Sefela sa Difela 2:1-17

  • Mosetsana wa Moshulame (1)

    • “Ke saferone fela”

  • Modisa (2)

    • ‘Moratiwa wa me o tshwana le lelômô la lesoma’

  • Mosetsana wa Moshulame (3-14)

    • ‘Lo se ka lwa kurusa lorato mo go nna go fitlha lo tsoga’ (7)

    • Modisa o a nopolwa (10b-14)

      • “Montlenyane wa me, tla, a re tsamaye” (10b,13)

  • Bokgaitsadie mosetsana wa Moshulame (15)

    • “Re tshwareleng bophokoje”

  • Mosetsana wa Moshulame (16, 17)

    • “Moratiwa wa me ke wa me, mme nna ke wa gagwe” (16)

2  “Ke saferone* fela ya lebala le le fa losing lwa lewatle,Lelômô* la lesoma la mekgatšha.”+  2  “Fela jaaka lelômô la lesoma mo mmitlweng,Moratiwa wa me o ntse jalo fa gare ga basetsana.”  3  “Fela jaaka setlhare sa diapole fa gare ga ditlhare tsa sekgwa,Moratiwa wa me o ntse jalo fa gare ga bana ba basimane. Ke eletsa thata go nna mo moriting wa gagwe,E bile leungo la gagwe le botshe fa ke le ja.  4  O ne a ntlisa mo ntlong ya mokete,*E bile mongwe le mongwe o ne a bona gore o a nthata.  5  Ntapoloseng ka dikuku tsa morara* o o swabisitsweng;+Mpheng diapole,Ka gonne ke lwadiwa ke lorato.  6  Seatla sa gagwe sa molema se ka fa tlase ga tlhogo ya me,E bile seatla sa gagwe sa moja se a ntlamparela.+  7  Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema,Ka ditshephe+ le dikgama tse dinamagadi ka re: Lo se ka lwa leka go tsosa kgotsa go kurusa lorato mo go nna go fitlha lone lo tsoga.+  8  Ke utlwa moratiwa wa me a tla! Bonang! Ke yole o etla,O palama dithaba, o tlola dithota.  9  Moratiwa wa me o tshwana le tshephe, o tshwana le kgama e tonanyana e nnye.+ Ke yole, o eme ka fa morago ga lobota lwa rona,O tlhodumetse ka difensetere,O okometse ka matlhabaphefo. 10  Moratiwa wa me o a bua, o nthaya a re: ‘Ema moratiwa wa me,Montlenyane wa me, tla, a re tsamaye. 11  Mariga* a fetile. Dipula di kgaoditse, di tsamaile. 12  Malômô* a tlhogile mo nageng,+Nako ya go poma dikala e gorogile,+E bile go utlwala modumo wa leeba mo nageng ya rona.+ 13  Maungo a ntlha a setlhare sa mofeige a a butswa;+Ditlhare tsa morara di thuntse e bile di ntsha lonko lwa tsone lo lo monate. Ema moratiwa wa me mme o tle. Montlenyane wa me, tla, a re tsamaye. 14  Ao tlhe leeba la me, mo lefelong le le sireletsegileng mo lefikeng,+Mo lefelong la go itshuba mo thabeng e e kwa godimo,Mma ke go bone ke bo ke utlwe lentswe la gago,+Gonne lentswe la gago le monate e bile o montle.’”+ 15  “Re tshwareleng bophokoje,Bophokoje ba bannye ba ba senyang masimo a morara,Gonne masimo a rona a morara a thuntse.” 16  “Moratiwa wa me ke wa me, mme nna ke wa gagwe.+ O disitse letsomane+ fa go nang le malômô a masoma gone.+ 17  Go fitlha phefonyana ya letsatsi e foka* le meriti e tshaba,Boa ka bonako, wena moratiwa wa me,Jaaka tshephe+ kgotsa kgama e tonanyana e nnye+ e e mo dithabeng tse di mo gare ga rona.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “monyelenyele.”
Kgotsa “Sethunya.”
Seheb., “mo ntlong ya beine.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “Paka ya pula.”
Kgotsa “Dithunya.”
Seheb., “Go fitlha letsatsi le hema.”
Kgotsa gongwe “mo dithabeng tse di nang le mapharo.” Kgotsa “mo dithabeng tsa Bethere.”