Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefatshe le Felelwa ke Metsi?

A Lefatshe le Felelwa ke Metsi?

A Lefatshe le Felelwa ke Metsi?

“Go bona metsi a a phepa a a lekaneng a a seng letswai ke tlhokafalo ya konokono gore batho botlhe ba tshele, ba itekanele e bile ba gatele pele mo go tsa loago le tsa itsholelo. Le fa go ntse jalo, re tswelela re dira dilo jaaka e kete metsi a a phepa a nna a le teng ka bontsi. Mme ga go a nna jalo.” —KOFI ANNAN, MOKWALEDIKAKARETSO WA LEKGOTLA LA DITŠHABA TSE DI KOPANENG.

MOTSHEGARE ka Labone mongwe le mongwe mo dingwageng di le sekete tse di fetileng, go ntse go tshwarwa lekgotla la tsheko kwa toropong ya Spain ya Valencia. Tiro ya lone ke go rarabolola dikganetsano tsa metsi.

Balemirui ba mo poeng eo e e nonneng ya Valencia ba ikaegile thata ka go nosetsa, mme go nosetsa go tlhoka metsi a mantsi—a a ntseng a tlhaela mo karolong eno ya Spain. Balemirui ba ka ikuela kwa lekgotleng la metsi nako le nako fa ba ikutlwa gore ga ba newe metsi a a lekaneng. Dikganetsano tsa metsi ga di disha, mme ke ka sewelo di kgonang go rarabololwa sentle jaaka kwa Valencia.

Mo e ka nnang dingwaga di le 4 000 tse di fetileng, go ne ga tsoga kganetsano e kgolo mo gare ga badisa malebana le go dirisa sediba se se neng se le gaufi le Beeresheba kwa Iseraele. (Genesise 21:25) Mme gone jaanong mathata a metsi kwa Bogarebotlhaba a maswe le go feta nako eo. Baeteledipele ba ka nna babedi ba ba itsegeng mo kgaolong eo ba boletse gore metsi ke yone kgang e e ka dirang gore ba batle go lwantsha Naga e ba bapileng le yone.

Mo dinageng tse pula e sa neng thata kwa go tsone mo lefatsheng, metsi a ntse a tsosa mathata a magolo. Lebaka la teng le motlhofo fela: Metsi a botlhokwa gore go nne le botshelo. Jaaka Kofi Annan a boletse, “metsi a a phepa a tlhwatlhwakgolo: re ka se tshele kwantle ga one. Ga a ka ke a emisediwa: ga go na sepe se se ka a tseelang sebaka. E bile a kgona go fetolwa ke dilo tse di farologaneng: ditiro tse batho ba di dirang di ama thata boleng jwa metsi a a phepa le selekanyo sa one.”

Gompieno go gaisa le fa e le leng pele, selekanyo le boleng jwa metsi a polanete ya rona di a tshosediwa. Ga re a tshwanela go tsiediwa ke lebaka la go bo go na le metsi a mantsi mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe tse di lesego.

Polokelo e e Fokotsegang

“Sengwe sa dilo tse di dirang gore botshelo jwa motho bo nne thata ke gore re tsaya selo e le sa botlhokwa fela fa se setse se tlhaela,” go bolela jalo Mothusa mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng Elizabeth Dowdeswell. “Re anaanela metsi fela fa sediba se kgala. Mme jaanong didiba di a kgala, e seng fela mo mafelong a a tshabelwang ke leuba, mme gape le mo mafelong a ka tlwaelo a sa tlhaelweng ke metsi.”

Ba ba tlhaelwang ke metsi letsatsi le letsatsi ba tlhaloganya bothata jono sentle. Asokan, modiri wa mo ofising kwa Madras, kwa India, o tsoga diura di le pedi pele ga bo sa moso mongwe le mongwe. O ya kwa pompong ya metsi ya batho botlhe, e a tsamayang metsotso e le metlhano go fitlha kwa go yone, a tshotse dikgamelo di le tlhano. E re ka metsi a le teng fela magareng ga 4:00 a.m. le 6:00 a.m., o tlhoka go ya go ema mo moleng go sa le gale. Metsi a a yang lapeng ka one a le mo dikgamelong tseo a tshwanetse go lekana letsatsi lotlhe. Baindia ba bangwe ba gabone—le batho ba bangwe ba le bilione mo polaneteng—ga ba lesego go le kalo. Ga ba na pompo, noka kgotsa sediba gaufi le magae a bone.

Abdullah, mosimane yo o nnang kwa kgaolong ya Sahel ya Afrika, ke mongwe wa batho bao. Letshwao la tsela le le supang motse wa bone o monnye le o tlhalosa le re ke lefelo le lentle le le nonneng; mme metsi ga a bolo go kgala mo go lone, e bile ga go bonale le fa e le setlhare. Tiro ya ga Abdullah ke go gelela lelapa metsi kwa sedibeng se se bokgakala jo bo fetang kilometara e le nngwe.

Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, metsi a a leng teng a a phepa a kwa tlase ga selekanyo se a tlhokwang ka sone. Lebaka la teng le motlhofo: Karolo e kgolo ya batho ba nna mo dikarolong tse go sa neng pula gotlhelele le tse go nang pula go le gonnye fela kwa go tsone, kwa metsi a sa bolong go tlhaela ka nako e telele gone. (Bona mmapa o o mo tsebe 19.) Go ya ka Setheo sa Tikologo sa Stockholm, nngwetharong ya palo ya batho ba ba mo lefatsheng ba nna mo mafelong a metsi a tlhaelang ka tekano le kwa metsi a tlhaelang thata kwa go one. Mme go tlhoka metsi go oketsegile ka selekanyo se se fetang palo e batho ba oketsegang ka yone gabedi.

Kafa letlhakoreng le lengwe, selekanyo sa metsi a a leng teng sone ga se fetoge. Didiba tse di boteng le mabolokelo a metsi di ka nna tsa thusa ka nakwana fela, mme selekanyo sa pula e e nang mo lefatsheng le selekanyo sa metsi a a bolokilweng kafa tlase ga lefatshe ga se fetoge. Ka jalo, balepaloapi ba fopholetsa gore mo dingwageng tse 25, selekanyo sa metsi a motho mongwe le mongwe mo lefatsheng a nang le one se ka nna sa fokotsega ka halofo.

Kafa a Amang Botsogo le Dijo ka Teng

Go tlhaela ga metsi go ama batho jang? Sa ntlha, go senya botsogo jwa bone. Ga se gore ba tla bolawa ke lenyora, mme go na le moo, boleng jo bo kwa tlase jwa metsi a a leng teng a go apaya le go nwa bo ka ba lwatsa. Elizabeth Dowdeswell o bolela gore “mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa malwetse le mo e ka nnang selekanyo se se fetang nngwetharong ya dintsho mo dinageng tse di tlhabologang di bakiwa ke metsi a a leswe.” Mo dinageng tse di tlhabologang tse go sa neng pula thata kwa go tsone, metswedi ya metsi e kgotlelwa gangwe le gape ke leswe la batho kgotsa la diphologolo, dibolayaditshenekegi, menontsha kgotsa dikhemikale tsa madirelo. Lelapa le le humanegileng le ka nna la tshwanelwa ke go dirisa one metsi ao a a kgotletsweng.

Fela jaaka mebele ya rona e tlhoka metsi gore e ntshe leswe, go tlhokega metsi a mantsi go tlosa leswe le go thibela malwetse—metsi a batho ba bantsi ba se nang one. Palo ya batho ba ba se nang tsela ya go tlosa leswe le go thibela malwetse e ne ya oketsega go tloga go dimilione di le dikete di le 2,6 ka 1990 go ya go dimilione di le dikete di le 2,9 ka 1997. Palo eno e batla e nna halofo ya batho ba ba leng teng mo polaneteng. Mme tsela ya go tlosa leswe le go thibela malwetse ke kgang ya botshelo le loso. Badiredibagolo ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Barol Bellamy le Nitin Desai ba ne ba tlhagisa jaana: “Fa bana ba tlhaelwa ke metsi a a ka nowang le a go tlosa leswe le go thibela malwetse, mo e batlang e nna karolo nngwe le nngwe ya botsogo jwa bone le go gola ga bone go mo kotsing.”

Go dirwa ga dijo go ikaegile ka metsi. Dijalo tse dintsi di nosediwa ke pula, mme mo metlheng ya bosheng go nosetsa ke gone mo go rarabololang mathata a go fepa palo e e oketsegang thata ya batho ba ba mo lefatsheng. Gompieno, diperesente di le 36 tsa thobo e e bonwang mo lefatsheng di ikaegile ka go nosetsa. Mme karolo ya lefatshe e e nang le dijalo e e nosediwang e ne ya gola thata dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng mme e ntse e fokotsega fa e sa le ka nako eo.

Fa e le gore mo legaeng la rona go tswa metsi a mantsi mo pompong nngwe le nngwe e bile re na le ntlwana ya boithomelo e e tsamaisang leswe sentle ka metsi, go ka nna ga nna thata go dumela gore lefatshe le tlhaelwa ke metsi a a lekaneng. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore ke batho ba le diperesente tse 20 fela ba ba itumelelang monate oo. Mo Afrika, basadi ba bantsi ba dirisa diura di ka nna thataro ka letsatsi ba ga metsi—mme gantsi ke a a kgotletsweng. Basadi bano ba tlhaloganya sentle thata se se botlhoko se tota se diragalang: Metsi a a phepa a a tlhaela e bile a ntse a tsweletse a tlhaela le go feta.

A boranyane jwa saense bo ka rarabolola bothata? A metswedi ya metsi e ka dirisiwa ka tsela ya go somarela? Metsi a ile kae? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

KWA METSI A A PHEPA A LENG TENG

Diperesente tse di ka nnang 97 tsa metsi a lefatshe a mo mawatleng mme a letswai thata go ka nowa, go ka lema ka one kgotsa go dira sepe fela.

Ke mo e ka nnang diperesente di le 3 fela tsa metsi a a mo lefatsheng a a phepa. Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go bona bontsi jwa one, jaaka setshwantsho seno se bontsha.

[Setshwantsho]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Dikgapetla tse di sa gakologeng le kapoko 68,7%

Metsi a a kwa tlase ga lefatshe 30,1%

Kgapetla, dikgapetla tse di kafa tlase ga lefatshe 0,9%

Makadiba, dinoka le ditsobotla 0,3%

[Lebokoso mo go tsebe 21]

MATHATA A METSI

KGOTLELO Kwa Poland ke diperesente di le 5 fela tsa metsi a noka a a siametseng go nowa, mme diperesente di le 75 tsa one a kgotletswe thata mo a ka se dirisiweng le kwa madirelong.

METSI A A KWA DITOROPONG Kwa Mexico City, toropokgolo ya bobedi e kgolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng, metsi a yone a a kafa tlase ga lefatshe, a e leng 80% ya metsi a toropo e a dirisang, a a kgala. Go gogwa metsi a a fetang metsi a a emisediwang ka tlholego ka diperesente di le 50. Beijing, motsemogolo wa China, o na le bothata jo bo tshwanang. Metsi a yone a a bolokilweng mo mafikeng kafa tlase ga lefatshe a wetse kwa tlase ka metara ka ngwaga, mme nngwetharong ya didiba tsa teng di kgadile.

GO NOSETSA Polokelo e kgolo ya Ogallala ya metsi a a bolokilweng kafa tlase ga lefatshe kwa United States e fokotsegile mo e leng gore naga e e nosediwang kwa bokonebophirima jwa Texas e fokotsegile ka nngwetharong ka ntlha ya tlhaelo ya metsi. China le India, tse e leng dinaga tsa bobedi le tsa boraro tse di direlang lefatshe dijo di lebane le mathata a a tshwanang. Kwa borwa jwa India kwa Tamil Nadu, go nosetsa go dirile gore metsi a a kafa tlase ga lefatshe a wele kwa tlase ka dimetara di feta 23 mo dingwageng di le lesome.

DINOKA TSE DI NYELELANG Ka paka e pula e sa neng ka yone, Ganges e kgolo ga e tlhole e fitlha kwa lewatleng, ka gonne metsi otlhe a yone a ya go sele pele ga a fitlha teng. Ke se se diregang le ka Noka ya Colorado kwa Amerika Bokone.

[Mmapa mo go tsebe 19]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KWA METSI A TLHAELANG TENG

Mafelo a a tlhaelwang ke metsi