Bahebera 10:1-39
10 Gonne e re ka Molao o na le moriti+ wa dilo tse di molemo tse di tla tlang, mme e seng tsone dilo totatota, batho ka ditlhabelo tse di tshwanang tse ba di isang tshupelo ba sa kgaotse ngwaga le ngwaga, ga ba ka ke le ka motlha ba itekanedisa+ ba ba atamelang.
2 Go seng jalo, a ditlhabelo di ka bo di sa khutla go isiwa tshupelo, ka gonne ba ba dirang tirelo e e boitshepo ba ba neng ba ntlafaditswe gangwe fela ba ka bo ba sa tlhole ba ikutlwa ba na le maleo?+
3 Go farologana le seo, ditlhabelo tseno di dira gore maleo a gakologelwe ngwaga le ngwaga,+
4 gonne ga go kgonege gore madi a dipoo le a dipodi a tlose maleo.+
5 Ka gone fa a tla mo lefatsheng a re: “‘O ne o sa batle setlhabelo le tshupelo,+ mme o ne wa mpaakanyetsa mmele.+
6 O ne wa se ka wa amogela ditshupelo tse di fisiwang di feletse le tshupelo ya boleo.’+
7 Mme ka re, ‘Bona! Ke tlile (mo momenong wa buka go kwadilwe kaga me)+ go dira thato ya gago, wena Modimo.’”+
8 Morago ga gore pele a re: “O ne wa se ka wa batla le gone o ne wa se ka wa amogela ditlhabelo le ditshupelo le ditshupelo tse di fisiwang di feletse le tshupelo ya boleo”+—ditlhabelo tse di isiwang tshupelo go ya ka Molao+—
9 o ne a re: “Bona! Ke tlile go dira thato ya gago.”+ O tlosa se e leng sa ntlha gore a tle a tlhome se e leng sa bobedi.+
10 Ka “thato”+ e go bolelwang ka yone re itshepisitswe+ ka tshupelo+ ya mmele wa ga Jesu Keresete gangwe+ felafela.
11 Gape, moperesiti mongwe le mongwe o ema+ letsatsi le letsatsi+ gore a dire tirelo a bo a ise ditlhabelo di le dingwe fela tshupelo gantsintsi, ka gonne di sa kgone le fa e le ka nako epe go tlosa maleo ka botlalo.+
12 Mme monna yono o ne a isetsa ruriruri+ setlhabelo se le sengwe tshupelo a se isetsa maleo a ba a nna kafa seatleng sa moja sa Modimo,+
13 go tloga ka nako eo go ya pele a letile go fitlha baba ba gagwe ba bewa jaaka sebeo sa dinao+ tsa gagwe.
14 Gonne ke ka tshupelo e le nngwe ya setlhabelo+ a itekanedisitseng+ ruriruri ba ba itshepisiwang.
15 Mo godimo ga moo, moya o o boitshepo+ le one o re naya bosupi, gonne fa o sena go re:
16 “‘Eno ke kgolagano e ke tla golaganang le bone ka yone morago ga malatsi ao,’ go bua Jehofa. ‘Ke tla tsenya melao ya me mo dipelong tsa bone, e bile ke tla e kwala mo megopolong ya bone,’”+
17 morago ga moo wa re: “Mme ga ke kitla ke tlhola ke gakologelwa maleo a bone le ditiro tsa bone tsa botlhokamolao ka gope.”+
18 Jaanong koo go nang le boitshwarelo+ jwa tsone gone, ga go tlhole go na le tshupelo ya boleo.+
19 Jalo, bakaulengwe, e re ka re na le bopelokgale jwa tsela ya go tsena+ mo lefelong le le boitshepo+ ka madi a ga Jesu,
20 e a neng a re e simololela semolao e le tsela e ntšha le e e tshelang e e kgabaganyang sesiro,+ ke gore, nama ya gagwe,+
21 e bile e re ka re na le moperesiti yo mogolo mo ntlong ya Modimo,+
22 a re atameleng ka dipelo tse di boammaaruri ka go tlhomamisega mo go tletseng ga tumelo, dipelo tsa rona di kgatšhitswe di golotswe mo segakoloding se se boikepo+ le mebele ya rona e tlhapisitswe ka metsi a a phepa.+
23 A re ngangatleleng go bolela phatlalatsa tsholofelo+ ya rona kwantle ga go reketla,+ gonne yo o solofeditseng o a ikanyega.+
24 Mme a re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng+ mo loratong le mo ditirong tse di molemo,+
25 re sa lese go phuthega mmogo+ ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana,+ mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.+
26 Gonne fa re dira boleo ka boomo+ re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri,+ ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng,+
27 mme go na le tebelelo nngwe e e boifisang ya katlholo+ gape go na le lefufa le le tukang le le tlileng go laila ba ba ganetsang.+
28 Motho ofe fela yo o itlhokomolositseng molao wa ga Moshe o swa kwantle ga bopelotlhomogi, ka bosupi jwa ba le babedi kgotsa ba le bararo.+
29 Lo akanya gore motho yo o gatakileng+ Morwa Modimo le yo o tsereng madi+ a kgolagano a a neng a itshepisiwa ka one e le a boleng jo bo sa reng sepe, le yo o tlhapaditseng moya+ wa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka lonyatso, o tla kaiwa a tshwanelwa ke kotlhao e e botlhoko thata go le kana kang?
30 Gonne re a mo itse yo o neng a re: “Pusoloso ke ya me; ruri ke tla lefetsa”;+ mme gape: “Jehofa o tla atlhola batho ba gagwe.”+
31 Ke selo se se boifisang go wela mo diatleng tsa Modimo yo o tshelang.+
32 Le fa go ntse jalo, nnang lo gakologelwe malatsi a pele a mo go one, fa lo sena go sedimosediwa,+ lo neng lwa itshokela ntwa e kgolo tlase ga dipogo,+
33 ka dinako dingwe fa lo ne lo bewa mo mpaananeng jaaka mo bobogelong+ mo dikgobong mmogo le mo dipitlaganong, mme ka dinako dingwe fa lo ne lo nna batlhakanedi le ba ba neng ba diragalelwa ke dilo tse di ntseng jalo.+
34 Gonne lo ne lwa bontsha ba ba mo kgolegelong kutlwelobotlhoko lwa ba lwa itshokela ka boipelo go gapiwa+ ga dilo tsa lona, lo itse gore lona ka bolona lo na le thuo e e botoka le e e nnelang ruri.+
35 Jalo, lo se ka lwa latlha kgololesego ya go bua,+ e e tla newang maduo+ a magolo.
36 Gonne lo tlhoka boitshoko,+ gore fa lo sena go dira thato ya Modimo,+ lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso.+
37 Gonne go sa ntse go setse “lobakanyana lo lonnye thata,”+ mme “yo o tlang o tla goroga mme ga a na go diega.”+
38 “Mme mosiami wa me o tla tshela ka ntlha ya tumelo,”+ mme, “fa a kata ka morago, moya wa me ga o mo itumelele.”+
39 Jaanong ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong, mme re mofuta o o nang le tumelo gore re kgone go boloka moya o tshela.+