Bahebera 6:1-20

6  Ka lebaka leno, jaanong e re ka re tlogetse thuto ya motheo ya ntlhantlha+ ka ga Keresete,+ a re gagamaleleng kwa go goleng sentle,+ re sa thaye motheo gape,+ e leng, go ikwatlhaela ditiro tse di suleng,+ le tumelo mo Modimong,+  thuto ka dikolobetso+ le go bewa ga diatla,+ tsogo ya baswi+ le katlholo ya bosakhutleng.+  Mme seno re tla se dira, fa Modimo a letla.+  Gonne ga go kgonege ka ga ba ba sedimoseditsweng+ ruri, le ba ba utlwileng mpho ya mahala+ ya selegodimo, le ba e nnileng ba ba nang le seabe mo moyeng o o boitshepo,+  le ba ba utlwileng lefoko le le molemo la Modimo le maatla a tsamaiso ya dilo e e tlang,+  mme e le ba ba oleng,+ go ba tsosolosetsa gape mo boikwatlhaong+, ka gonne ba ipapolela Morwa Modimo sesha e bile ba mo tlhabisa ditlhong phatlalatsa.+  Ka sekai, mmu o o nwang pula e gantsi e o nelang, le o go tswa foo o ntshang dimela tse di tshwanelang ba gape ba o lemelwang,+ le one o amogela tshegofatso go tswa kwa Modimong.  Mme fa o ntsha mitlwa le sitlwasitlwane, o a tlogelwa mme o gaufi le go hutsiwa;+ mme o felela ka go jewa ka molelo.+  Le fa go ntse jalo, fa e le kaga lona, baratwa, re tlhatswegile pelo ka dilo tse di botoka le dilo tse di tsamayang le poloko, le mororo re bua ka tsela eno. 10  Gonne Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe+, ka lo diretse baitshepi+ e bile lo tswelela lo ba direla. 11  Mme re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga jo bo tshwanang gore lo nne le tlhomamisego+ e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong,+ 12  gore lo se ka lwa nna bobodu,+ mme lo nne baetsi+ ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.+ 13  Gonne e rile Modimo a solofetsa Aborahame,+ e re ka a ne a ka se ka a ikana ka ope yo mogolwane, o ne wa ikana+ ka ene ka esi, 14  a re: “Ruriruri mo go segofatseng ke tla go segofatsa, le mo go ntsifatseng ke tla go ntsifatsa.”+ 15  Mme fa Aborahame a sena go bontsha bopelotelele, o ne a amogela tsholofetso+ eno. 16  Gonne batho ba ikana ka yo mogolwane,+ mme ikano ya bone ke bokhutlo jwa kganetsano nngwe le nngwe, e re ka e le tlhomamiso ya semolao mo go bone.+ 17  Ka mokgwa ono, e rile Modimo a ikaelela go bontsha baruaboswa+ ba tsholofetso go sa fetogeng+ ga boikaelelo jwa gagwe mo gogolo thata, o ne a tsena ka ikano, 18  gore ka dilo di le pedi tse di ka se kang tsa fetoga tse go sa kgonegeng gore Modimo a ake+ mo go tsone, rona ba re tshabetseng kwa botshabelong re tle re kgothale thata gore re tshware tsholofelo+ e e tlhomilweng fa pele ga rona. 19  Tsholofelo eno ke tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame, e bile e tsena mo teng kafa gare ga sesiro,+ 20  koo moetapele a tseneng mo boemong jwa rona gone,+ e bong Jesu, yo jaanong e leng moperesiti yo mogolo kafa mokgweng wa ga Melekisedeke ka bosaengkae.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase