Bahebera 4:1-16

4  Jalo, e re ka tsholofetso e santse e le teng ya go tsena mo boikhutsong jwa gagwe,+ a re boifeng gore ka nako nngwe mongwe wa lona o ka bonala a e tlhaetse.+  Gonne le rona re boleletswe dikgang tse di molemo,+ fela jaaka le bone ba ne ba di boleletswe;+ mme lefoko le le neng la utlwiwa le ne la se ka la ba tswela mosola,+ ka gonne ba ne ba sa kopanngwa ke tumelo+ le ba ba neng ba utlwa.+  Gonne rona ba re supileng tumelo re tsena mo boikhutsong jono, fela jaaka a rile: “Jalo ke ne ka ikana+ mo bogaleng jwa me ka re, ‘Ga ba na go tsena+ mo boikhutsong+ jwa me,’” le mororo ditiro tsa gagwe di ne tsa wediwa+ go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.+  Gonne golo gongwe o buile jaana kaga letsatsi la bosupa: “Mme Modimo o ne a ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo ditirong+ tsotlhe tsa gagwe,”  mme gape fano a re: “Ga ba na go tsena mo boikhutsong jwa me.”+  Jalo, e re ka bangwe ba santse ba na le go tsena mo go jone, le ba ba neng ba bolelelwa dikgang+ tse di molemo pele ba ne ba se ka ba tsena ka ntlha ya botlhokakutlo,+  o tshwaya gape letsatsi lengwe morago ga nako e telele jaana mo pesalemeng ya ga Dafide ka go re “Gompieno”; fela jaaka go builwe fa godimo: “Gompieno fa lo reetsa lentswe la gagwe,+ lo se ka lwa kgwaralatsa dipelo+ tsa lona.”  Gonne fa Joshua+ a ne a ba isitse mo lefelong la boikhutso, Modimo a ka bo a se kile morago ga moo a bua+ ka letsatsi le lengwe.  Jalo go sa ntse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo.+ 10  Gonne motho yo o tseneng mo boikhutsong+ jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe,+ fela jaaka Modimo a ne a ikhutsa mo go tsa gagwe. 11  Jalo a re direng bojotlhe jwa rona gore re tsene mo boikhutsong joo, e se re kgotsa ope a wela mo go one mokgwa oo wa botlhokakutlo.+ 12  Gonne lefoko+ la Modimo le a tshela+ e bile le naya maatla+ mme le bogale thata go gaisa tšhaka+ epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya+ le maikutlo,+ le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.+ 13  Mme ga go na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong+ ya gagwe, mme dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang+ mo go ene. 14  Jalo, ka re bona gore re na le moperesiti yo mogolo yo o raletseng magodimo,+ e bong Jesu Morwa Modimo,+ a re tshwareleleng go bolela ga rona fa re dumela mo go ene.+ 15  Gonne yo re nang le ene e le moperesiti yo mogolo, ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko+ ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.+ 16  Jalo, a re atameleng+ kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya go bua+, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako+ e e tshwanetseng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase