Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Metsi a Botshelo

Go Batla Metsi a Botshelo

Go Batla Metsi a Botshelo

DINGWAGA di feta dikete tse pedi tse di fetileng, motse o o humileng wa batho ba le 30 000 o ne wa simolola go itsege thata kwa Sekakeng sa Arabia. Go sa kgathalesege tlelaemete e e maswe ya lefelo leo, kwa go nang pula ya dimilimetara di le 150 ka ngwaga gone, baagi ba Petra ba ne ba ithuta go tshela ka metsi a mannye. Mme Petra e ne ya huma ya atlega.

Banni ba Petra ba Nabataea ba ne ba se na dipompo tsa metsi tse di berekang ka motlakase. Ba ne ba sa age matamo a magolo thata. Mme ba ne ba itse tsela ya go ga metsi a bone le ya go a somarela. Mabolokelo a mannye a a mafaratlhatlha a a seng kana ka sepe, diphaephe, mesele le didibeletso di ne di ba thusa gore ba tsenye metsi a ba neng ba a kgobokantse ka kelotlhoko mo motseng le mo ditshingwaneng tsa bone. Go ne go sa senngwe le fa e le lerothodi la metsi. Didiba tsa bone le didibeletso di ne di dirilwe sentle mo e leng gore Ba-Bedouin ba motlha wa segompieno ba ntse ba di dirisa.

“Saense ya modikologo wa metsi ke bontle jo bo sa bonaleng jwa Petra,” moenjenere mongwe wa metsi o bolela jalo a gakgametse. “Batho bao ba ne ba le botlhale thata.” Bosheng jaana, baitse ba kwa Iseraele ba ntse ba batla go ithuta bokgoni jo bo kgethegileng jwa Ba-Nabataea, ba gape ba neng ba jala dijalo kwa Negebe, kwa pula e fetang dimilimetara di le 100 ka ngwaga sewelo fela gone. Baithuti ba temo le dijalo ba tlhatlhobile masimo a le dikete a Ba-Nabataea a beng ba one ba neng ba epetse pula ya mariga mesele ka kelotlhoko gore metsi a ye kwa masimong a bone.

Dithuto tse batho ba dinaga tsa Sahel tsa Afrika ba di ithutileng mo go Ba-Nabataea di setse di ba thusa. Le fa go ntse jalo, mekgwa ya segompieno ya go somarela metsi e ka nna le matswela a a tshwanang. Kwa Lanzarote, sengwe sa Ditlhaketlhake Tsa Canary, se se fa lobopong lwa Afrika, balemirui ba ithutile go lema moretlwa le difeige kwa pula e sa neng teng. Ba jala ditlhare tsa moretlwa kgotsa ditlhare tsa mofeige mo teng ga mesima ba bo ba tshela molora wa lekgwamolelo fa godimo ga mmu gore metsi a a mo mmung a se ka a kgala. Go tswa foo monyo o o lekaneng o ya kwa meding gore dijalo di gole sentle.

Ditharabololo Tse e Seng Tsa Boranyane Jwa Maemo a a Kwa Godimo

Go na le dipego tse di tshwanang le tseo go dikologa lefatshe tsa go dumalanya maemo le ditlelaemete tse di se nang pula e ntsi—jaaka mo gare ga batho ba Bishnoi ba ba nnang kwa Sekakeng sa Thar kwa India; basadi ba Turkana ba Kenya; le Baindia ba Navajo kwa Arizona, U.S.A. Mekgwa ya bone ya go boloka metsi a pula, e ba e ithutileng ka makgolokgolo a dingwaga, e itshupa e ikanyega go feta ditharabololo tsa boranyane jwa maemo a a kwa godimo tsa go rarabolola mathata a temothuto.

Lekgolo la bo20 la dingwaga e ne e le motlha wa go aga matamo. Batho ba ne ba kgona go dirisa dinoka tse dikgolo, mme ba simolola mekgwa ya go nosetsa ka selekanyo se segolo. Rasaense mongwe o fopholetsa gore diperesente di le 60 tsa melatswana le dinoka tsa lefatshe di ile tsa dirisiwa ka tsela nngwe. Le fa ditiro tse di ntseng jalo di ile tsa nna mosola ka ditsela dingwe, baithutatikologo ba bolela gore di senya tikologo, re sa bue kafa di amang ka teng dimilione tsa batho ba ba latlhegetsweng ke magae a bone.

Mo godimo ga moo, go sa kgathalesege maitlhomo a mantle, ga se gantsi balemirui ba ba tlhokang metsi thata ba solegelwang molemo ke ditiro tse di ntseng jalo. Tonakgolo ya pele ya India Rajiv Gandhi o ne a bolela jaana mabapi le dithulaganyo tsa go nosetsa kwa India: “Re sentse madi ka dingwaga di le 16. Batho ga ba boelwa ke sepe, ga go a nosediwa, ga go na metsi, kungo ga e a oketsega, ga ba a thusega ka sepe mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, ditharabololo tse e seng tsa boranyane jwa maemo a a kwa godimo di itshupile di na le mosola e bile di sa senye tikologo go le kalo. Megobe e mennye le matamo tse di dirilweng ke setšhaba di atlegile tota kwa China, kwa go agilweng di le dimilione di le thataro teng. Kwa Iseraele, batho ba lemogile gore fa go dirwa dilo ka botswerere, metsi a le mangwe fela a ka dirisediwa go tlhatswa, morago ga moo go tlosa leswe le go thibela malwetse, mme la bofelo a dirisediwe go nosetsa.

Tharabololo e nngwe e e mosola ke go nosetsa ka ditšhupu tse di phuntsweng maroba gore metsi a somarele mmu le gore go dirisiwe diperesente di le 5 fela tsa one fa go nosediwa ka ditsela tse di tlwaelegileng. Go dirisa metsi ka tsela e e botlhale gape go raya go tlhopha dijalo tse di kgonang go gola mo tlelaemeteng e go sa neng pula thata mo go yone, jaaka mabele kgotsa lebelebele, go na le go tlhopha tse di batlang go nosediwa thata, jaaka ntšhe kgotsa mmidi.

Ba ba dirisang metsi mo gae le kwa madirelong le bone ba ka fokotsa go dirisa metsi a le mantsi fa ba iteka go sekae. Ka sekai, kilogerama e le nngwe ya pampiri e ka dirwa ka mo e ka nnang litara e le nngwe ya metsi fa e le gore feketiri e dirisa metsi ao gape—ba somarela diperesente di feta 99 tsa one. Mexico City e emiseditse matlwana a yone a boithomelo ka a a dirisang fela nngwetharong ya metsi. Toropo eo gape e ne ya tshegetsa letsholo la tshedimosetso ka tsa madi le maikaelelo a lone e neng e le go fokotsa go dirisiwa ga metsi ka selekanyo se segolo.

Se se Tlhokegang Gore go Atlegwe

Tharabololo ya mathata a metsi—le mathata a mantsi a tikologo—e tlhoka go fetolwa ga maikutlo. Batho ba tlhoka go dirisana mmogo sentle go na le go nna pelotshetlha, go itima dilo fa go tlhokega, le go ikemisetsa go tlhokomela lefatshe gore le tle le dirisiwe ke banni ba lone ba mo nakong e e tlang. Mo ntlheng eno, Sandra Postel mo bukeng ya gagwe ya Last Oasis—Facing Water Scarcity, o tlhalosa jaana: “Re tlhoka molaomotheo wa metsi—kaelo ya boitsholo jo bo tshwanetseng fa go lebanwe le go dira ditshwetso tse di thata ka ditsamaiso tsa tlholego tse re sa di tlhaloganyeng le tse re ka se di tlhaloganyeng ka botlalo.”

“Molaomotheo wa metsi” o o ntseng jalo o tlhoka se se fetang go tseelwa dikgato fela ke batho ba ba amiwang ke tlhaelo ya one. Dinaga mmogo le baagelani ba tlhoka go dirisana mmogo, e re ka dinoka di kgabaganya melelwane ya ditšhaba. Ismail Serageldin mo pegong ya gagwe ya Beating the Water Crisis o bolela jaana: “Matshwenyego a bontsi jwa metsi le boleng jwa one tse pele di neng di tsewa e le dilo tse pedi tse di sa tshwaneng jaanong di tshwanetse go tsewa e le bothata jwa lefatshe lotlhe.”

Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng Kofi Annan, o dumela gore ga go motlhofo go dira gore ditšhaba di rarabolole mathata a a amang lefatshe lotlhe. O bolela jaana: “Mo lefatsheng lotlhe la gompieno, ditsela tsa go bona matswela a tiro ya lefatshe lotlhe di sa ntse di simologa. Ke nako ya gore ‘ditšhaba di nne seoposengwe.’”

Go phepafetse gore, metsi a a lekaneng a a phepa le fa a le botlhokwa thata, ga se one fela a tlhokegang gore re tshele botshelo jo bo itekanetseng le jo bo itumetseng. Batho ba tshwanetse gore ba lemoge pele gore ba na le boikarabelo mo go Yo o ba neileng metsi le botshelo ka bobone. (Pesalema 36:9; 100:3) Mme go na le gore ba senye se lefatshe le nang le sone ka go tlhoka go bonela kwa pele, ba tlhoka go ‘le lema le go le tlhokomela,’ jaaka Mmopi wa rona a ne a laela batsadi ba rona ba ntlha gore ba dire jalo.—Genesise 2:8, 15; Pesalema 115:16.

Metsi a Boleng jo bo Kwa Godimo

E re ka metsi a le botlhokwa thata jaana, ga go gakgamatse gore mo Baebeleng a dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso. Eleruri, gore re itumelele botshelo jaaka go ne go ikaeletswe, re tshwanetse go tlotla motswedi wa metsi ano a tshwantshetso. Gape re tshwanetse go ithuta go bontsha boikutlo jwa mosadi wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a kopa Jesu Keresete jaana: “Rra, nnaya metsi ano.” (Johane 4:15) Tlhokomela gore go ne ga direga eng.

Jesu o ne a ema kwa sedibeng se se boteng gaufi le Nablus ya motlha wa segompieno—go bonala e le sone sediba se batho go dikologa lefatshe ba se etelang go fitlha gompieno. Ka nako eo, mosadi wa Mosamarea le ene o ne a tla sedibeng. Jaaka basadi ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ga go na pelaelo gore o ne a ya ka metlha teng gore go nne le metsi mo legaeng la gagwe. Mme Jesu o ne a bolela gore o ne a tla mo naya “metsi a a tshelang”—motswedi wa metsi o o neng o se kitla o kgala.—Johane 4:10, 13, 14.

Go a utlwala gore mosadi yoo o ne a simolola go kgatlhega. Mme gone, “metsi a a tshelang” a Jesu a neng a bua ka one e ne e se metsi a mmatota. Jesu o ne a bua ka dilo tsa semoya tse di thusang batho gore ba kgone go tshelela ruri. Le fa go ntse jalo, metsi a tshwantshetso le metsi a mmatota a a amana—re a tlhoka ka bobedi jwa one gore re itumelele botshelo ka botlalo.

Mo makgetlhong a le mmalwa, Modimo o ne a naya batho ba gagwe tsela ya go rarabolola bothata jwa tlhaelo ya mmatota ya metsi. O ne a naya boidiidi jo bogolo jwa Baiseraele ba batshabi ba ba neng ba kgabaganya sekaka sa Sinai ba ya kwa Nageng e e Solofeditsweng metsi ka kgakgamatso. (Ekesodo 17:1-6; Dipalo 20:2-11) Elisha, moporofeti wa Modimo, o ne a itshekisa sediba sa Jeriko se se neng se kgotletswe. (2 Dikgosi 2:19-22) Mme fa masalela a Baiseraele ba ba neng ba ikwatlhaile a ne a boela kwa Babelona kwa legaeng la bone, Modimo o ne a ba isa kwa ‘metsing mo nageng.’—Isaia 43:14, 19-21.

Polanete ya rona gompieno e tlhoka metsi a a sa feleng ka potlako. E re ka Mmopi wa rona Jehofa Modimo a ne a re naya tharabololo ya mathata a metsi mo nakong e e fetileng, a a ka se dire jalo gape mo isagweng? Baebele e re tlhomamisetsa gore o tla dira jalo. Fa a tlhalosa maemo mo Bogosing jwa gagwe jo bo solofeditsweng, Modimo o bolela jaana: “Ke tla bula dinoka mo dithoteng tse di lolea, mme mo mabaleng a mekgatšha ke tla bula metswedi. Ke tla dira naga mogobe wa metsi o o tletseng lotlhaka, mme lefatshe le le se nang metsi ke tla le dira metswedi ya metsi, . . . gore batho ba tle ba bone ba bo ba itse le go tsaya tsia le go lemoga ka nako e le nngwe fela, gore seatla sa ga Jehofa se dirile seno.”—Isaia 41:18, 20.

Baebele e re solofetsa gore fa nako eo e fitlha, batho “ga ba kitla ba tshwarwa ke tlala, e bile ga ba kitla ba tshwarwa ke lenyora.” (Isaia 49:10) Ka ntlha ya tsamaiso e ntšha ya lefatshe, go tla nna le tharabololo ya mathata a metsi. Tsamaiso eno, e leng Bogosi jo Jesu a re rutileng gore re bo rapelele, bo tla dira “ka tshiamiso le ka tshiamo, go tloga jaanong go ya bosakhutleng.” (Isaia 9:6, 7; Mathaio 6:9, 10) Ka ntlha ya seo, kgabagare batho gongwe le gongwe mo lefatsheng ba tla nna setšhaba se se leng seoposengwe.—Pesalema 72:5, 7, 8.

Fa re batla metsi a botshelo gone jaanong, re ka lebela pele go bona letsatsi le ka lone ruri mongwe le mongwe a tla bong a na le metsi a a lekaneng.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Fa godimo: Banni ba bogologolo ba Petra ba ne ba itse go somarela metsi

Fa tlase: Mosele wa metsi wa Ba-Nabataea kwa Petra

[Motswedi wa Setshwantsho]

Garo Nalbandian

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Balemirui mo go sengwe sa Ditlhaketlhake Tsa Canary ba ithutile go jala dijalo kwa mafelong a pula e sa neng thata kwa go one

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Jesu o ne a bua ka eng fa a ne a solofetsa mosadi yono “metsi a a tshelang”?