Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

4 Re Tshwanetse go Rapelela Eng?

4 Re Tshwanetse go Rapelela Eng?

E BIDIWA thapelo e e boaboelediwang go di gaisa tsotlhe tse di rapelwang ke Bakeresete. E ka ne seo se le boammaaruri kgotsa nnyaa, batho ba le bantsi ga ba tlhaloganye thapelo ya ga Jesu ya sekao, e ka dinako tse dingwe e bidiwang Thapelo ya Morena kgotsa Rraetsho. Batho ba le bantsi ba boaboeletsa mafoko a yone letsatsi le letsatsi, gongwe ba dira jalo gantsi ka letsatsi. Mme gone, boikaelelo jwa ga Jesu e ne e se gore thapelo eo e rapelwe jalo. Re itse jang?

Pele Jesu a bua thapelo eno, o ne a re: “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe.” (Mathaio 6:7) Go tswa foo, a Jesu o ne a ikganetsa ka go bua mafoko a batho ba neng ba tshwanetse go a tshwara ka tlhogo le go a boaboeletsa? Nnyaa le e seng! Go na le moo, Jesu o ne a re ruta se re ka se rapelelang e bile o ne a re bontsha dilo tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go akanya ka tsone fa re rapela. Mma re sekaseke se a neng a se bua. Thapelo eo e mo go Mathaio 6:9-13.

“Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.”

Ka go rialo, Jesu o ne a gopotsa balatedi ba gagwe gore batho botlhe ba tshwanetse go rapela Rraagwe e bong Jehofa. Le fa go ntse jalo, a o itse gore ke ka ntlha yang fa leina la Modimo le le botlhokwa jaana e bile le tshwanetse go itshepisiwa?

Fela fa batho ba sena go bopiwa, leina le le boitshepo la Modimo le ne la senngwa. Mmaba wa Modimo e bong Satane o ne a re Jehofa ke moaki, Mmusi yo o pelotshetlha yo o se nang tshwanelo ya go laola popo ya Gagwe. (Genesise 3:1-6) Batho ba le bantsi ba ile ba dumalana le Satane, mme ba ruta gore Modimo ga a amege ka batho, o setlhogo e bile o rata go utlwisa batho botlhoko kgotsa ba latola gore ke Mmopi. Ba bangwe ba ne ba tlhasela leina la gagwe, ba tlosa leina Jehofa mo dithanolong tsa Baebele e bile ba thibela batho go le dirisa.

Baebele e bontsha gore Modimo o tla baakanya tshiamololo eno yotlhe. (Esekiele 39:7) Ka go dira jalo, o tla go naya dilo tsotlhe tse o di tlhokang le go rarabolola mathata otlhe a gago. O tla dira seo jang? Mafoko a a latelang a thapelo ya ga Jesu a na le karabo.

“A bogosi jwa gago bo tle.”

Gompieno, barutisi ba bodumedi ga ba tlhaloganye gore Bogosi jwa Modimo ke eng. Mme jaaka batho ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba itse, baporofeti ba Modimo ba ne ba sa bolo go bolelela pele ka Mesia, Mmoloki yo o tlhophilweng ke Modimo yo o tla busang mo Bogosing jo bo tla fetolang lefatshe. (Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44) Bo tla itshepisa leina la Modimo ka go senola maaka a ga Satane le go senya Satane le ditiro tsa gagwe tsotlhe. Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa dintwa, bolwetse, leuba—tota le loso. (Pesalema 46:9; 72:12-16; Isaia 25:8; 33:24) Fa o rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle, o rapelela gore ditsholofetso tseno tsotlhe di diragadiwe.

“A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”

Mafoko a ga Jesu a bontsha gore ruri thato ya Modimo e tla dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong, kwa Modimo a nnang gone. Thato ya Modimo e direga kwa legodimong ka bosakhutleng, e leng kwa Morwa Modimo a neng a lwa le Satane mmogo le balatedi ba gagwe gone, a ba latlhela mo lefatsheng. (Tshenolo 12:9-12) Kopo eno ya boraro mo thapelong ya sekao, fela jaaka tse pedi tsa ntlha, e re thusa go tlhoma mogopolo mo selong sa botlhokwa thata—e seng go dira go rata ga rona mme go dira thato ya Modimo. Ka metlha thato ya gagwe ke yone e e direlang popo yotlhe dilo tse dintsi tse di molemo. Ka jalo, tota le monna yo o itekanetseng e bong Jesu o ne a raya Rraagwe a re: “A go diragale thato ya gago, e seng ya me.”—Luke 22:42.

“Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno.”

Gape, Jesu o ne a bontsha gore re ka rapelela le dilo tse re di tlhokang. Ga go sepe se se phoso ka go rapelela dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi. Tota e bile, go dira jalo go re gopotsa gore Jehofa ke ene yo o ‘nayang batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.’ (Ditiro 17:25) Baebele e re senolela gore ke motsadi yo o lorato yo o itumelelang go naya bana ba gagwe se ba se tlhokang. Le fa go ntse jalo, fela jaaka motsadi yo o molemo, ga a ka ke a ba naya dilo tse di ka se ba solegeleng molemo.

“O re itshwarele melato ya rona.”

A ruri go na le molato o o o diretseng Modimo? A o tlhoka gore a go itshwarele? Batho ba le bantsi gompieno ga ba tlhole ba tlhaloganya gore boleo ke eng le gore bo masisi go le kana kang. Mme gone, Baebele e ruta gore boleo ke jone jo bo dirileng gore re wele mo mathateng a magolo jaana e bile ke jone jo bo bakileng loso. E re ka re tsholetswe mo boleong, gangwe le gape rotlhe re a leofa mme re ka bona botshelo jo bo sa khutleng fela fa Modimo a re itshwarela. (Baroma 3:23; 5:12; 6:23) Go a kgothatsa go utlwa Baebele e re: “Wena, Jehofa, o molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela.”—Pesalema 86:5.

“O re golole mo go yo o boikepo.”

A o lemoga kafa go potlakileng thata ka gone gore Modimo a go sireletse? Batho ba le bantsi ga ba rate go dumela gore “yo o boikepo” e bong Satane o teng. Mme gone, Jesu o ne a ruta gore Satane ke motho wa mmatota e bile o ne a re ke “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31; 16:11) Satane o sentse lefatshe leno le a le laolang, mme o iketleeleditse go dira gore o tlole molao wa Modimo, gore o se ka wa nna le kamano e e molemo le Rraago e bong Jehofa. (1 Petere 5:8) Le fa go ntse jalo, Jehofa o na le maatla a a fetang a ga Satane e bile o itumelela go sireletsa batho ba ba mo ratang.

Tshobokanyo eno ya dintlha tsa konokono tsa thapelo ya ga Jesu ya sekao ga e tlhalose sengwe le sengwe se re ka se rapelelang. Gakologelwa se 1 Johane 5:14 e re bolelelang sone ka Modimo: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” Ka jalo o se ka wa akanya gore mathata a gago ga se a sepe gore o ka a bolelela Modimo.—1 Petere 5:7.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka nako le lefelo? A go botlhokwa gore re rapela leng le gore re rapela re le kwa kae?