NNANG LO DISITSE!
Bakeresete ba Tshwanetse go Itshwara Jang?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
Batho ba le bantsi gompieno ba ititaya sehuba ka gore ke Bakeresete mme gone ba sa tshware batho sentle. Bangwe ba ikakanyetsa ba le bosi, ga ba ikanyege kgotsa ga ba pelotlhomogi. Bangwe bone ga ba ikanyege mo manyalong a bone. Boitshwaro jono jwa bone bo dira gore batho bangwe ba ipotse go re: ‘Tota Bakeresete ba tshwanetse go itshwara jang?’
Go kaya eng go nna Mokeresete
Go motlhofo gore motho a re: “Ke Mokeresete.” Mme gone, ga go a lekana go bua fela o re o Mokeresete. Go ya ka Baebele Mokeresete ke motho yo e leng morutwa wa ga Jesu Keresete. (Ditiro 11:26) Jesu o ile a re: “Fa lo ikobela mafoko a me ka metlha, ruri lo barutwa ba me.” (Johane 8:31) Ke Boammaruri gore ga go na ope yo o ka kgonang go ikobela mafoko a ga Jesu ka botlalo. Le fa go ntse jalo, Mokeresete o tshwanetse go leka ka natla go latela dithuto tsa ga Jesu le go tshela go dumalana le tsone. A re bone dikai dingwe.
Bakeresete ba a ratana
Se Jesu a ileng a se bua: “Ke lo naya taelo e ntšha ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, le lona lo tshwanetse go ratana. Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.”—Johane 13:34, 35.
Se Jesu a ileng a se dira: Jesu o ne a rata batho botlhe go sa kgathalesege gore ba tswa kae, ba na le madi kgotsa gore ke ba maemo afe. O ne a fodisa ba ba lwalang, a fepa ba ba tshwereng ke tlala e bile o ile a swela batho.—Mathaio 14:14-21; 20:28.
Kafa Bakeresete ba itshwarang ka gone: Bakeresete ba bontsha lorato ka go abela ba bangwe, go sa ba kgetholole le go ba itshwarela. Ba thusa ba ba tlhokang thuso e bile ba ikemiseditse go ntsha dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa gore ba thuse ba bangwe.—1 Johane 3:16.
Bakeresete ba a ikanyega
Se Jesu a ileng a se bua: “Ke nna . . . boammaaruri.”—Johane 14:6.
Se Jesu a ileng a se dira: Jesu o ne a bontsha boikanyegi ka se a se buang le se a se dirang. O ne a sa tsietse batho. Jesu o ne a itsege ka go ikanyega e bile o ne a ikanyega tota le fa batho ba ne ba le kgatlhanong le ene.—Mathaio 22:16; 26:63-67.
Kafa Bakeresete ba itshwarang ka gone: Bakeresete ba a ikanyega. Ba duela lekgetho, ga ba utswe, ba a ikanyega kwa tirong e bile dira ka natla. (Baroma 13:5-7; Baefeso 4:28) Ga ba tsietse ba bangwe, ga ba kopise fa ba kwala diteko e bile ga ba bue maaka mo makwalong a go kopa tiro kgotsa di-CV.—Bahebera 13:18.
Bakeresete ba pelotlhomogi
Se Jesu a ileng a se bua: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, ka gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso, mme lo tla lapologelwa. Gonne jokwe ya me e motlhofo le morwalo wa me ga o bokete.”—Mathaio 11:28-30.
Se Jesu a ileng a se dira: Jesu o ne a le pelotlhomogi e bile batho ba ne ba sa mo tshabe. O ne a rata bana, a gomotsa ba ba nang le mathata e bile a tlotla batho.—Mareko 10:13-15; Luke 9:11.
Kafa Bakeresete ba itshwarang ka gone: Bakeresete ba bua sentle le batho e bile ga ba ba sotle ka mafoko. (Baefeso 4:29, 31, 32) Ba kgathalela batho e bile ba batla go ba thusa.—Bagalatia 6:10.
Bakeresete ba a ikanyega mo manyalong
Se Jesu a ileng a se bua: “Se Modimo a se kopantseng, a motho ope a se ka a se kgaoganya.”—Mareko 10:9.
Se Jesu a ileng a se dira: Le fa gone Jesu a ne a sa nyala, o ne a kgothaletsa banyalani gore ba ikanyege. (Mathaio 19:9) O ile a tlhagisa banyalani ka dilo tse di ka thubang lenyalo.—Mathaio 5:28.
Kafa Bakeresete ba itshwarang ka gone: Bakeresete ga ba dire dilo tse di ka digang manyalo a bone seriti. (Bahebera 13:4) Banyalani ba a ratana e bile ba a tlotlana.—Baefeso 5:28, 33.