Bahebera 13:1-25
13 A lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.+
2 Lo se ka lwa lebala go tshola baeng,+ gonne ka go dira jalo bangwe ba ne ba amogela baengele+ ba sa itse.
3 Nnang lo gopotse ba ba mo dikgoleng tsa kgolegelo+ jaaka e kete lo golegilwe le bone,+ le ba ba tshwerweng setlhogo,+ e re ka le lona ka bolona lo sa ntse lo le mo mmeleng wa senama.
4 A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala,+ gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.+
5 A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi,+ lo ntse lo kgotsofetse+ ka dilo tsa jaanong.+ Gonne o rile: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.”+
6 Gore re tle re nne le bopelokgale jo bogolo+ mme re re: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?”+
7 Gakologelwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona,+ ba ba buileng lefoko la Modimo le lona, mme e re lo akanya kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse+ tumelo ya bone.+
8 Jesu Keresete e ntse ke ene maabane le gompieno, le ka bosaengkae.+
9 Lo se ka lwa gapiwa ke dithuto tse di farologaneng le tse di sa tlwaelegang;+ gonne go molemo gore pelo e nitamisiwe ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang,+ e seng ka dilo tse di jewang,+ tse ba ba tshwaregang ka tsone ba sa sologelwang ke molemo ope.
10 Re na le sebeso se ba ba dirang tirelo e e boitshepo kwa megopeng ba se nang taolo ya go ja+ mo go sone.
11 Gonne ditoto tsa diphologolo tse moperesiti yo mogolo a isang madi a tsone mo lefelong le le boitshepo a a isetsa boleo, di jewa ka molelo ka kwa ntle ga bothibelelo.+
12 Ka gone Jesu le ene, gore a itshepise+ batho ka madi a gagwe,+ o ne a boga a le ka kwa ntle ga kgoro.+
13 Ka jalo, a re yeng kwa go ene ka kwa ntle ga bothibelelo, re sikere kgobo e a neng a e sikere,+
14 gonne fano ga re na motse o o nnelang ruri,+ mme re batla ka tlhoafalo o o tla tlang.+
15 A ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo ka ene sa pako,+ ke gore, leungo la dipounama+ tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.+
16 Mo godimo ga moo, lo se ka lwa lebala go dira molemo+ le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.+
17 Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona+ mme lo ikobe,+ gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang;+ gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.+
18 Tswelelang lo re rapelela,+ gonne re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.+
19 Mme ke lo rotloetsa segolobogolo gore lo dire seno, gore ke tle ke busediwe ka bonako+ kwa go lona.
20 Jaanong e kete Modimo wa kagiso,+ yo o tlhatlositseng modisa+ yo mogolo wa dinku mo baswing+ ka madi a kgolagano ya bosakhutleng,+ e bong Morena wa rona Jesu,
21 a ka lo tlhomelela ka selo sengwe le sengwe se se molemo gore lo dire thato ya gagwe, a dira mo go rona ka Jesu Keresete se se itumedisang thata mo ponong ya gagwe;+ a go nne le kgalalelo kwa go ene ka bosaengkae le go ya go ile.+ Amen.
22 Jaanong ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, gore lo itshokele lefoko leno la kgothatso, gonne eleruri ke kwadile lekwalo le le yang kwa go lona ka mafoko a se kae.
23 Itseng gore mokaulengwe wa rona Timotheo+ o golotswe, yo ke tla lo bonang ke na le ene fa a ka tla ka bonakonako.
24 Ntumedisetsang botlhe ba ba etelelang pele+ mo gare ga lona le baitshepi botlhe. Ba ba kwa Itali+ ba a lo dumedisa.
25 Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang+ bo nne le lona lotlhe.

