Basha ba Botsa Jaana
Nka Fenya Jang Kgatelelo ya Maikutlo?
O na le kgatelelo e e kana kang ya maikutlo?
- Kgatelelo ya maikutlo? Ga ke itse le gore ke eng seo
- Ke kgona go itshokela kgatelelo ya maikutlo
- Ke gateletswe thata mo maikutlong
- Ke fekeediwa ke kgatelelo ya maikutlo
GO LEBANA le kgatelelo ya maikutlo go tshwana le go goga leteroko le le bokete la dithoto. Lori e tona e ka le goga bonolo fela sekgala se seleele. Mme koloi yone e ka se kgone. Go goga morwalo o o ntseng jalo le fa e le ka sekgala se sekhutshwane go ka senya enjene ya koloi. Fela jaaka enjene eo, le wena o ka felelwa ke maatla fa o fekeediwa ke kgatelelo ya maikutlo.
A ga go na sepe se o ka se dirang? Ruri se teng! E le gore o se ka wa felelwa ke maatla o tla tlhoka go fokotsa morwalo wa gago kgotsa go batla “enjene” e e maatla go feta e o nang le yone. E bile tota, o ka di dira ka bobedi. A re bone gore o ka dira seo jang.
Fokotsa Morwalo wa Gago
KGWETLHO: Go leka go dira dilo tse dintsi mme o se na nako e e lekaneng.
“Batho ba a tle ba nkope gore ke ba thuse ka sengwe kgotsa ke itise le bone mme ke na le ditiro tse dintsi tse ke tshwanetseng go di dira. Tota ga ke rate go swabisa ope.”—Karina. *
THARABOLOLO: Ithute go gana.
Baebele ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2) Go nna boingotlo kgotsa go amogela gore o ka se kgone go dira dilo dingwe go dira gore o kgone go gana fa o newa tiro e o ka se kgoneng go e dira.
Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha o ka ganang—ka sekai, fa batsadi ba gago ba go gopotsa ditiro tsa mo lapeng tse o tshwanetseng go di dira! Mme fa o letla mongwe le mongwe a go okeletsa tiro, e tla feleletsa e go fekeetsa. Tota le dilori tse dikgolo thata di na le selekanyo se di ka se rwalang.
Ntlha e o ka e dirisang: Fa e le gore go thata go bolelela motho ka gangwe fela gore o ka se kgone go dira sengwe, leka go re, “Ke kopa go go araba kgantele.” Go tswa foo, pele o mo naya karabo e e tlhomameng, ipotse jaana, ‘A tota ke tla nna le nako le maatla a a tlhokegang go dira tiro eno?’
KGWETLHO: Go beela dilo nako e e tlang.
“Gantsi fa tiro e bonala e le boima, ke e beela nako e e tlang. Mme go tswa foo ke tshwenngwa ke gore e santse e nkemetse. Kgabagare fa ke e dira, ke tshwanelwa ke go phapharatlhanya mme seno se dira gore ke gatelelwe mo maikutlong.”—Serena.
THARABOLOLO: Simolola tiro—tota le fa o ka se e fetse ka yone nako eo.
Baebele e gakolola jaana: “Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona.” (Baroma 12:11) Go dira tiro e e thata go boima ka bogone, ka jalo ke eng fa o ikimetsa le go feta ka go e beela nako e e tlang? Seno se dira fela gore tiro e eme!
Fa o batla go nna le se se go tlhotlheletsang, dira lenaane la dilo tse o tlileng go di dira. Dira gore ditiro tse dikgolo di nne motlhofo ka go di dira kgato ka kgato, ka selekanyo se o ka se kgonang. Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Carol a re: “Ke rata go dira manaane. Gantsi ke simolola ka go kwala dilo tse ke sa rateng thata go di dira mme fa ke ntse ke di dira ka bongwe ka bongwe go nna botoka. Go ise go ye kae, nka fetela mo dilong tse di monate tse ke di ratang thata mo botshelong!”
Ntlha e o ka e dirisang: Fa go le boima gore o simolole tiro nngwe, seta alamo gore e lele morago ga metsotso e le 10 kgotsa 15 mme gone fela foo o bo o simolola go bereka. Fa alamo e lela morago ga metsotso e le 10 kgotsa 15, o tla bo o setse o kgoromeditse tiro. E re ka jaanong o setse o e simolotse, o ka gakgamadiwa ke kafa go ka nnang motlhofo ka teng go tswelela o dira tiro eo.
Dira gore phaposi ya gago e nne e le bothakga! Fa o tshwanelwa ke go phuruphutsha mo tlhakatlhakanong fa o batla tiro ya gago ya sekolo e e direlwang kwa gae kgotsa diaparo tse di phepa tse o ka di aparang, o ikokeletsa kgatelelo ya maikutlo. Fa o sa batle go phapharatlhanya mo mosong, iphe metsotso e le metlhano ya go phutha pele o robala
Batla “Enjene” e e Maatla go Gaisa
Tlhomamisa gore “enjene” ya gago e ka sikara morwalo wa gago
Itlhokomele.
Baitse ba dumalana gore go ja dijo tse di nang le dikotla, go itshidila mmele ka metlha le go robala mo go lekaneng go tla go thusa gore o kgone go dira go le gontsi. * O se ka wa tshwenyega—go itlhokomela ga se selo se se raraaneng go le kalo. O ka simolola ka go tsaya dikgato di se kae tse di motlhofo. A re tseye ka sekai, boroko. Leka go dira seno.
- Robala mo go lekaneng. Nna le dinako tse di tlhomameng tse o robalang ka tsone le tse o tsogang ka tsone, bobotlana ka malatsi a sekolo le malatsi a tiro.
- Iphe nako e e lekaneng ya go iketla pele o robala. O se ka wa itshidila mmele mo diureng tse tharo pele o robala, gape o se ka wa ja dijo tse di motlhofo di le dintsi le tse di nang le kafeine.
- Ka nako ya go robala, tima dipone mo phaposing e o robalang mo go yone mme o tlhomamise gore ga e na modumo e bile e siametse gore o ka robala mo go yone.
Kopa thuso ya ba bangwe.
O se ka wa tshaba go kopa thuso mo batsading le mo ditsaleng tsa gago. A tota seo se tla thusa? Ee, ka gonne dipatlisiso di bontsha gore go engwa nokeng ke ba bangwe go fokotsa mathata a a kgatelelo e kgolo ya maikutlo e ka a bakang mo pelong, mo ditshikeng le mo thulaganyong ya mmele ya go lwantsha malwetse.
Dipatlisiso tseo di dumalana le Baebele fa e re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.” (Diane 12:25) Fa “go tshwenyega ka tlhobaelo” go go fekeetsa, ditsala tsa boammaaruri di ka go naya “lefoko le le molemo” la kgothatso, se e ka nnang sone se o se tlhokang go lebana le tlhobaelo.
A o sa ntse o tlhoka thuso go lebana le kgatelelo ya maikutlo? Bona dikgaolo tse di latelang mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1 le 2, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
BOLUMO 1
- Kgaolo 18: Nka Fenya Jang go Gatelelwa Maikutlo Kwa Sekolong?
- Kgaolo 21: Nka Dirisa Jang Nako Ya me Ka Botlhale?
BOLUMO 2
^ ser. 12 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?
Lona lo lebana le kgatelelo ya mofuta mang ya maikutlo? Ke ditsela dife tsa go lebana le kgatelelo ya maikutlo tse lo boneng di le mosola?