Bahebera 3:1-19

3  Ka gone, bakaulengwe ba ba boitshepo, ba ba nang le seabe mo pitsong+ ya selegodimo, akanyang kaga moaposetoloi+ le moperesiti yo mogolo yo re bolelang fa re dumela+ mo go ene—Jesu. 2  O ne a ikanyega+ mo go Ene yo a mo dirileng jalo, jaaka Moshe+ le ene a ne a ntse mo ntlong yotlhe ya Ene yoo+. 3  Gonne yono o kaiwa a tshwanelwa ke kgalalelo+ e e fetang ya ga Moshe, e re ka jaana ene+ yo o e agang a na le tlotlo e e fetang ya ntlo.+ 4  Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.+ 5  Mme Moshe jaaka motlhokomedi+ o ne a ikanyega mo ntlong yotlhe ya Ene yoo e le tshupo ya dilo tse di neng di tshwanetse go buiwa morago ga moo,+ 6  mme Keresete ene o ne a ikanyega jaaka Morwa+ mo ntlong ya Ene yoo. Ke rona ntlo ya Ene yoo,+ fa re ngangatlela kgololesego ya rona ya go bua le go ipelafatsa ga rona ka ntlha ya tsholofelo ka nitamo go ya bokhutlong.+ 7  Ka lebaka leno, fela jaaka moya o o boitshepo+ o re: “Gompieno fa lo reetsa lentswe la gagwe,+ 8  lo se ka lwa kgwaralatsa dipelo tsa lona jaaka mo lobakeng lwa go baka kgalefo e e botlhoko,+ jaaka mo letsatsing la go baka teko+ kwa nageng,+ 9  e mo go yone borraalonamogologolwane ba neng ba nteka, mme le fa go ntse jalo ba ne ba bone ditiro tsa me+ ka dingwaga di le masome a manè.+ 10  Ka lebaka leno ke ne ka ferosiwa sebete ke kokomana eno ka ba ka re, ‘Ka metlha ba a fapoga mo dipelong tsa bone,+ mme bone ka bobone ga ba ise ba itse ditsela tsa me.’+ 11  Jalo ke ne ka ikana mo bogaleng jwa me ka re, ‘Ruri ga ba na go tsena+ mo boikhutsong+ jwa me.’” 12  Elang tlhoko bakaulengwe, gore ope wa lona a se ka a nna le pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo yo o tshelang;+ 13  mme nnang lo rotloetsane+ letsatsi lengwe le lengwe, fa fela go sa ntse go ka bidiwa “Gompieno,”+ e se re kgotsa mongwe wa lona a kgwaraladiwa ke maatla a a tsietsang+ a boleo. 14  Gonne tota re nna ba ba nang le seabe mo go Keresete+ fa fela re ngangatlela tshepo e re neng re na le yone kwa tshimologong ka nitamo go ya bokhutlong,+ 15  fa go ntse go twe: “Gompieno fa lo reetsa lentswe la gagwe,+ lo se ka lwa kgwaralatsa dipelo tsa lona jaaka mo lobakeng lwa go baka kgalefo e e botlhoko.”+ 16  Gonne ke bomang ba ba neng ba utlwa mme le fa go ntse jalo ba tsosa kgalefo e e botlhoko?+ Tota e bile, a botlhe ba ba neng ba tswa mo Egepeto ba le tlase ga Moshe+ ba ne ba se ka ba dira jalo? 17  Mo godimo ga moo, ke bomang ba Modimo a neng a ferosiwa sebete ke bone dingwaga di le masome a manè?+ A e ne e se ba ba neng ba leofa, ba ditopo tsa bone di neng tsa wela mo nageng?+ 18  Mme ke bomang ba a neng a ba ikanela+ gore ruri ga ba na go tsena mo boikhutsong jwa gagwe fa e se ba ba neng ba dira ka go tlhoka kutlo?+ 19  Jalo re a bona gore ba ne ba se ka ba kgona go tsena ka ntlha ya go tlhoka tumelo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase