Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Sefela sa Difela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Sefela sa Difela

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Sefela sa Difela

“JAAKA sethunya sa lesoma fa gare ga mefero e e mitlwa, molekane wa me wa mosetsana o ntse jalo fa gare ga barweetsana.” “Jaaka setlhare sa diapole fa gare ga ditlhare tsa sekgwa, moratiwa wa me o ntse jalo fa gare ga bana ba basimane.” “Ke mang mosadi yono yo o lebileng kwa tlase jaaka bosa, yo montle jaaka ngwedi yo o tletseng, yo o itshekileng jaaka letsatsi le le phatsimang?” (Sefela sa Difela 2:2, 3; 6:10) A bo ditemana tseno tse di tswang mo bukeng ya Baebele ya Sefela sa Difela di le molemo jang ne! Buka eno yotlhe ke leboko le le nang le bokao le bontle jo bogolo mo le bidiwang pina e e monate go di gaisa tsotlhe.—Sefela sa Difela 1:1.

Pina eno e e tlhamilweng ke Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo mo e ka nnang ka 1020 B.C.E., mo masimologong a puso ya gagwe ya dingwaga tse 40, ke kgang ya lorato ka ga mosimane wa modisa le mosetsana wa kwa magaeng, Moshulame. Ba bangwe gape ba ba umakwang mo lebokong leno ke mmaagwe mosetsana le bokgaitsadie mosetsana, “bomorwadia Jerusalema [basadi ba kwa lelapeng la kgosi],” le “bomorwadia Siona [basadi ba kwa Jerusalema].” (Sefela sa Difela 1:5; 3:11) Ga go motlhofo gore motho yo o balang Baebele a itse gore batho botlhe ba ba buang mo bukeng ya Sefela sa Difela ke bomang, mme gone a ka kgona go ba lemoga ka se ba se buang kgotsa se ba se bolelelwang.

E re ka molaetsa wa Sefela sa Difela e le karolo ya Lefoko la Modimo, o botlhokwa thata ka mabaka a mabedi. (Bahebera 4:12) Sa ntlha, o re ruta gore lorato lwa boammaaruri fa gare ga monna le mosadi ke eng. Sa bobedi, pina eno e bontsha mofuta wa lorato o o leng teng fa gare ga ga Jesu Keresete le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng.—2 Bakorintha 11:2; Baefeso 5:25-31.

“LO SE KA LWA LEKA GO TSOSA LORATO MO GO NNA”

(Sefela sa Difela 1:1–3:5)

“A a nkatle ka dikatlo tsa molomo wa gagwe, gonne dipontsho tsa gago tsa lorato di botoka go na le beine.” (Sefela sa Difela 1:2) Puisano ya Sefela sa Difela e simolola ka mafoko ao a mosetsana wa maemo a a kwa tlase wa kwa magaeng yo o tlisiwang mo mogopeng wa segosi wa ga Solomone. O fitlhile jang foo?

A re: “Bomorwa mmè ba ne ba nkgalefela; ba ne ba ntlhoma gore ke nne motlhokomedi wa masimo a mofine.” Bokgaitsadie ba mo galefetse ka gonne o kopilwe ke mosimane wa modisa yo a mo ratang gore a tsamaye le ene ka letsatsi le lentle la dikgakologo. E le gore ba thibele mosetsana go tsamaya, ba mo romile gore a dise “bophokoje ba bannye ba ba senyang masimo a mofine.” Tiro eno e dira gore a tsamaele gaufi le bothibelelo jwa ga Solomone. Go lemogwa kafa a leng montle ka teng fa a “fologetse kwa tshingwaneng ya ditlhare tsa morama,” a bo a tlisiwa mo bothibelelong.—Sefela sa Difela 1:6; 2:10-15; 6:11.

Fa mosetsana a bolela gore o tlhoafaletse moratiwa wa gagwe wa modisa, basadi ba kwa lelapeng la kgosi ba mo raya ba re a ‘tswe a tsamaye mo motlhaleng wa letsomane’ a mmatle. Mme Solomone ga a mo letle gore a tsamaye. O mmolelela kafa a ratang bontle jwa gagwe ka teng, a bo a mo solofetsa “mefitshane ya gouta, e na le ditalama tsa selefera.” Le fa go ntse jalo, mosetsana ene ga a kgatlhege. Mosimane wa modisa o mo fitlhela mo bothibelelong jwa ga Solomone a bo a re: “Bona! O montle, wena molekane wa me wa mosetsana. Bona! O montle.” Mosetsana yono o ikanisa basadi ba kwa lelapeng la kgosi a re: “Lo se ka lwa leka go tsosa lorato mo go nna kgotsa go lo kurusa go fitlha lone lo tsoga.”—Sefela sa Difela 1:8-11, 15; 2:7; 3:5.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:2, 3—Ke ka ntlha yang fa go gopola dipontsho tsa lorato tsa mosimane wa modisa go tshwana le beine le leina la gagwe le tshwana le leokwane? Fela jaaka beine e ipedisa pelo ya motho le go tshela leokwane mo tlhogong go lapolosa, go gopola lorato lwa mosimane yono le leina la gagwe go ne go nonotsha morweetsana le go mo gomotsa. (Pesalema 23:5; 104:15) Bakeresete ba boammaaruri, bogolo jang batlodiwa, le bone ba nonotshiwa le go kgothadiwa ke go akanya ka lorato lo Jesu Keresete a lo ba bontshitseng.

1:5—Ke ka ntlha yang fa mosetsana wa kwa magaeng a tshwantsha go nna motshwana ga gagwe le “megope ya Kedare”? Maodi a podi, fa a dirilwe letsela, a ne a dirisediwa dilo tse dintsi. (Dipalo 31:20) Ka sekai, “matsela a maodi a podi” a ne a dirisiwa go dira “mogope o o mo godimo ga motlaagana.” (Ekesodo 26:7) Fela jaaka megope ya Ba-Bedouin e ntse le gompieno, megope ya Kedare e ka tswa e ne e dirilwe ka maodi a mantsho a dipodi.

1:15—Mosimane wa modisa o raya goreng fa a re: “Matlho a gago ke a maeba”? Mosimane wa modisa o bolela gore matlho a molekane wa gagwe wa mosetsana a lebega bonolo, fela jaaka a maeba.

2:7; 3:5—Ke ka ntlha yang fa basadi ba kwa lelapeng la kgosi ba ikanisiwa “ka ditshephe tse di namagadi kgotsa ka dikgama tse di tonanyana tsa naga”? Ditshephe le dikgama di itsege ka go tsamaya ka matsetseleko le ka bontle jwa tsone. Tota mosetsana wa Moshulame o ikanisa basadi ba kwa lelapeng la kgosi ka sengwe le sengwe se se nang le matsetseleko le bontle gore ba se ka ba leka go kurusa lorato lwa gagwe.

Se re Ithutang Sone:

1:2; 2:6. Go siame gore batho ba ba ratanang ba dirise dipontsho tse di phepa tsa lorato. Le fa go ntse jalo, batho bano ba babedi ba tshwanetse ba nna kelotlhoko gore ke dipontsho tsa lorato lwa mmatota e seng phisego e e seng phepa e e ka felelang ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Bagalatia 5:19.

1:6; 2:10-15. Bokgaitsadie Moshulame ba ne ba sa letle kgaitsadiabone gore ene le moratiwa wa gagwe ba itlhaole mo bathong ka go tsamaela kwa dithabeng, mme e ne e se ka gonne a se maitsholo mantle, kgotsa a se na maitlhomo a a siameng. Go na le moo, ba ne ba tsaya kgato e e mo thibelang gore a se ka a nna mo seemong se se ka mo gogelang mo thaelong. Seno se ruta batho ba ba ratanang gore ba tile go itlhaola mo bathong.

2:1-3, 8, 9Le fa mosetsana wa Moshulame a ne a le montle, ene o ne a iteba ka boikokobetso a tshwana le “saferone fela ya [sethunya se se tlwaelegileng sa] lebala le le fa losing.” E re ka a ne a le montle e bile a ikanyega mo go Jehofa, mosimane wa modisa o ne a mo tsaya a tshwana le “sethunya sa lesoma fa gare ga mefero e e mitlwa.” Mme mosimane ene a ka tlhalosiwa jang? Mosetsana o ne a bona a tshwana le “tshephe” ka gonne o ne a le montle. Gape o tshwanetse a bo a ne a rata Modimo e bile a ineetse mo go ene. Mosetsana a re: “Jaaka setlhare sa diapole [se se nang le moriti le maungo] fa gare ga ditlhare tsa sekgwa, moratiwa wa me o ntse jalo fa gare ga bana ba basimane.” A tumelo le boineelo mo Modimong ga se dinonofo tse di molemo tse re ka di batlang mo mothong yo e ka nnang molekane wa lenyalo?

2:7; 3:5. Mosetsana wa kwa magaeng o ne a sa ikutlwe a kgatlhegela Solomone. O ne a ba a ikanisa basadi ba kwa lelapeng la kgosi gore ba se ka ba leka go kurusa lorato lwa gagwe gore a rate ope fa e se mosimane wa modisa. Ga go kgonege e bile ga go a tshwanela gore o ka nna le maikutlo a lorato ka mongwe le mongwe fela. Mokeresete yo o batlang go nyala o tshwanetse a akanyetsa fela motho yo e leng motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa.—1 Bakorintha 7:39.

“KE ENG SE LO SE BONANG MO GO MOSHULAME?”

(Sefela sa Difela 3:6–8:4)

Go na le sengwe “se se tlang se tswa kwa nageng jaaka dithogomosi tsa mosi.” (Sefela sa Difela 3:6) Basadi ba Jerusalema ba bona eng fa ba tswa ba ya go leba? Ee, Solomone le batlhanka ba gagwe ba boela mo motseng! Mme kgosi e tlile le morweetsana wa Moshulame.

Mosimane wa modisa o ntse a setse morweetsana morago mme jaanong o nna le sebaka sa go mmona. Fa mosimane a mo tlhomamisetsa lorato lwa gagwe, mosetsana ene o bolela gore o eletsa go tswa mo motseng, a re: “Go fitlha phešwana ya letsatsi e foka le meriti e tshabile, ke tla ya kwa thabeng ya mera le kwa thoteng ya lebano.” O laletsa modisa gore a “tle mo tshingwaneng ya gagwe [mosimane] mme a je maungo a yone a boleng jo bo kwa godimo.” Mosimane o araba a re: “Ke tlile mo tshingwaneng ya me, wena kgaitsadiaka, monyadiwa wa me.” Basadi ba Jerusalema ba ba raya ba re: ‘Jang, lona balekane! Nwang mme lo tagwe ke dipontsho tsa lorato!’—Sefela sa Difela 4:6, 16; 5:1.

Fa mosetsana wa Moshulame a sena go anela basadi ba kwa lelapeng la kgosi toro, o ba raya a re: “Ke bobodisiwa ke lorato.” Ba mmotsa ba re: “Moratiwa wa gago o gaisa jang moratiwa ope yo mongwe?” O ba araba a re: “Moratiwa wa me o a tsabakela e bile o mohibidu, o tlhomologile thata mo go ba le dikete di le lesome.” (Sefela sa Difela 5:2-10) Fa Solomone a mmaka ka mainamafatshwa, o araba jaana ka boikokobetso: “Ke eng se lo se bonang mo go Moshulame?” (Sefela sa Difela 6:4-13) E re ka kgosi e tsaya gore seno ke sebaka sa gore e mo gape maikutlo, e tswelela pele go mmaka. Le fa go ntse jalo, mosetsana o ema a nitame mo loratong lwa gagwe mo mosimaneng wa modisa. Kgabagare Solomone o mo letla gore a ye gae.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

4:1; 6:5—Ke ka ntlha yang fa moriri wa mosetsana o tshwantshiwa le “motlhape wa dipodi”? Papiso eno e bontsha gore moriri wa gagwe o ne o phatsima e bile o le mogolo jaaka maodi a mantsho a dipodi.

4:11—Ke eng se se supiwang ke go bo ‘dipounama tsa Moshulame di ne di rotha tswina ya dinotshe ya lomepe’ mme ‘tswina ya dinotshe le mashi di le kafa tlase ga loleme lwa gagwe’? Tswina ya dinotshe ya lomepe e monate e bile e botshe go feta tswina e e ntseng e le kwa ntle. Papiso eno, mmogo le ntlha ya gore tswina ya dinotshe le mashi di ne di le kafa tlase ga loleme lwa morweetsana, e bontsha gore mafoko a a neng a buiwa ke Moshulame a ne a le molemo e bile a le monate.

5:12—Polelwana e e reng “matlho a gagwe a tshwana le maeba a a fa meeding ya metsi, a a itlhapisang mo mashing” e kaya eng? Morweetsana o bua ka matlho a mantle a moratiwa wa gagwe. Gongwe o dirisa poko go tlhalosa thaka e ntsho ya leitlho e e dikologilweng ke bosweu jwa matlho a gagwe a e tshwantsha le maeba a mabududu a tlhapa mo mashing.

5:14, 15—Ke ka ntlha yang fa diatla le maoto a modisa a tlhalosiwa jaana? Go lebega morweetsana a bitsa menwana ya modisa a re ke diselennere tsa gouta mme dinala a re ke kerusolete. O tshwantsha maoto a gagwe le “dipilara tsa mmabole” ka gonne a nonofile e bile a le mantle.

6:4, ntlha e e kwa tlase go NW—A “Motse o Montle” o lebisitse go Jerusalema? Nnyaa. “Motse o Montle” ke “Tiresa.” Motse ono wa Kanana o ne wa gapiwa ke Joshua mme morago ga motlha wa ga Solomone ya nna one motsemogolo wa ntlha mo bogosing jwa ditso tse di lesome tsa bokone jwa Iseraele. (Joshua 12:7, 24; 1 Dikgosi 16:5, 6, 8, 15) Buka nngwe ya re: “Go lebega motse ono e ne e le motse o montle tota, mme leno e ka tswa e le lone lebaka la gore o umakwe fano.”

6:13, ntlha e e kwa tlase go NW—“Go bina ga mathibelelo a mabedi” ke eng? Polelwana eno gape e ka ranolwa go twe “go bina ga kwa Mahanaime.” Motse wa leina leo o ne o le kafa botlhaba jwa Noka ya Joredane gaufi le mokgatšha o o phothoselang wa Jaboke. (Genesise 32:2, 22; 2 Samuele 2:29) “Go bina ga mathibelelo a mabedi” go ka tswa go lebisitse go mofuta mongwe wa go bina mo go dirwang kwa motseng oo fa go na le mokete.

7:4—Ke ka ntlha yang fa Solomone a tshwantsha molala wa morweetsana wa Moshulame le “tora ya lonaka lwa tlou”? E ne e rile pelenyana ga moo morweetsana a akgolwa jaana: “Molala wa gago o tshwana le tora ya ga Dafide.” (Sefela sa Difela 4:4) Tora e telele e bile e tshesane, mme lonaka lwa tlou lo borethe. Solomone o kgatlhiwa ke bosesane le borethe jwa molala wa mosetsana yono.

Se re Ithutang Sone:

4:7. Le fa Moshulame a ne a sa itekanela, o ile a itshupa a nitame mo boitsholong ka go gana go okiwa ke Solomone. Ka jalo maitsholo a gagwe a a nitameng a ne a mo dira montle le go feta. Go tshwanetse ga nna jalo le ka basadi ba Bakeresete.

4:12. Fela jaaka tshingwana e ntle e e ageletsweng ka legora kgotsa ka lebota, e e ka tsenwang fela ka kgoro e e lotlelwang, morweetsana wa Moshulame o ne a bontsha maikutlo a lorato lwa gagwe lo lo bonolo mo mothong yo a tla nyalanang le ene fela. A bo e le sekao se se molemo jang ne mo banneng le mo basading ba Bakeresete ba ba iseng ba nyale kgotsa ba nyalwe!

“KGABO YA GA JAH”

(Sefela sa Difela 8:5-14)

Bokgaitsadie Moshulame ba botsa jaana fa ba mmona a boela gae: “Ke mang mosadi yono yo o tlang a tswa kwa nageng, a ikaegile ka moratiwa wa gagwe?” E ne e rile go le pelenyana, mongwe wa bone a re: “Fa a le lobota, re tla aga setlhoa sa selefera mo go ene; mme fa a le setswalo, re tla mo thiba ka logong lwa mosedara.” Jaanong ka gonne lorato lwa Moshulame lo lekilwe mme lwa supiwa, a re: “Ke lobota, mme mabele a me a tshwana le ditora. Ka gone, mo matlhong a gagwe ke ntse jaaka ene yo o bonang kagiso.”—Sefela sa Difela 8:5, 9, 10.

Lorato lwa boammaaruri ke “kgabo ya ga Jah.” Ka ntlha yang? Ka gonne lorato lo lo ntseng jalo lo tswa kwa go Jehofa. Ke ene a re tsentseng bokgoni jwa go bontsha lorato. Ke kgabo ya malakabe a a ka se tingweng. Sefela sa Difela se dirisa setshwantsho se sentle go bontsha gore lorato lwa monna le mosadi lo ka ‘nonofa jaaka loso.’—Sefela sa Difela 8:6.

Gape pina e e di gaisang tsotlhe ya ga Solomone e re naya lesedi ka ga kgolagano e e leng fa gare ga ga Jesu Keresete le maloko a “monyadiwa” wa gagwe yo o kwa legodimong. (Tshenolo 21:2, 9) Lorato lo Jesu a ratang Bakeresete ba ba tloditsweng ka lone lo feta lorato lope lwa monna le mosadi. Maloko a setlhopha sa monyadi a ineetse ka botlalo mo Modimong. Jesu ka lorato o ne a swela le ba “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16) Ka jalo baobamedi botlhe ba boammaaruri ba ka etsa sekao sa Moshulame sa lorato le boineelo jo bo feletseng.

[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Sefela sa Difela se re ruta go batla eng fa re senka molekane wa lenyalo?