Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Dumela mo Modimong go a Utlwala?

A go Dumela mo Modimong go a Utlwala?

 A go Dumela mo Modimong go a Utlwala?

A O KILE wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa sengwe le sengwe, go tloga ka dikarolwana tsa atomo go ya go masagaripa a magolo, di laolwa ke melao e e tlhomameng ya mathemetiki? A o kile wa akanya ka botshelo ka bojone—tsela e bo farologaneng ka teng, bo raraaneng ka teng le kafa bo dirilweng ka tsela e e gakgamatsang ka teng? Batho ba le bantsi ba re lobopo le botshelo jo bo leng mo lobopong, di nnile teng ka ntlha ya kotsi e kgolo mo lobopong le ka ntlha ya thulaganyo ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe. Ba bangwe ba re di dirilwe ke Mmopi yo o botlhale. Wena o akanya gore ke kgopolo efe e e utlwalang botoka?

Gone ke boammaaruri gore dikgopolo tseno ka bobedi di akaretsa tumelo. Go dumela mo Modimong go ikaegile ka tumelo. Jaaka Baebele e bolela, “ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Johane 1:18) Ka tsela e e tshwanang, ga go na motho ope yo o boneng go bopiwa ga lobopo kgotsa go simologa ga botshelo. Mme e bile, ga go na ope yo o kileng a bona mofuta mongwe wa botshelo o fetoga go nna mofuta o o kwa godimo kgotsa a bona o fetoga go tswa mo go o o rileng go nna o o farologaneng. Pego ya masaledi a dilo tsa bogologolo e bontsha gore ditlhopha tse dikgolo tsa diphologolo di ile tsa tlhaga ka tshoganyetso mme tsa nna di sa fetoge. * Ka jalo he, potso ya konokono ke eno: Ke tumelo efe e e theilweng mo motheong o o nonofileng—a ke go dumela mo thutong ya gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe kgotsa a ke go dumela mo Mmoping?

A Tumelo ya Gago e Theilwe mo Bosuping jo bo Nonofileng?

Baebele ya re: “Tumelo” ya mmatota ke “pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Baebele e e Boitshepo e ranola temana eno jaana: “Tumelo . . . ke tlhomamiso ka ga dilo tse di sa bonweng.” Ga go na pelaelo gore o ka akanya ka dilo tse dintsi tse o tlhomamisegang ka tsone tse di sa bonweng tse o di dumelang tota.

Ka sekai: Bakwalahisitori ba le bantsi ba ba tlotlegang ba dumela gore Alexander yo Mogolo, Julius Caesar, le Jesu Keresete ba kile ba tshela. A se bakwalahisitori bano ba se dumelang se a utlwala? Ee, ka gonne ba ka kgona go neela bosupi jo bo bonalang jwa hisitori.

Baitsesaense le bone ba dumela mo dilong tsa mmatota tse di sa bonweng ka ntlha ya “pontsho e e bonalang sentle” ya gore dilo tseo di teng. Ka sekai, rakhemisi wa Mo-Russia wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Dmitry Mendeleyev, o ne a kgatlhiwa ke go dirisana ga dielemente, tse di dirang motheo wa konokono wa lobopo. O ne a lemoga gore di na le dilo dingwe tse di tshwanang ka tsone le gore di ka bewa ka ditlhopha go ya ka bokete jwa tsone jwa diatomo le dikhemikale. Ka ntlha ya se a neng a se dumela go ya ka tatelano ya ditlhopha tsa tsone, o ne a dira thulaganyo ya gagwe ya dielemente e leng periodic table a bo a nepa sentle dinomore tsa dielemente tseo, tse ka nako eo di neng di sa itsiwe.

Baithutamarope ba dira ditshwetso ka ditšhaba tsa metlha e e fetileng, gantsi ka go dirisa dilo tse di neng di epetswe diketekete tsa dingwaga. Ka sekai, a ko o akanye fela, moithutamarope o epolola ditena tse dintsi tsa matlapa a bogolo jo bo lekanang a a segilweng ka matsetseleko a a tlhatlagantsweng sentle. Mme gape matlapa ano a na le matshwao a a tlhomameng a go ka se diregeng gore a bo a le teng ka boone fela. Moithutamarope a ka swetsa ka go reng? A a ka tlhalosa gore dilo tse a di boneng di itiragaletse fela ka botsone? Go ka se direge. Go na le moo, o tla tlhalosa gore ke bosupi jwa ditiro tsa batho ba bogologolo, mme seo e tla bo e le tshwetso e e utlwalang.

Go dumalana le seo, a ga re a tshwanela go dirisa tlhaloso e e tshwanang go bontsha gore bosupi jo bo bonalang mo lefatsheng bo supa gore dilo di tlhamilwe?  Batho ba le bantsi ba ikutlwa jalo, go akaretsa le baitsesaense ba ba tlotlegang.

A Dilo di Nnile Teng ka Botsone Kgotsa a di Bopilwe ka Boikaelelo?

Dingwaga tse dintsi tse di fetileng, mankge wa mathemetiki le wa fisikisi e bile e le moithutadinaledi wa kwa Boritane e bong Motlotlegi James Jeans o ne a kwala gore go ya ka kitso ya saense e e gatetseng pele, “lobopo lo lebega thata jaaka kgopolo e e kgatlhang go na le jaaka motšhine o mogolo.” O ne a bolela gape gore “go bonala lobopo lo dirilwe ke mankge wa mathemetiki wa maemo a a kwa godimo” le gore seo se “re neela bosupi jwa gore dilo di bopilwe le gore go na le maatla a a laolang a a tshwanang le megopolo ya mongwe le mongwe wa rona.”

Fa e sale Jeans a kwala mafoko ao, baitsesaense ba bangwe le bone ba ne ba fitlhelela tshwetso e e tshwanang. Mankge mongwe wa fisikisi e bong Paul Davies o ne a kwala jaana: “Thulaganyo yotlhe ya lobopo e naya baithutadinaledi ba le bantsi ba motlha wa rona kgopolo ya gore ke sengwe se se tlhamilweng.” Mongwe wa bomankge ba ba tumileng thata e bile e le mankge wa mathemetiki e bong Albert Einstein, o ne a kwala jaana: “Lebaka la go bo re kgona go tlhaloganya [lefatshe] ke kgakgamatso.” Mo matlhong a batho ba le bantsi, kgakgamatso eo e akaretsa botshelo ka bojone, go tloga ka dikarolwana tsa jone tsa konokono go fitlha ka boboko jo bo gakgamatsang jwa motho.

DNA le Boboko Jwa Motho

DNA ke tshedimosetso ya dijini ya ditshedi tsotlhe tse di nang le disele mme gape ke motheo wa dimolekhule o tshedimosetso ya dijini e fetisiwang ka one. * Asiti e e raraaneng eno e ile ya tshwantshiwa le polane kgotsa resepe, ka gonne DNA e na le tshedimosetso e ntsi e e tsentsweng mo teng ga khoute ya khemikale mme e bolokilwe mo dimolekhuleng tse di ka kgonang go tlhalosa khoute eo ka go diragatsa ditaelo tsa yone. Go bolokiwa tshedimosetso e e kana kang mo teng ga DNA? Tshupiso nngwe e bolela gore fa dikarolo tsa konokono, tse di bidiwang di-nucleotide, di ka fetolwa go nna ditlhaka tsa dialefabete, di ne di tla “tsaya ditsebe tse di fetang milione tsa buka e e tlwaelegileng.”

Mo ditsheding di le dintsi, DNA e sobokantswe mo teng ga dikarolwana tse e keteng ditlhale tse di bidiwang di-chromosome tse di bolokilweng ka pabalesego mo teng ga karolo e e mo garegare (nucleus) ya sele nngwe le nngwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, dikarolo tse di fa garegare tseno, di na le palogare ya bophara jwa di-micrometer tse di ka nnang tlhano. A ko o akanye ka seo—tshedimosetso yotlhe e e leng mo mmeleng wa gago e mo teng ga dikarolwana tse dinnyennye tse di ka bonwang fa di lebelelwa ka maekorosekopo! Moitsesaense mongwe o ne a bolela sentle gore dilo tse di tshelang “di na le thulaganyo ya tshedimosetso e ntsi e e bolokesegileng le e e ka kgonang go bonwa e e itsegeng.” Seo se gakgamatsa tota fa o akanya ka selekanyo sa tshedimosetso e e mo  teng ga diphatsanyana tse dinnye tsa khomputara tsa tshedimosetso (computer chips), di-DVD le dilo tse di tshwanang le tseo! Mo godimo ga moo, go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse di sa itsiweng ka DNA. Makasine wa New Scientist wa re: “Nako nngwe le nngwe fa go lemogiwa sengwe go nna le sengwe se sesha se se raraaneng.” *

A go a utlwala go bolela gore matsetseleko a magolo jaana mo popong le kafa dilo di rulagantsweng ka teng ke kgang ya gore dilo di itiragaletse fela ka botsone? Fa go ka direga gore o bone buka e e buang ka dilo tsa botegeniki tsa maemo a a kwa godimo ya bokima jwa ditsebe di le milione mme e kwadilwe ka khoute e e ka tlhaloganngwang sentle, a o ne o tla swetsa ka gore buka eo e ikwadile ka boyone? Go tweng fa e le gore buka eo e ne e le nnye thata jaana mo e leng gore o ne o tla tlhoka maekorosekopo e e nonofileng go e bala? Mme go tweng fa e le gore e ne e na le ditaelo tse di tlhamaletseng tsa kafa go ka dirwang motšhine o o kgonang go ipaakanya e bile o kgona go boeletsa se o se dirang, o o nang le dikarolo tse dintsi, tse tsotlhe di neng tsa tshwanelwa ke go kopanngwa ka nako le ka tsela e e tshwanelang sentle? Boammaaruri ke gore, motho a ka se ka a akanya le go akanya gore buka e e ntseng jalo e nnile teng fela ka boyone.

Fa mofilosofi wa kwa Boritane e bong Antony Flew, yo a kileng a bo a buelela thata bolatolamodimo, a sena go sekaseka patlisiso ya bosheng e e malebana le kafa sele e dirang ka teng, o ne a bolela jaana: “Dithulaganyo tse di raraaneng ka tsela e e gakgamatsang tse di tlhokegang gore go nne le (botshelo), [di bontsha] gore go tshwanetse ga bo go na le botlhale jo bo dirisitsweng.” Flew o dumela mo go “lateleng kgopolo e e rileng go sa kgathalesege gore e tla felela kae.” O ne a dira jalo fa a ne a fetola mogopolo wa gagwe gotlhelele, mo e leng gore gone jaanong o dumela mo Modimong.

Boboko jwa motho le jone bo dira gore baitsesaense ba le bantsi ba sale ba tshwerwe ke kgakge. Jaaka karolo ya DNA, boboko bo ile jwa tlhalosiwa e le “selo se se raraaneng go gaisa mo lobopong.” Tota le khomputara ya maemo a a kwa godimo thata e ka lebega e se na mosola ope fa e bapisiwa le kgolokwe e e bokwebu jo bopinkinyana e e boima jwa dikilogerama  di le 1,3 ya dinyurone le dipopego tse dingwe. Go ya ka kgopolo ya moitse mongwe wa boboko, fa baitsesaense ba nna ba ithuta ka boboko le tlhaloganyo, “di gakgamatsa le go feta e bile go nna thata le go feta go di tlhaloganya.”

Akanya ka seno: Boboko bo dira gore re kgone go hema, go tshega, go lela, go rarabolola malepa, go aga dikhomputara, go palama dibaesekele, go kwala dipoko le go lebelela loapi bosigo ka kgakgamalo e kgolo. A tota go a utlwala—go tlhalosa gore bokgoni jono bo itiragaletse fela, bo nnile teng ka ntlha ya maatla a go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe?

Tumelo e e Theilweng mo Bosuping

Gore re tle re kgone go itlhaloganya, a re tshwanetse go sekaseka dikgabo le diphologolo tse dingwe jaaka batho ba ba dumelang mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe ba dira? Kgotsa a re tshwanetse go leba kwa godimo kwa Modimong go bona dikarabo? Gone ke boammaaruri gore go na le dilo dingwe tse re tshwanang le diphologolo ka tsone. Ka sekai, re tshwanetse go ja, go nwa le go robala e bile re kgona go tshola bana. Le fa go ntse jalo, re sa ntse re tlhomologile ka ditsela tse dintsi. Mabaka a bontsha gore dinonofo tse di tlhomologileng tse re nang le tsone jaaka batho di tswa mo Mothong yo mogolo go re gaisa—e leng Modimo. Baebele e tlhalosa kgopolo eo ka tsela e e tshwanelang sentle, ka go bolela gore Modimo o ne a bopa batho “mo setshwanong sa gagwe” fa go tla mo kgannyeng ya boitshwaro le ya semoya. (Genesise 1:27) Ke eng o sa sekaseke dinonofo tsa Modimo, tse dingwe tsa tsone di kwadilweng mo go Duteronome 32:4; Jakobe 3:17, 18; 1; le Johane 4:7, 8.

Mmopi wa rona o re file “nonofo ya botlhale” gore re sekaseke lefatshe le re nnang mo go lone le go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa rona. (1 Johane 5:20) Malebana le seno, mankge mongwe wa fisikisi e bile e le mogapi wa Sekgele sa Nobel e bong William D. Phillips, o ne a kwala jaana: “Fa ke sekaseka tsela e lobopo lo rulagantsweng ka yone, lo tlhaloganyesegang ka teng le ka tsela e lo leng lontle ka yone, go dira gore ke swetse gore go na le mongwe yo o botlhale thata yo o dirileng se ke se bonang. Lebaka la go bo ke anaanela tsela e go nang le thulaganyo ka yone le lebaka la go bo fisikisi e tlhaloganyesega motlhofo, le nonotsha tumelo ya me mo Modimong.”

Dingwaga di le dikete di le pedi tse di fetileng, motho mongwe yo o etseng dilo tsa tlholego tlhoko o ne a kwala jaana: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Baroma 1:20) Mokwadi—moaposetoloi Paulo wa Mokeresete—e ne e le monna yo o botlhale e bile o ne a ithutile Molao wa ga Moshe. Tumelo ya gagwe e a e theileng mo mabakeng e ne ya dira gore Modimo e nne motho wa mmatota mo go ene, mme go rata tshiamiso ga gagwe go mo tlhotlheleditse gore a neele Modimo tlotlo e e mo tshwanelang ka ntlha ya dilo tse a di bopileng.

Re solofela thata gore le wena o tla bona gore ruri go dumela mo Modimong go a utlwala. Tota e bile, jaaka Paulo, e kete o ka dira se se fetang go dumela fela gore o teng. E kete le wena o ka tswelela go tlhaloganya—jaaka ba le dimilione ba setse ba dirile—gore Jehofa Modimo ke motho wa semoya yo o nang le dinonofo tse di rategang tse di leng mo dipelong tsa rona le tse di re gogelang mo go ene.—Pesalema 83:18; Johane 6:44; Jakobe 4:8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Bona setlhogo se se reng “Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A Tota go Diragetse Jalo?” mo kgatisong ya September 2006 ya Tsogang!

^ ser. 14 DNA e emela deoxyribonucleic acid.

^ ser. 15 Fa Charles Darwin a ne a tlhalosa megopolo ya gagwe malebana le thuto ya gore ditshedi di iphetola go nna tse dingwe, o ne a sa itse gore sele e e tshelang e raraane go le kana kang.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

A BOSULA JWA BODUMEDI KE LEBAKA LA GO SA DUMELE MO MODIMONG?

Batho ba le bantsi ga ba dumele mo Mmoping ka ntlha ya dilo tse dintsi tse di bosula tse di dirilweng mo leineng la bodumedi. A ke lebaka le le utlwalang la go sa dumele mo Mmoping? Nnyaa. Roy Abraham Varghese mo ketapeleng ya gagwe ya buka ya ga Antony Flew ya There Is a God, a re: “Bosetlhogo jo bo feteletseng jo bo bakilweng ke bodumedi jo bo rulagantsweng ga bo amane ka gope le go nna gone ga Modimo, fela jaaka matshosetsi a nuklea a sa amane ka gope le kgang ya gore E=mc2.” *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 31 Maatla a lekana le bokete a atisiwa ka lobelo lo lesedi le tsamayang ka lone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Fa e le gore dilo tsa bogologolo di dirilwe ke batho, re ka re ke mang yo o dirileng dilo tsa tlholego?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Albert Einstein

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

DNA e tshwana le buka e e ka balwang ka maekorosekopo e e nang le ditaelo tse di tlhomameng tsa botshelo jwa dibopiwa tse di botlhale

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Boboko jwa motho bo ile jwa tlhalosiwa e le “selo se se raraaneng go gaisa mo lobopong”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

© The Print Collector/age fotostock