE FUND, UNITED STATES.

“Amerika e na le diperesente tse di kwa tlase ga di le tlhano tsa batho ba ba mo lefatsheng mme e na le mo e ka nnang diperesente di le 25 tsa bagolegwa ba lefatshe. Go tsenngwa batho ba le 756 go tswa mo baaging ba le 100 000 mo kgolegelong, e leng selekanyo se se batlang se menagane ga tlhano sa palogare ya lefatshe.”—THE ECONOMIST, BRITAIN.

“Go Imediwa ke Dilo Tse di Itayang Tsebe”

Mefuta mengwe ya tlhaeletsano ya maemo a a kwa godimo e ka kgoreletsa motho go tlhoma mogopolo mo ditirong tse dingwe. Bomankge bangwe ba ba batlisisang ditsela tse batho ba dirisang metšhine ka tsone—dilo tse di jaaka go romelelana melaetsa, didirisiwa tse di gakololang motho ka matlha a khalendara, tse di tsibosang malebana le di-email, dilo tse di tlhagang mo khomputareng—ba bega gore batho ba ba dirisang didirisiwa tseno ba na le bothata jwa go “imediwa ke dilo tse di itayang tsebe mme ba nna ba sa tlhome mogopolo ka mo go feletseng mo dilong tse dingwe.” Makasine wa Newsweek wa re, go nna o iteega tsebe gantsintsi go ka felela ka gore “le ka motlha o se ka wa kgona go tlhoma mogopolo ka mo go feletseng mo kgopolong epe ka nako e telele le gore le ka motlha o se ka wa kgona go dira sengwe go fitlhela o se fetsa.” Dilo dingwe tse go iteega tsebe gono go ka di bakang e ka nna “go lebala” le “go sa tlhole o kgona go gakologelwa dilo sentle” le go dira diphoso tse di masisi.

Go Tlhokega ga Baranodi

Dikgotlatshekelo, mekgatlho e e tlhomamisang gore melao e a latelwa, dikokelo le batho ba bangwe ba ba thusang ka ditirelo tse dingwe kwa United States gantsi ba tlhoka thuso gore ba tlhaloganye se batho ba se buang. Mekgatlho e e thusang ka baranodi e thusa gore go nne le dipuisano mo go se pego ya dikgang ya Reuters e reng ke “go anama ga lefatshe le le nang le dipuo tse dintsi.” Khampani nngwe ya kwa California e hira baranodi ba le 5 200 ba ba buang dipuo di le 176—gare ga dipuo tse di tlwaelegileng thata tse di jaaka Se-China, Se-Russia le Se-Spain, go ya go tse di sa tlwaelegang thata tse di jaaka tse di buiwang mo dikarolong tsa Afrika le Mexico. Pego eo ya re, mo nakong e e kafa tlase ga motsotso, dikhampani tse di ntseng jalo di ka kgona go “fopholetsa gore motho o bua puo efe” mme di bo di mo golaganya le moranodi mo founong gore a thuse ba ba tlhokang thuso “gore ba kgone go buisana.”

Motswedi O o Sa Lebelelwang wa Gauta

Pego ya dikgang ya Reuters go tswa kwa Japane e bolela gore botsamaisi jwa Nagano, kwa bokonebophirima jwa Tokyo, “bo ribolotse motswedi o mosha wa matlotlo a diminerale—thulaganyo ya go ntsha leswe.” Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore molora o o tswang mo lesweng le le fisitsweng kwa Suwa, o ne o na le selekanyo sa gauta se se kwa godimo thata go feta lentswetshipi le le ntshitsweng kwa meepong e e humileng thata ya gauta ya kwa Japane. Botsamaisi jono bo lebeletse go amogela di-yen di le dimilione di le 15, e leng madi a a fetang R1 296 000, ka ntlha ya gauta mo ngwageng o le mongwe fela. Pego eo e bolela gore go akanngwa gore go na le selekanyo se se kwa godimo sa gauta mo thulaganyong e e ntshang leswe “ka ntlha ya palo e e kwa godimo ya batho ba ba matsetseleko ba ba dirang didirisiwa ba kgaolo eo ba ba dirisang gauta.”