Dikgosi wa Bobedi 2:1-25

  • Elija o tsewa ke sefefo (1-18)

    • Elisha o tsaya seaparo sa ga Elija (13, 14)

  • Elisha o alafa metsi a Jeriko (19-22)

  • Dibera di bolaya basimanyana ba kwa Bethele (23-25)

2  Fa Jehofa a ne a tloga a tseela Elija+ kwa magodimong* ka sefefo,+ Elija le Elisha+ ba ne ba tswa mo Gilegala.+ 2  Elija o ne a raya Elisha a re: “Tsweetswee nna fano, ka gonne Jehofa o nthomile kwa Bethele.” Le fa go ntse jalo, Elisha o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena, ga nkitla ke go tlogela.” Ka jalo, ba ne ba ya kwa Bethele.+ 3  Foo bomorwa baporofeti* kwa Bethele ba ne ba tla kwa go Elisha ba bo ba mo raya ba re: “A o a itse gore gompieno Jehofa o tsaya mong wa gago gore a se ka a tlhola a nna moeteledipele wa gago?”+ Foo o ne a re: “Ke setse ke itse. Didimalang.” 4  Jaanong Elija o ne a mo raya a re: “Elisha, tsweetswee nna fano, ka gonne Jehofa o nthomile kwa Jeriko.”+ Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena, ga nkitla ke go tlogela.” Ka jalo, ba ne ba ya kwa Jeriko. 5  Foo bomorwa baporofeti ba ba neng ba le kwa Jeriko ba ne ba tla kwa go Elisha mme ba mo raya ba re: “A o a itse gore gompieno Jehofa o tsaya mong wa gago gore a se ka a tlhola a nna moeteledipele wa gago?” Foo o ne a re: “Ke setse ke itse. Didimalang.” 6  Jaanong Elija o ne a mo raya a re: “Tsweetswee nna fano, ka gonne Jehofa o nthomile kwa Joredane.” Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena, ga nkitla ke go tlogela.” Ka jalo, boobabedi ba ne ba tsamaya mmogo. 7  Mme bomorwa baporofeti ba le 50 le bone ba ne ba tsamaya mme ba ema kgakajana ba ba leba fa boobabedi ba ne ba eme fa Joredane. 8  Go tswa foo, Elija o ne a tsaya seaparo sa gagwe se se mo tlhaolang+ a bo a se potoka a itaya metsi ka sone, mme a ne a kgaogana a ya kwa molemeng le kwa mojeng, mme boobabedi ba ne ba kgabaganya mo mmung o o omileng.+ 9  Fela fa ba sena go kgabaganya, Elija o ne a raya Elisha a re: “Kopa se o batlang gore ke se go direle pele ga ke tlosiwa fa go wena.” Ka jalo, Elisha o ne a re: “Tsweetswee, a nka amogela karolo e e menaganeng sebedi*+ ya moya wa gago?”+ 10  O ne a araba jaana: “O kopile selo se se thata. Fa o ka mpona fa ke tlosiwa mo go wena, go tla direga jaaka o kopile; mme fa o ka se mpone, ga go kitla go direga.” 11  Fa ba tsamaya mo tseleng ba ntse ba bua, ka tshoganyetso kara e e tukang molelo le dipitse tse di tukang molelo+ di ne tsa ba kgaoganya, mme Elija o ne a tlhatlogela kwa magodimong* mo sefefong.+ 12  Fa Elisha a ntse a lebile, o ne a goa a re: “Rra, rra! Kara ya Iseraele le masole a yone a a tsamayang ka dipitse!”+ E rile a sa tlhole a kgona go mmona, o ne a tshwara diaparo tsa gagwe mme a di gagoganya sebedi.+ 13  Morago ga moo, o ne a sela seaparo sa ga Elija se se mo tlhaolang+ se se neng se ole mo go ene mme a boela morago a ya go ema fa losing lwa Joredane. 14  Go tswa foo, o ne a tsaya seaparo sa ga Elija se se mo tlhaolang se se neng se ole mo go ene a bo a itaya metsi ka sone mme a re: “Jehofa, Modimo wa ga Elija o kae?” E rile Elisha a itaya metsi, a ne a kgaogana a ya kwa molemeng le kwa mojeng, mme o ne a kgabaganya.+ 15  E rile bomorwa baporofeti kwa Jeriko ba mmona a le kgakajana, ba ne ba re: “Moya wa ga Elija o ntse mo go Elisha.”+ Ka jalo, ba ne ba ya go mo kgatlhantsha mme ba ikobela fa fatshe fa pele ga gagwe. 16  Ba ne ba mo raya ba re: “Rona batlhanka ba gago re na le banna ba le 50 ba ba nonofileng. Tsweetswee, a ba tsamaye ba ye go batla mong wa gago. Gongwe moya* wa ga Jehofa o mo tsholeditse mme wa mo latlhela mo godimo ga thaba nngwe kgotsa mo mokgatšheng mongwe.”+ Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Lo se ka lwa ba romela.” 17  Mme gone, ba ne ba nna ba mo emelela go fitlha a tlhabiwa ke ditlhong, ka jalo o ne a re: “Ba romeleng.” Ba ne ba romela banna bao ba ba 50, mme ba ne ba nna ba mmatla malatsi a le mararo mme ba se ka ba mmona. 18  Fa ba boela kwa go ene, o ne a sa ntse a le kwa Jeriko.+ Foo o ne a ba raya a re: “A ga ke a lo bolelela gore lo se ka lwa tsamaya?” 19  Fa nako e ntse e tsamaya, banna ba motse ba ne ba raya Elisha ba re: “Mong wa me, o a bona gore motse ono o mo lefelong le le siameng;+ le fa go ntse jalo, metsi a teng ga a a siama e bile lefatshe ga le tlhogise sepe.”* 20  Foo o ne a re: “Ntlisetseng sekotlele se sennye se sesha mme lo tsenye letswai mo go sone.” Ka jalo, ba ne ba se tlisa kwa go ene. 21  Go tswa foo, o ne a ya kwa motsweding wa metsi mme a tshela letswai mo go sone+ a bo a re: “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘Ke alafile metsi ano. Ga a kitla a tlhola a baka loso kgotsa a dira gore lefatshe le se ka la tlhogisa sepe.’”* 22  Mme metsi a ne a alafega go tla go fitlha mo letsatsing leno, go ya ka lefoko le Elisha a neng a le bua. 23  O ne a tswa koo a ya kwa Bethele. Fa a ntse a tsamaya mo tseleng, basimanyana bangwe ba ne ba tswa mo motseng mme ba simolola go mo sotla,+ ba ne ba nna ba mo raya ba re: “Tlhatloga, wena yo o lefatla! Tlhatloga, wena yo o lefatla!” 24  La bofelo o ne a retologa mme a ba leba a bo a ba hutsa mo leineng la ga Jehofa. Foo dibera tse pedi tse dinamagadi+ di ne tsa tswa mo sekgweng mme tsa gagolaka bana ba le 42 mo go bone.+ 25  O ne a tswa koo, a nna a tsamaya a ya kwa Thabeng ya Karemele,+ mme fa a tswa koo o ne a boela kwa Samarea.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa loaping.”
Polelwana “bomorwa baporofeti,” e ka tswa e kaya setlhopha sa baporofeti ba ba tseneng sekolo sa boporofeti mmogo kgotsa ba ba neng ba bereka mmogo.
Kgotsa “dikarolo tse pedi.”
Kgotsa “kwa loaping.”
Kgotsa “phefo.”
Kgotsa gongwe “lefatshe le dira gore basadi ba senyegelwe.”
Kgotsa gongwe “kgotsa a dira gore basadi ba senyegelwe.”