Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e Mentsintsi Jaana?

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e Mentsintsi Jaana?

“Ke ne ke tenwa ke melao e e gagametseng e ke neng ke tshwanelwa ke go tshela ka yone! Ke ne ke sa rate ntlha e ya gore ba bangwe bone ga ba beelwa dithibelo tse di tshwanang le tsa me.”—Allen.

“Go utlwisa botlhoko tota gore ka metlha go bo go na le motho yo o beileng leitlho tsela e o dirisang founo ya gago ya sele ka yone. Ke ikutlwa e kete ke tshwarwa jaaka ngwana yo monnye!”—Elizabeth.

A O IKUTLWA o imeditswe ka melao e e gagametseng ya kwa lapeng? A o kile wa ikutlwa o raelesega go tswa ka go ikutswa mo ntlong kgotsa go aketsa batsadi ba gago ka se o ntseng o se dira? Fa go le jalo, o ka tswa o ikutlwa ka tsela e e tshwanang le ya mosha mongwe yo a neng a re batsadi ba gagwe ba mo sireletsa go feta selekanyo, mme a re: ‘E kete ba ka ntlogela ka hema go sekae!’

Melao ya mo lapeng, jaaka e bidiwa jalo ka dinako dingwe, ke lenaane la melao ya dilo tse o tshwanetseng go di dira le tse o sa tshwanelang go di dira le batsadi ba gago kgotsa batlhokomedi ba gago ba go beetseng lone. Melao eno e ka akaretsa dilo tse di amanang le tiro ya sekolo, ditiro tsa legae, le go beelwa dithibelo ka tsela e o tshwanetseng go dirisa founu, thelebishene, kgotsa khomputara ka yone. Melao eno e ka nna ya akaretsa se se diregang kgakala le legae, jaaka tsela e o itshwarang ka yone kwa sekolong le mofuta wa ditsala tse o di tlhophang.

Basha ba le bantsi gantsi ba iphitlhela ba batla go tlola melao eno e batsadi ba bone ba ba beelang yone. Mo e batlang e le pedi tharong ya basha ba ba ileng ba botsolotswa mo patlisisong nngwe ba ne ba re ba ile ba otlhaelwa go tlola melao eno ya mo lapeng, mme leno ke lone lebaka legolo la go bo ba otlhaiwa.

Le fa go ntse jalo basha ba le bantsi ba a dumela gore melao mengwe e a tlhokega gore go se nne le tlhakatlhakano mo legaeng. Mme gone fa e le gore melao ya mo lapeng e a tlhokega, goreng e mengwe ya yone e sa ratege jaana? Mme fa o ikutlwa e kete o imeditswe ke melao ya batsadi ba gago, o ka bona thuso jang?

“Ga ke Tlhole ke le Lesea”!

“Nka thusa jang batsadi ba me go lemoga gore ga ke tlhole ke le lesea le gore ba tlhoka go ntlogela gore ke gole?” go ne ga botsa jalo mosha mongwe yo o bidiwang Emily. A o kile wa ikutlwa ka tsela eno? Fela jaaka Emily, o ka ikutlwa o sa rate melao ka ntlha gore o ikutlwa e kete o tsewa jaaka lesea le le sa kgoneng go itirela sepe. Gone ke boammaaruri, gongwe batsadi ba gago ba leba dilo ka tsela e e farologaneng. Go bonala, ba dumela gore melao ya bone e botlhokwa mo go go sireletseng le mo go go siamisetseng maikarabelo a fa o tla bo o setse o godile.

Le fa o na le selekanyo se se rileng sa kgololesego, o ka nna wa ikutlwa e kete melao ya mo lapeng ga e tsamaisane le go gola ga gago. O ka utlwisiwa botlhoko le go feta fa o bona e kete bana ba gaeno bone ba tshwarwa botoka go feta wena. Mosha yo o bidiwang Marcy o ne a re: “Ke na le dingwaga di le 17, mme ke thibelwa go tla bosigo mo gae. Ke thibelwa go tswa mo gae fa ke dirile sengwe se se phoso, mme fa nkgonne ene a ne a lekana le nna ka dingwaga, o ne a sa thibelwe go tla bosigo mo gae, gape o ne a sa otlhaiwe jaaka nna.” Fa a gopola dingwaga tsa gagwe tsa bolesome, Matthews o ne a bua jaana ka kgaitsadie yo mmotlana le ka bontsalaagwe “Basetsana bano bone ba ne ba sa otlhaiwe fa ba dirile phoso!”

A go Ne go Ka Nna Botoka go se Beelwe Melao Epe?

Go a utlwala gore o bo o ka eletsa go tshela o se kafa tlase ga taolo ya batsadi ba gago. Mme gone a maemo a ka bo a le botoka fa o ne o tshela kwantle ga melao ya bone? Gongwe o itse basha ba dingwaga tsa gago ba ba tlang bosigo kwa magaeng a bone, ba ba aparang sengwe le sengwe se ba se batlang, mme gape ba kgona go tsamaya le ditsala tsa bone nako nngwe le nngwe fa ba batla le gongwe le gongwe kwa ba batlang teng. Gongwe batsadi ba bone ba tshwaregile thata go ka lemoga se bana ba bone ba se dirang. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, mokgwa ono wa go godisa bana ga o ke o atlega. (Diane 29:15) Go tlhoka lorato go o go bonang mo lefatsheng gompieno go bakwa thata ke go bo go tletse baithati, ba bontsi jwa bone ba godisitsweng mo malapeng a go neng go se na melao.—2 Timotheo 3:1-5.

Letsatsi lengwe o tla bo o bona go sa siama go nna mo ntlong e go se nang melao mo go yone. Akanya ka patlisiso e e dirilweng mo basading ba basha ba ba godisitsweng mo malapeng a a neng a se na melao e mekalo ya mo lapeng gape ba ne ba sa newe kaelo e kalokalo ke batsadi kgotsa gongwe e bile ba sa e newe gotlhelele. Fa ba leba kwa morago, ga go na ope wa bone yo o itumelelang go bo a se kile a newa kotlhao e e tshwanetseng. Go na le moo, ba bona seno e le go bontsha gore batsadi ba bone ba ne ba sa ba kgathalele kgotsa ba ne ba se na bokgoni jwa go ba tlhokomela.

Go na le gore o eletse basha ba ba letlelelwang go dira dilo fela jaaka ba rata, leka go tsaya melao ya batsadi ba gago e le sesupo sa gore ba a go rata e bile ba a go kgathalela. Ka go go beela dithibelo tse di utlwalang, batsadi ba gago ba etsa Jehofa Modimo, yo o neng a raya batho ba gagwe a re: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.”—Pesalema 32:8.

Le gale, ga jaana, melao e ka bonala e le mentsi go feta ka moo o ka e kgonang ka teng. Fa go ntse jalo, akanya ka dikgato dingwe tse o ka di tsayang tse di tla dirang gore o itumelele botshelo jwa mo gae.

Puisano e e Molemo

E ka tswa e le gore o batla kgololesego e kgolwane kgotsa o batla go fokotsa go ngomolwa pelo ke kgololesego e nnye e o nang le yone, selo se se tla go thusang ke go nna le puisano e e molemo. ‘Mme gone ke lekile go buisana le batsadi ba me, mme ga go thuse sepe!’ bangwe ba ka nna ba rialo. Fa e le gore o ikutlwa ka tsela eno, ipotse jaana, ‘A e seng gore ke tlhoka go tokafatsa tsela e ke buisanang le ba bangwe ka yone?’ Puisano ke sedirisiwa se se botlhokwa se se ka go thusang gore (1) o fitlhelele se o se batlang kgotsa (2) gore o tlhaloganye botoka gore ke goreng o ka se ka wa newa se o se batlang. Boammaaruri ke gore fa e le gore o batla go fiwa ditshiamelo tsa batho ba ba godileng, go a utlwala gore o tshwanetse go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go bua ka tsela e e molemo.

Ithute go laola maikutlo a gago. Baebele e bua jaana: “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.” (Diane 29:11) Puisano e e molemo ga se go nna o ngongorega fela. Seno se ka dira gore o nne o ntse o kgalemelwa fela! Ka jalo tlogela go nna o ngunanguna, o nna o tsuputse melomo, le go nna o ngalangala jaaka e kete o ngwana yo monnye. Go sa kgathalesege gore o ikutlwa e kete o ka itaganya mabati go le kana kang kgotsa wa kiba ka maoto mo ntlong fa batsadi ba gago ba go kgalemela, maitsholo a a ntseng jalo ruri a tla go bakela melao e mentsi le go feta—ga a na go go leretse kgololesego e kgolwane.

Leka go bona dilo ka tsela ya batsadi ba gago. Tracy yo e leng mosha wa Mokeresete, yo o goletseng mo lelapeng la motsadi a le mongwe, o bone seno se thusa. O ne a re: “Ke ipotsa jaana, ‘Ke eng se mmè a lekang go se fitlhelela ka melao eno ya gagwe?’ O leka go nthusa gore ke nne motho yo o botoka.” (Diane 3:1, 2) Go akanyetsa dilo ka tsela eno go tla go thusa gore o kgone go tlhalosetsa batsadi ba gago tsela e o bonang dilo ka yone. Ka sekai, a re re gongwe ga ba batle o ya moletlong mongwe. Go na le gore o ngangisane le bone, o ka nna wa botsa jaana, “A lo ka ntetla fa e le gore gongwe ke tsamaya le tsala ya me e e godileng, e bile e ikanyega?” Ga se ka dinako tsotlhe batsadi ba gago ba ka amogelang dikopo tsa gago; mme fa o tlhaloganya dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone, o tla nna le tshono e ntle ya go akantshana le bone ka tsela e o ratang go e tsaya.

Dira gore batsadi ba gago ba go tshepe. Go dira gore batsadi ba gago ba go tshepe go tshwana le go tsenya madi mo akhaontong ya banka. O kgona go ntsha fela madi a o a tsentseng mo bankeng. Go dirisa madi a mantsi go feta a o nang le one go ka dira gore o otlhaiwe, mme go nna o ntse o goga madi gantsi go feta a o nang le one go ka dira gore akhaonto ya gago e tswalwe gotlhelele. Go fiwa ditshiamelo tse di oketsegileng go tshwana le go goga madi mo akhaontong, o tla fiwa ditshiamelo tse di dikgolwane fela fa e le gore o itiretse leina le lentle la gore o motho yo o ka ikanngwang.

O se ka wa lebelela dilo tse di ka se diregeng. Batsadi ba tshwanetse go nna le taolo e e tshwanetseng mo baneng ba bone. Ka gone, Baebele e bua ka “taelo ya ga rrago” le “molao wa ga mmago.” (Diane 6:20) Le fa go ntse jalo, ga wa tshwanela go akanya gore melao ya mo lapeng e tlile go senya botshelo jwa gago. Go farologana le seno, fa o ikobela melao ya batsadi ba gago, Jehofa o go solofetsa gore fa nako e ntse e ile dilo di tlile go “go tsamaela sentle”!—Baefeso 6:1-3.

SE O KA AKANYA KA SONE

  • Ke melao efe e o e fitlhelang e le thata go ikobela yone?

  • Ke dintlha dife mo setlhogong seno tse di tla go thusang go tshela sentle ka melao ya batsadi ba gago?

  • O ka dira jang gore batsadi ba gago ba go ikanye botokanyana?