Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmatlhapi yo o Mebalabala

Mmatlhapi yo o Mebalabala

 Mmatlhapi yo o Mebalabala

BOBUDUDU jo bo galolang bo thabuela mo molapong mme bo bo bo tswa gape ka bonako, bo phaphasela mo moyeng ka tlhapi mo molomong. Gantsi ke selo sa ntlha se batho ba se bonang ka mmatlhapi, nonyane e e mebalabala e e nang le tlhogo e kgolo le molomo o motelele. Le fa nonyane eno e bidiwa mmatlhapi, ga se mefuta yotlhe ya yone e e jang ditlhapi. Mefuta mengwe e rata go ja mekgantitswane, dinoga, makakaie kgotsa le e leng ditshenekegi—gantsi di tshwara ditshenekegi di ntse di fofa. Mo godimo ga moo, ke mo e ka nnang tharonngwe fela ya bommatlhapi ba ba nnang gaufi le metsi. Ba nna mo mafelong a a jaaka dikgwa tse di kitlaneng tsa boboatsatsi, dikorale le dikaka. Mofuta mongwe o o nnang kwa sekakeng ke mmatlhapi yo o mokwatla o mohibidu, yo o agang sentlhaga sa gagwe kwa karolong e e omileng ya bogare jwa Australia.

Mefuta e e jang ditlhapi e na le bokgoni jo bogolo jwa go tshwara ditlhapi. Gantsi nonyane eno e nna e lebile ka bopelotelele go tswa mo lefelong le e dutseng mo go lone. Fa e bona tlhapi, e ipaakanyetsa go tlolela mo metsing, e lebile kafa lesedi le bontshang mo tlhapi tota e leng gone. Go tswa foo, e tla tlolela mo metsing, e phaphatha diphuka tsa yone gore di e neye lobelo. Fa tlhapi e le gaufi le bogodimo jwa metsi, nonyane eno e tla bo e e phamola fela. Fa go sa nna jalo, e isa diphuka tsa yone kwa morago, mme e bo e thabuela mo metsing jaaka motsu. Buka ya The Life of Birds ya re: “Tiragalo eno yotlhe ke pontsho ya bokgoni jo bogolo thata, jo bo dirwang kwantle ga go okaoka kgotsa kwantle ga phoso.” Bommatlhapi ba kgona go tshwara le e leng ditlhapi tse di fetang e le nngwe ka nako e le nngwe! Mme mo dikgaolong tse di tsididi, bommatlhapi bangwe ba ile ba bonwa ba thabuela mo aeseng e tshesane go tshwara se ba se batlang. Kwa Australia mmatlhapi wa mmala o o botala jwa loapi o ile wa bonwa o tshwara diphologotswana tse dinnye tsa metsi tse di neng di tshwentswe ke dinonyane tsa losika loopidipidi tse di neng di batla dijo kwa tlase mo nokeng.

 Thatano ya Tsone le go Aga Lelapa

Mekgwa ya thatano ya bommatlhapi e ka kgatlha tota. Mo mefuteng mengwe ya tsone e tonanyana le e namagadi e lelekisana mo moyeng, morago ga foo, e tonanyana e tla bo e bontsha bokgoni jwa yone jwa go epa sentlhaga. Mekgwa eno e ka akaretsa go fepana, e tonanyana e supa bokgoni jwa yone ka go naya e namagadi thatanyana ya sengwe se se monate.

Bommatlhapi ga ba age dintlhaga tse di tlwaelegileng tsa dinonyane. Bangwe ba bone ba aga dintlhaga tsa bone mo phatlheng nngwe kwa bofelong jwa thanele e ba ka tswang ba e epile mo lotshitshing, mo moseleng kgotsa mo khuting ya kerabole. Ba bangwe ba nna mo teng ga mosima wa mmutla kgotsa mo khuting ya setlhare.

Go aga mosima, mmatlhapi a ka epa thanele e e ka nnang boleele jwa metara. Le fa go ntse jalo, go simolola tiro eno e ka nna kgwetlho. Mefuta mengwe e simolola go aga dintlhaga tsa yone ka go fofela kwa lotshitshing di tlhamaladitse melomo ya tsone kwa pele—e leng mokgwa o o kotsi thata o o ka nnang wa dira gore nonyane e tsewe ke sedidi kgotsa le e leng go swa! Kwa dikgweng tsa boboatsatsi tsa kwa New Guinea le Australia bokone, mmatlhapi wa mofuta o o bidiwang paradise kingfisher, gantsi o epa khuti mo seolong sa motlhwa. Ditshenekegi tseno di bonala di sa tshwenyege fa dinonyane tseno di tsena mo seolong sa tsone, ka gore fa di sena go tswa morago ga nako ya go beela mae, di tla boa gape di baakanya tshenyo e e dirilweng.

Go godisa bana le gone e ka nna tiro e e boima mo go bommatlhapi. Motho mongwe yo o etseng dilo tlhoko mo Afrika o ne a bona bommatlhapi ba le babedi ba isetsa ditsuanyane tsa bone ditlhapi tse di fa gare ga di le 60 le 70 letsatsi le letsatsi, go sa balwe tse tsone di neng di di ja. Mo lekgetlong lengwe e tonanyana e ne ya godisa ditsuanyane tsa yone le fa molekane wa yone a ne a sule malatsi a le manè pele ga bana ba yone ba ka thuthuga. Mo mefuteng mengwe, dinonyane tse di sa beeleng mae di thusa go elama mae a e seng a tsone mme moragonyana di bo di thusa go tlhokomela bana.

Go Tswa Kwa Ireland go ya Solomon Islands

Go na le ditlhopha tse dintsi tsa bommatlhapi ba ba tlwaelegileng ba ba fitlhelwang kwa Ireland kwa bokonebophirima go ralala Yuropa le Russia go ya kwa Solomon Islands kwa borwabotlhaba. E re ka mafelo a ba fitlhelwang mo go one a akaretsa dikgaolo tse di tsididi thata ka mariga, ke nngwe ya mefuta e le mmalwa e e fudugang, mme e mengwe ya yone e tsamaya sekgala sa dikilometara tse di ka nnang 3 000. Bontsi jwa bommatlhapi ba ba tlwaelegileng, mmogo le mofuta o o bidiwang pied kingfisher le white-throated kingfisher, ba ka bonwa kwa Iseraele kwa Lewatleng la Galalea le gaufi le Noka ya Joredane. Go ka direga gore Jesu Keresete o ne a etse tlhoko dinonyane tse dintle tseo le mekgwa ya tsone.—Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “Lepang ka Kelotlhoko Dinonyane Tsa Legodimo.”

Mmatlhapi yo o itsegeng thata ke laughing kookaburra wa kwa Australia. Mmatlhapi yono o boleele jwa disentimetara tse di ka nnang 43 mme o na le molomo o o nonofileng wa boleele jwa disentimetara di le robedi, mofuta ono o o nang le mmala o montsi o o borokwa ke nonyane e e bonwang thata mo ditshingwaneng kwa Australia. Kookaburra e e itsegeng ka modumo o e o dirang o e keteng setshego se se sa itumediseng, ke setsomi se se pelokgale se dijo tsa sone di akaretsang dinoga tse di boleele jwa metara! *

Le fa gone bommatlhapi ba se na baba ba bantsi, palo ya tsone e a fokotsega fa dinoka di kgotlelwa kgotsa manno a tsone mo sekgweng a senngwa. Ebu, mo e ka nnang mefuta e le 25 ya bommatlhapi e wela mo setlhopheng sa ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela. Re solofela gore maiteko a a dirwang ke batho ba ba di tlhokomelang le go di sireletsa a tla thusa go boloka dinonyane tse dintle tseno tse gantsi di kgatlhang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Losika lwa yone e leng kookaburra ya diphuka tse di pududu e e fitlhelwang go ralala Australia bokone, yone ga e dire modumo o e keteng setshego.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  17]

“LEPANG KA KELOTLHOKO DINONYANE TSA LEGODIMO”

Jesu Keresete e ne e le motho yo o neng a etse tlhoko thata dilo tsa tlholego, gantsi a dirisa se a neng a se etse tlhoko go dira ditshwantsho tse di akanyeditsweng sentle tse di neng di ruta batho boammaaruri ka boitshwaro le boammaaruri jwa semoya. Ka sekai, Jesu o ne a re: “Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone?” (Mathaio 6:26) A bo e le thuto e e amang pelo jang ne malebana le kafa Modimo a ratang batho ba a ba bopileng ka teng!