Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Ke eng fa buka ya Baebele ya 1 Bakorintha e bua ka nama e e ntsheditsweng medingwana?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se se rekisiwang mo marekisetsong a nama nnang lo se je, lo sa botse sepe ka ntlha ya segakolodi sa lona.” (1 Bakorintha 10:25) Nama eo e ne e tswa kae?

Go ntsha ditlhabelo tsa diphologolo e ne e le moetlo wa botlhokwa o o neng o dirwa mo ditempeleng tsa Baroma le Bagerika, le fa go ntse jalo go ne go sa jewe nama yotlhe ya ditlhabelo fa go dirwa moetlo oo. Nama e e neng e sala kwa ditempeleng tsa baheitane e ne e rekisiwa kwa marekisetsong. Buka ya Idol Meat in Corinth ya re: “Batsamaisi ba mediro ya bodumedi . . . ka dinako dingwe ba bidiwa baapei le/kgotsa barekisi ba nama. Nama e ba neng ba duelwa ka yone ka gonne ba bolaile diphologolo, ba ne ba e rekisa kwa marekisetsong.”

Ka jalo, ga se nama yotlhe e e neng e rekisiwa kwa marekisetsong e e neng e tswa kwa meetlong ya bodumedi. Fa go ne go ribololwa marekisetso a nama a ga Pompeii (a ka Selatine a bidiwang macellum) go ne ga fitlhelwa marapo a a feletseng a dinku. Mokanoki mongwe yo o bidiwang Henry J. Cadbury a re, seno se raya gore “nama eo e ka tswa e ne e le ya diphologolo tse di rekisitsweng di ise di tlhabiwe kgotsa di tlhabilwe kwa macellum le e e neng e rekisitswe e tlhabilwe kgotsa e ntshitswe setlhabelo kwa tempeleng.”

Paulo o ne a raya gore le fa Bakeresete ba ne ba ka se nne le seabe mo kobamelong ya boheitane, lebaka la go bo nama ya phologolo e ne e ntshitswe setlhabelo kwa tempeleng le ne le sa reye gore e ne e itshekologile.

Ke ka ntlha yang fa go ne go na le kgotlhang magareng ga Bajuda le Basamarea mo motlheng wa ga Jesu?

Johane 4:9 ya re “Bajuda ga ba dirisane le Basamarea.” Go lebega kgotlhang e ne ya simolola fa Jeroboame a ne a tlhoma kobamelo ya medingwana kwa bogosing jwa ditso di le lesome tsa kwa bokone jwa Iseraele. (1 Dikgosi 12:26-30) Basamarea ba ne ba tswa kwa Samarea, motsemogolo wa bogosi jwa kwa bokone. Fa Baasiria ba sena go fenya ditso tseno tse di lesome ka 740 B.C.E., ba ne ba dira gore batswakwa ba baheitane ba nne kwa Samarea. Go bonala sentle gore go nyalana le batswakwa go ne ga dira gore kobamelo ya Basamarea e kgotlelwe le go feta.

Makgolo a dingwaga moragonyana, Basamarea ba ne ba ganetsa Bajuda ba ba neng ba tswa kwa botshwaro kwa Babelona fa ba ne ba leka go aga tempele ya ga Jehofa sesha le dipota tsa Jerusalema. (Esera 4:1-23; Nehemia 4:1-8) Kgotlhang ya bodumedi e ne ya gakala fa Basamarea ba ne ba ikagela tempele ya bone kwa Thabeng ya Gerisima, gongwe e le ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E.

Mo motlheng wa ga Jesu, lefoko “Mosamarea” le ne le kaya thata bodumedi jwa motho e seng lefelo le a nnang mo go lone e bile le ne le kaya molatedi wa lekoko le le neng le gola kwa Samarea. Basamarea ba ne ba sa ntse ba obamela kwa Thabeng ya Gerisima mme Bajuda ba ne ba ba nyatsa e bile ba sa ba tlotle.—Johane 4:20-22; 8:48.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Sejana sa letsopa se se tshwantshitsweng batho ba ntsha setlhabelo sa phologolo, mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée du Louvre, Paris

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jeroboame o ne a tlhoma kobamelo ya medingwana