Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago go Araba

Ruta Bana ba Gago go Araba

Ruta Bana ba Gago go Araba

PERLA wa kwa Mexico o gakologelwa gore fa a ne a sa ntse a le mosetsanyana, mmaagwe o ne a mo thusa go baakanyetsa dikarabo tse dikhutshwane tsa Thuto ya Tora ya Tebelo. Jaanong Perla o na le ngwana wa mosimane yo o nang le dingwaga tse tlhano. O mo thusa jang? “Ke baakanyetsa pele. Fa ke baakanyetsa ke batla serapa se ngwanake a ka se tlhaloganyang, se a ka kgonang go se tlhalosa ka mafoko a gagwe. Go tswa foo re tlhoma mogopolo thata mo go sone serapa seo se a se bitsang ‘serapa sa me.’ Ke mo kopa gore a se tlhalose a dirisa dikai tse di tlwaelegileng. Go tswa foo re boeletsa karabo eo makgetlho a le mmalwa. Re dirisa sengwe se se lekanang le maekerofouno gore a tle a kgone go itse gore a o tshware jang kwa thutong fa a araba. Ke itumedisiwa thata ke gore ga go na pokano e e fetang a sa araba kana a sa tsholetsa seatla. Gantsi o ya kwa motshwaring wa thuto pele ga dipokano di simolola a bo a mmolelela gore o batla go araba mo serapeng sefe.”

Jens, yo e leng mogolwane yo o direlang mo setlhopheng se se buang Se-Hindi, o na le bana ba le babedi ba basimane, yo mongwe o na le dingwaga di le pedi mme yo mongwe o na le di le nnè. Fa ene le mosadi wa gagwe ba baakanyetsa dipokano le bana ba bone, ba dirisa mokgwa o Jens a o ithutileng mo batsading ba gagwe. A re: “Re tlhopha tshedimosetso e bana ba ka e tlhaloganyang. Go tswa foo re leka go dira tshobokanyo ya se go buiwang ka sone kana dintlhakgolo tsa setlhogo seo, mme morago ga moo re ba botsa dipotso tse re batlang gore ba di arabe kwa thutong. Gantsi ba araba ka tsela e re neng re sa e lebelela ba dirisa mafoko a bone. Tsela e ba arabang ka yone ruri e bontsha gore ba a tlhaloganya. Ka ntlha ya seo dikarabo tsa bone di baka Jehofa tota e bile ka tsone ba tlhalosa tumelo ya bone.”